Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 40

Re ka Dira Eng Gore Modimo a re Tseye re le Phepa?

Re ka Dira Eng Gore Modimo a re Tseye re le Phepa?

Akanya ka mmê yo o lorato a baakanya ngwana wa gagwe pele a ya sekolong. O tlhomamisa gore ngwana o tlhapile le gore diaparo tsa gagwe di phepa. Seno se dira gore ngwana yoo a nne le botsogo jo bontle e bile se bontsha ba bangwe gore batsadi ba gagwe ba mo tlhokometse. Ka tsela e e tshwanang, Rraarona yo o lorato e bong Jehofa, o batla gore re nne phepa mo mmeleng e bile o batla gore tsela e re akanyang ka yone, e re buang ka yone le e re dirang dilo ka yone e nne phepa. Fa re le phepa re solegelwa molemo, e bile re a mo galaletsa.

1. Re ka dira eng gore re nne phepa mo mmeleng?

Jehofa o re laela jaana: “Lo nne boitshepo.” (1 Petere 1:16) Boitshepo bo amana le go nna phepa mo mmeleng le go nna le boitsholo jo bo siameng. Re ka nna re le phepa ka go tlhapa ka dinako tsotlhe, ka go tlhatswa diaparo tsa rona, go phepafatsa magae a rona le go tlhatswa dikoloi tsa rona. Gape re ka thusa fa go phepafadiwa Holo ya Bogosi. Fa re nna re le phepa, re galaletsa Jehofa.—2 Bakorintha 6:3, 4.

2. Re tshwanetse go tila mekgwa efe gore re nne phepa?

Baebele e re kgothaletsa gore ‘re iphepafatse leswe lengwe le lengwe la nama le moya.’ (2 Bakorintha 7:1) Seno se raya gore re tshwanetse go tila sepe fela se se ka gobatsang mebele ya rona le megopolo ya rona. Dilo tse re di akanyang di tshwanetse go itumedisa Jehofa, ka jalo re leka ka natla go gana dikakanyo tse di sa siamang. (Pesalema 104:34) Gape re leka go dirisa puo e e siameng.—Bala Bakolosa 3:8.

Ke eng gape se se ka dirang gore re se ka ra nna phepa mo mmeleng le mo boitsholong? Dilo dingwe di ka kgotlela mebele ya rona. Ka jalo, ga re goge motsoko e bile ga re je betel nut, ga re dirise diokobatsi tse di seng ka fa molaong e bile ga re dirise melemo ka tsela e e sa tshwanelang. Fa re tila dilo tseno, re tla nna le botsogo jo bontle e bile re a bo re bontsha gore re tlotla mpho ya botshelo. Gape re leka go nna le boitsholo jo bo siameng ka go lwantsha mekgwa e e sa siamang ya go itshwaratshwara dirwe tsa tlhakanelodikobo le go lebelela ditshwantsho tse di tsosang keletso ya tlhakanelodikobo. (Pesalema 119:37; Baefeso 5:5) Go ka nna thata go tlogela mekgwa eno e e sa siamang, mme Jehofa a ka re thusa go e tlogela.—Bala Isaia 41:13.

ITHUTE MO GO OKETSEGILENG

Ithute gore fa re le phepa re galaletsa Jehofa jang, le gore re ka fenya jang mekgwa e e sa siamang.

3. Bophepa bo galaletsa Jehofa

Fa re bala melao e Jehofa a neng a e neile setšhaba sa Iseraele, re kgona go bona gore go botlhokwa go le kana kang mo go ene gore batho ba gagwe ba nne phepa. Bala Ekesodo 19:10 le 30:17-19, lo bo lo tlotla ka dipotso tseno:

  • Ditemana tseno di bontsha gore Jehofa o leba bophepa jang?

  • O ka dira eng gore o nne o le phepa ka dinako tsotlhe?

Gore motho a nne phepa, o tlhoka go ipha nako le go tsaya matsapa. Mme re ka kgona go dira jalo, go sa kgathalesege gore re nna kae, a re humile kgotsa re humanegile. Tshameka BIDIO eno, lo bo lo tlotla ka potso e e latelang.

  • Goreng batho ba re ba rerelang ba ka tlotla Jehofa le go feta fa ba bona dilo tsa rona di le phepa?

4. Tlogela mekgwa e e sa siamang

Jehofa a ka re thusa go tlogela mekgwa e e sa siamang

Fa e le gore o goga motsoko kgotsa o dirisa dikobatsi go itlosa bodutu, o ka tswa o itse gore go thata tota go tlogela mokgwa oo. Ke eng se se ka go thusang? Lemoga kafa mokgwa ono o go amang ka gone. Bala Mathaio 22:37-39, lo bo lo tlotla ka gore go goga motsoko le go dirisa diokobatsi go ama jang . . .

  • botsala jwa motho le Jehofa.

  • ba lelapa la motho le batho ba bangwe.

Dira lenaane le le ka go thusang go tlogela mokgwa o o maswe. a Tshameka BIDIO eno.

