Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 37

Se Baebele e se Buang ka Tiro le Madi

Se Baebele e se Buang ka Tiro le Madi

A o kile wa tshwenyega ka tiro kgotsa ka madi (tšhelete)? E ka nna kgwetlho go dira ka natla gore re nne le dilo tse re di tlhokang mme gape re tshwanelwa ke go obamela Jehofa. Baebele e na le kgakololo e e ka re thusang.

1. Ke eng se Baebele e se buang ka tiro?

Modimo o batla gore re itumelele tiro e re e dirang. Baebele e a re “ga go na sepe se se botoka fa e se gore motho . . . a itumelele tiro ya gagwe ya bonatla.” (Moreri 2:24) Jehofa o dira ka natla. Fa re mo etsa ka go bereka ka natla, re a mo itumedisa e bile le rona re a itumela.

Tiro e botlhokwa. Mme gone, ga re a tshwanela go e letla gore e nne botlhokwa thata go feta go obamela Jehofa. (Johane 6:27) Jehofa o re solofetsa gore fa re dira gore go mo direla e nne selo se se tlang pele mo botshelong, o tla re naya dilo tse re di tlhokang.

2. Re tshwanetse go ikutlwa jang ka madi?

Baebele e tlhalosa gore ‘madi ke tshireletso,’ mme gape e re tlhagisa gore madi a le nosi fela ga a ka ke a dira gore re itumele. (Moreri 7:12) Ke gone ka moo e re gakololang gore re se ka ra rata madi, go na le moo re ‘kgotsofalele dilo tse re nang le tsone.’ (Bala Bahebera 13:5.) Fa re kgotsofalela dilo tse re nang le tsone, ga re kitla re ngomoga pelo ka gonne re akanya gore ga re na dilo tse di lekaneng. Ga re kitla re itsenya mo dikolotong go sa tlhokege. (Diane 22:7) Re tla tila dikotsi tsa go betšha le go tsenela dithulaganyo tsa go batla go huma ka bonako.

3. Re ka dirisa madi jang ka tsela e e siameng?

Jehofa ke Modimo yo o pelotshweu, mme re etsa sekao sa gagwe ka ‘go nna pelotshweu, le go itumelela go abelana.’ (1 Timotheo 6:18) Re ka dirisa madi a rona sentle ka go thusa ka dilo tse di tlhokegang mo phuthegong le ka go thusa ba ba tlhokang thuso, segolobogolo badumedimmogo le rona. Jehofa o itumelela thata maitlhomo a rona a go aba, mme e seng gore re ntsha bokae. Fa re aba ka go rata, re tla itumela e bile re tla itumedisa Jehofa.—Bala Ditiro 20:35.

ITHUTE MO GO OKETSEGILENG

Ithute melemo ya go nna le boikutlo jo bo siameng ka tiro le ya go kgotsofala.

4. Tlotla Jehofa ka tsela e o berekang ka yone

Botsala jwa rona le Jehofa bo tshwanetse go tlhotlheletsa kafa re ikutlwang ka gone ka tiro. Tshameka BIDIO eno, lo bo lo tlotla ka dipotso tse di latelang.

  • Mo bidiong eno, ke eng se se go kgatlhang ka tsela e Kitso a ikutlwang ka yone ka tiro, le e a itshwarang ka yone fa a le kwa tirong?

  • Ke eng se a neng a se dira gore a tswelele a na le boikutlo jo bo siameng ka tiro?

Bala Bakolosa 3:23, 24, lo bo lo tlotla ka potso eno:

  • Ke eng fa tsela e re ikutlwang ka yone ka tiro e le botlhokwa?

Tiro e botlhokwa. Mme gone, ga re a tshwanela go e letla gore e nne botlhokwa thata go feta go obamela Jehofa

5. Go kgotsofala go re solegela molemo

Batho ba le bantsi ba leka go nna le madi a mantsi ka mo ba ka kgonang ka teng. Mme Baebele e re naya kgakololo e e farologaneng. Bala 1 Timotheo 6:6-8, lo bo lo tlotla ka potso eno:

  • Baebele e re kgothaletsa go dira eng?

Re ka kgona go itumela le fa re se na dilo tse dintsi. Tshameka BIDIO eno, lo bo lo tlotla ka potso e e latelang.

  • Le fa gone malapa ano a se na madi a mantsi, ke eng se se dirang gore ba itumele?

Mme go tweng fa re na le mo gontsi, re bo re sa ntse re batla mo go oketsegileng? Jesu o ne a dira setshwantsho se se bontshang gore seo se kotsi. Bala Luke 12:15-21, lo bo lo tlotla ka potso eno:

  • O ithutile eng mo setshwantshong sa ga Jesu?—Bona temana 15.

Bala Diane 10:22 le 1 Timotheo 6:10 o bo o di bapisa. Go tswa foo lo bo lo tlotla ka dipotso tseno:

  • O akanya gore ke eng se se botlhokwa thata, go nna tsala ya ga Jehofa kgotsa go nna le madi a mantsi? Goreng o rialo?

  • Go batla go nna le madi a mantsi go ka re bakela mathata afe?

6. Jehofa o tla re tlamela ka dilo tse re di tlhokang

Fa re na le mathata a tiro kgotsa re se na madi a a lekaneng, seo se ka leka tumelo ya rona mo go Jehofa. Tshameka BIDIO eno mme o bone gore re ka dira eng fa re na le mathata ano, go tswa foo lo bo lo tlotla ka dipotso tse di latelang.

  • Mokaulengwe yo o mo bidiong eno, o ne a na le mathata afe?

  • O ile a dira eng gore a kgone go fenya mathata ao?

Bala Mathaio 6:25-34, lo bo lo tlotla ka potso eno:

  • Jehofa o solofetsa gore o tla direla eng batho ba ba dirang gore go mo direla go tle pele?

BATHO BANGWE BA RE: “Ke tshwanetse go dira ka natla gore ke tlamele lelapa la me. Nka se kgone go ya dipokanong beke le beke.”

  • Ke temana efe e e go tlhatswang pelo gore go baya kobamelo ya ga Jehofa kwa pele, ka metlha ke tshwetso e e molemo?

O ITHUTILE ENG?

Tiro ya boitshediso le madi di botlhokwa, mme gone ga di a tshwanela go re kgoreletsa go direla Jehofa.

Poeletso

  • Ke eng se se ka go thusang gore o nne le boikutlo jo bo siameng ka tiro?

  • Go kgotsofala go go solegela molemo jang?

  • O ka bontsha jang gore o ikanya tsholofetso ya ga Jehofa ya gore o tla tlamela batho ba gagwe?

Leka go Dira Seno

DINTLHA TSE DINGWE

Ithute gore re ka dirisa madi jang ka tsela e e itumedisang Modimo.

“Baebele ya Reng ka go Aba?” (Setlhogo se se mo website)

Utlwa gore ke eng se se thusitseng monna mongwe gore a tlogele go betšha le go utswa.

“Ke ne ke Rata Mabelo a Dipitse Fela Thata” (Tora ya Tebelo, November 1, 2011)