Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 39

Tsela e Modimo a Lebang Madi ka Yone

Tsela e Modimo a Lebang Madi ka Yone

Madi a botlhokwa thata. Re ne re ka se tshele ntle le one. E re ka Modimo a re bopile, o na le tshwanelo ya go re bolelela gore re dirise madi jang. O ile a reng ka madi? A re ka a ja kgotsa ra letla gore a tshelwe mo mebeleng ya rona? Mme o ka dira jang ditshwetso tse di siameng mo kgannyeng eno?

1. Jehofa o leba madi jang?

Jehofa o ne a bolelela batlhanka ba gagwe ba bogologolo a re: “Botshelo jwa nama ya mofuta mongwe le mongwe ke madi a yone.” (Lefitiko 17:14) Jehofa o tsaya madi a emela botshelo. E re ka botshelo e le mpho e e boitshepo e e tswang kwa Modimong, madi le one a boitshepo.

2. Ke tsela efe e Modimo a sa batleng re dirisa madi ka yone?

Jehofa o ile a laela batlhanka ba gagwe ba pele ga motlha wa Bokeresete gore ba se ka ba ja madi. (Bala Genesise 9:4 le Lefitiko 17:10.) O ile a boeletsa taelo eno fa setlhopha se se laolang se ne se laela Bakeresete gore ‘ba tswelele ba ithibile mo mading.’—Bala Ditiro 15:28, 29.

Go ithiba mo mading go kaya eng? Fa ngaka e ka go bolelela gore o se ka wa tlhola o nwa bojalwa, ga o kitla o tlhola o dira jalo. Mme gone, a o ne o tla ja dijo tse di nang le bojalwa kgotsa wa itlhaba gore o bo tsenye mo mmeleng ka ditshika? Nnyaa, le e seng. Ka tsela e e tshwanang, taelo ya Modimo ya gore re ithibe mo mading e kaya gore ga re a tshwanela go nwa madi kgotsa go ja nama ya phologolo e e sa tshololwang madi. E bile ga re a tshwanela go ja dijo tse di tsentsweng madi.

Go tweng ka go dirisa madi mo go tsa kalafi? Mekgwa e mengwe ya kalafi e tlola molao wa Modimo. Mekgwa eno e akaretsa go tshelwa madi kgotsa dikarolo tsa one tse dikgolo, e leng disele tse dikhibidu, disele tse ditshweu, dipolatelete (platelets) le polasema (plasma). Mekgwa e mengwe ya kalafi e ka tswa e sa bonale sentle gore a e tlola molao wa Modimo kgotsa ga e o tlole. Ka sekai, mekgwa e mengwe ya kalafi e dirisa dikarolwana tse di tserweng mo dikarolong tse dikgolo tsa madi. Mekgwa e mengwe e akaretsa go dirisa madi a gago. Mongwe le mongwe o tshwanetse go itirela tshwetso fa a batla go dirisa mekgwa eno ya kalafi. aBagalatia 6:5.

ITHUTE MO GO OKETSEGILENG

Ithute gore ke eng se se ka go thusang gore o tlhophe mofuta wa kalafi o o ka o dirisang.

3. Dira ditshwetso tsa kalafi tse di itumedisang Jehofa

O ka dira jang ditshwetso tsa kalafi tse di dumalanang le tsela e Modimo a lebang madi ka yone? Tshameka BIDIO eno, lo bo lo tlotla ka botlhokwa jwa go tsaya dikgato tse di latelang.

  • Rapela o kope botlhale.—Jakobe 1:5.

  • Batla melaometheo ya Baebele e e dumalanang le kgang eno.—Diane 13:16.

  • Batlisisa gore ke mefuta efe ya kalafi e e dirisiwang mo lefelong la lona.

  • Bona gore ke mefuta efe ya kalafi e o sa e amogeleng.

  • Tlhomamisa gore tshwetso ya gago e tla go tlogela o na le segakolodi se se phepa.—Ditiro 24:16. b

  • Gopola gore ga go na ope yo o tshwanetseng go go direla tshwetso mo dikgannyeng tse di amanang le segakolodi, e ka tswa e le monna kgotsa mosadi wa gago, mogolwane kgotsa motho yo o go rutang Baebele.—Baroma 14:12.

  • Kwala tshwetso e o e dirileng.