Bala Bafilipi 4:13, lo bo lo tlotla ka potso eno:

  • Go rapela ka metlha, go ithuta Baebele le go ya dipokanong go ka thusa motho jang go fenya mokgwa o o sa siamang?

5. Lwantsha dikakanyo le mekgwa e e sa siamang

Bala Bakolosa 3:5, lo bo lo tlotla ka dipotso tseno:

  • Re itse jang gore Jehofa o tsaya mekgwa e e latelang e se phepa: go lebelela ditshwantsho tse di tsosang keletso ya tlhakanelodikobo, go romela melaetsa, ditshwantsho kgotsa dibidio tsa tlhakanelodikobo le go itshwaratshwara dirwe tsa tlhakanelodikobo?

  • A o akanya gore go a utlwala gore Jehofa a lebelele gore re nne le boitsholo jo bo phepa? Goreng o rialo?

Bona gore ke eng se se ka go thusang go fenya dikakanyo tse di sa siamang. Tshameka BIDIO eno.

Jesu o ile a dirisa setshwantsho go bontsha gore re tshwanetse go tsaya kgato ka bonako gore re nne re le phepa mo boitsholong. Bala Mathaio 5:29, 30, lo bo lo tlotla ka potso eno:

  • Jesu o ne a sa reye gore re tshwanetse go ikgobatsa ka tsela ya mmatota, mme o ne a raya gore re tshwanetse go dira sengwe. Ke eng se motho a ka se dirang ka bonako gore a tile dikakanyo tse di sa siamang? b

Fa e le gore o lwantshana le dikakanyo tse di sa siamang, Jehofa o itumelela maiteko a o a dirang. Bala Pesalema 103:13, 14, lo bo lo tlotla ka potso eno:

  • Fa e le gore o lwantshana le bothata bongwe jo bo sa siamang, temana eno e go kgothatsa jang gore o se ka wa ineela?

O se ka wa ineela!

Go ka nna motlhofo go nna le maikutlo a gore, ‘Ke paletswe, go botoka gore ke ineele.’ Akanya ka seno: Fa motabogi a kgopiwa a le mo lobelong a bo a wa, seo ga se reye gore ga a kitla a fenya lobelo, e bile ga se reye gore o tshwanetse go boela kwa morago a ya go simolola lobelo gape. Ka tsela e e tshwanang, fa e le gore o ile wa boela gape mo mokgweng o o sa siamang, seno ga se reye gore o paletswe ke go fenya mokgwa oo, e bile ga se phimole maiteko a o setseng o a dirile. Ka jalo, fa e le gore o ile wa boela mo mokgweng oo gape, o se ka wa kgobega marapo. O se ka wa ineela! Jehofa a ka go thusa gore o fenye mokgwa oo o o sa siamang.

BATHO BANGWE BA RE: “Ke tshwakgogile. Nka se kgone go tlogela mokgwa ono.”

  • O ka dirisa temana efe go bontsha motho yoo gore Jehofa a ka mo thusa gore a tlogele mokgwa oo o o sa siamang?

O ITHUTILE ENG?

Re itumedisa Jehofa fa re nna re le phepa mo mmeleng, mo mogopolong le mo boitsholong.

Poeletso

  • Goreng go le botlhokwa thata gore re nne phepa?

  • O ka dira eng gore o nne phepa mo mmeleng?

  • O ka dira eng gore o akanye ka dilo tse di siameng e bile o nne le botshwaro jo bo siameng?

Leka go Dira Seno

DINTLHA TSE DINGWE

Ke dilo dife tse di motlhofo tse o ka di dirang gore o nne phepa le fa o humanegile?

Botsogo le Bophepa—Go Tlhapa Diatla (3:01)

Bona ditsela tse di ka go thusang gore o kgone go tlogela go goga motsoko.

“Tsela ya go Tlogela Motsoko” (Tsogang!, May 2010)

Bala mme o utlwe ka ditlamorago tsa go lebelela ditshwantsho tse di tsosang keletso ya tlhakanelodikobo.

“Ditshwantsho Tse di Hepisang—A di Siame Kgotsa di Kotsi?” (Tora ya Tebelo, August 1, 2013)

Utlwa gore ke eng se se neng sa thusa monna mongwe gore a tlogele go lebelela ditshwantsho tse di tsosang keletso ya tlhakanelodikobo.

“Ke Paletswe Makgetlo a le Mantsi Pele ke Atlega” (Tora ya Tebelo No. 4 2016)

a Setlhogo se se reng “Tsela ya go Tlogela Motsoko,” se se mo karolong ya Dintlha Tse Dingwe mo thutong eno, se na le dilo tse motho a ka di dirang gore a kgone go fenya mokgwa ono.

b Fa o batla thuso ya go fenya mokgwa wa go itshwaratshwara dirwe tsa tlhakanelodikobo, bona setlhogo se se reng “Nka Fenya Jang Mokgwa wa go Itshwaratshwara Dirwe Tsa Tlhakanelodikobo?” se se mo bukeng ya Dipotso Tse Basha ba di Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo, Bolumo 1, kgaolo 25.