4. Basupi ba ga Jehofa ba batla kalafi ya maemo a a kwa godimo

Go a kgonega gore re ikobele molao wa Modimo o o amanang le madi mme re bone kalafi e e siameng e mo go yone motho a sa tlhokeng go tshelwa madi. Tshameka BIDIO eno.

Bala Tito 3:2, lo bo lo tlotla ka potso eno:

  • Goreng re tshwanetse go bontsha tlotlo le go nna bonolo ka metlha fa re bua le dingaka?

Ga re amogele

Mokeresete o tla itirela tshwetso

A. Polasema ya madi

Dikarolwana tse di tserweng mo polasemeng

B. Disele tse ditshweu

Dikarolwana tse di tserweng mo diseleng tse ditshweu

C. Dipolatelete

Dikarolwana tse di tserweng mo dipolateleteng

D. Disele tse dikhibidu

Dikarolwana tse di tserweng mo diseleng tse dikhibidu

 5. Kalafi e e akaretsang dikarolwana tsa madi

Madi a na le dikarolo tse dikgolo di le nnê, e leng disele tse dikhibidu, disele tse ditshweu, dipolatelete le polasema. Dikarolo tseno tse dikgolo, di na le dikarolwana di le dintsi. c Dikarolwana dingwe di dirisiwa mo melemong e e thusang go lwantsha malwetse kgotsa e e thusang go emisa madi fa a tshologa.

Mo kalafing e e amanang le dikarolwana tsa madi, Mokeresete mongwe le mongwe o tshwanetse go itirela tshwetso, a ikaegile ka segakolodi sa gagwe se se katisitsweng ka Baebele. Bangwe ba ka nna ba gana go amogela kalafi e e akaretsang dikarolwana tsa madi. Mme ba bangwe segakolodi sa bone se ka nna sa ba letla gore ba amogele dikarolwana tseo.

Fa o dira ditshwetso, akanyetsa potso eno:

  • Nka tlhalosetsa ngaka jang lebaka la go bo ke gana kgotsa ke amogela dikarolwana dingwe tsa madi?

MONGWE A KA BOTSA A RE: “Bothata ke eng ka go tshelwa madi?”

  • O akanya eng?

O ITHUTILE ENG?

Jehofa o batla gore re tseye madi a le boitshepo.

Poeletso

  • Goreng Jehofa a tsaya madi a le boitshepo?

  • Re itse jang gore molao wa Modimo wa gore re ithibe mo mading o akaretsa le go tshelwa madi?

  • Nka dira jang ditshwetso tse di siameng tse di amanang le kalafi e e dirisang madi?

Leka go Dira Seno

DINTLHA TSE DINGWE

Ke eng se o tshwanetseng go se akanyetsa pele ga o dira tshwetso e e amanang le kalafi e go dirisiwang madi a gago mo go yone?

“Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading” (Tora ya Tebelo, October 15, 2000)

Ke eng se o tshwanetseng go se akanyetsa fa o dira tshwetso ya go amogela dikarolwana tsa madi?

“Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading” (Tora ya Tebelo, June 15, 2004)

Ke eng se se dirileng gore ngaka nngwe e dumele gore tsela e Jehofa a lebang madi ka yone e a utlwala?

“Ke ne Ka Simolola go Leba Madi Jaaka Modimo a a Leba” (Setlhogo sa Tsogang!)

Ithute gore bagolwane ba ba direlang mo Dikomiting Tsa Puisano le Dikokelo ba thusa bakaulengwe le bokgaitsadi jang.

Jehofa o Tshegetsa ba ba Lwalang (10:23)

a Bona Thuto 35 ya setlhogo se se reng, “Kafa re ka Dirang Ditshwetso Tse di Molemo ka Gone.”

b Bona  ntlha 5 e e reng “Kalafi e e Akaretsang Dikarolwana Tsa Madi” le Ntlha e e Kwa Bofelong ya 3 e e reng “Mefuta ya Kalafi e go Dirisiwang Madi mo go Yone.”

c Dingaka dingwe di tsaya gore dikarolo tseo tse dikgolo tsa madi, di tshwana fela le dikarolwana. Ka jalo, o ka nna wa tshwanelwa ke go tlhalosetsa ngaka ya gago gore ga o amogele go tshelwa madi kgotsa disele tse dikhibidu, disele tse ditshweu, dipolatelete le polasema.