Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 42

Baebele e a Reng Ka go Sa Nyale le go Nyala?

Baebele e a Reng Ka go Sa Nyale le go Nyala?

Mo ditsong tse dingwe, batho ba dumela gore fa motho a sa nyalwa kgotsa a sa nyala, ga a ka ke a itumela. Mme gone, ga se gore batho botlhe ba ba mo lenyalong ba itumetse, e bile ga se gore batho botlhe ba ba seng mo lenyalong ga ba a itumela. Boammaaruri ke gore Baebele e a re go sa nyale le go tsena mo lenyalong, ke dimpho tse di tswang kwa Modimong.

1. Melemo mengwe ya go sa nyale ke efe?

Baebele e a re: “Ope fela yo o tsenang mo lenyalong o dira sentle, mme ope fela yo o sa tseneng mo lenyalong o dira sentle le go feta.” (Bala 1 Bakorintha 7:32, 33, 38.) Motho yo o seng mo lenyalong “o dira sentle le go feta” ka ditsela dife? Bakeresete ba ba seng mo lenyalong ga ba tlhoke go tshwenyega ka go tlhokomela molekane. Ka jalo, ba na le kgololesego e e oketsegileng. Ka sekai, bangwe ba bone ba kgona go direla Jehofa ka ditsela tse dingwe tse di itumedisang, tse di jaaka go ya go rera dikgang tse di molemo kwa dinageng tse dingwe. Mo godimo ga moo, ba kgona go fetsa nako e ntsi ba nonotsha botsala jwa bone le Jehofa.

2. Melemo mengwe ya go nyala semolao ke efe?

Fela jaaka go sa tsene mo lenyalong, go nyala le gone go na le melemo. Baebele e a re “ba babedi ba botoka go na le a le mongwe.” (Moreri 4:9) Seno se boammaaruri mo Bakereseteng ba ba dirisang melaometheo ya Baebele mo lenyalong la bone. Fa monna le mosadi ba nyalana semolao, ba a bo ba solofetsana gore ba tla ratana, ba tla tlotlana e bile ba tla tlhokomelana. Ka ntlha ya seo, ba ikutlwa ba sireletsegile go gaisa monna le mosadi ba ba nnang mmogo fela ba sa nyalana. Bana ba bone le bone ba tla ikutlwa ba sireletsegile.

3. Jehofa o leba lenyalo jang?

Fa Jehofa a ne a simolola lenyalo la ntlha, o ne a re: ‘Monna o tla tlogela rraagwe le mmaagwe mme o tla ngaparela mosadi wa gagwe.’ (Genesise 2:24) Jehofa o batla gore monna le mosadi ba ratane, e bile ba nne mmogo botshelo jotlhe jwa bone. O ba letla gore ba ka tlhalana fa fela molekane yo mongwe a dirile boaka. Mo maemong a a ntseng jalo, Jehofa o letla molekane yo o se nang molato gore a itlhophele gore a o batla go tlhala kgotsa nnyaa. a (Mathaio 19:9) Jehofa ga a letlelele Bakeresete go nyala lefufa.—1 Timotheo 3:2.

ITHUTE MO GO OKETSEGILENG

Ithute gore ke eng se se ka dirang gore o itumele e bile o itumedise Jehofa, le fa o ka tswa o se mo lenyalong kgotsa o le mo lenyalong.

4. Dirisa mpho ya go sa tsene mo lenyalong ka tsela e e molemo

Jesu o ne a leba go sa tsene mo lenyalong e le mpho. (Mathaio 19:11, 12) Bala Mathaio 4:23, lo bo lo tlotla ka potso eno:

  • Jesu o ne a dirisa jang mpho ya go sa nyale go direla Rraagwe le go thusa batho ba bangwe?

Bakeresete ba ba seng mo lenyalong ba ka itumela fela jaaka Jesu a ne a itumetse. Tshameka BIDIO eno, lo bo lo tlotla ka potso e e latelang.

  • Bakeresete ba ba seng mo lenyalong ba ka dirisa nako eo jang ka tsela e e molemo?

A o ne o itse?

Baebele ga e bue gore motho o tshwanetse go tsena mo lenyalong a na le dingwaga di le kae. Le fa go ntse jalo, e kgothaletsa basha gore ba eme pele ‘go fitlha ba setse ba godile,’ ba fetile nako e dikeletso tsa tlhakanelodikobo di leng maatla mo di ka dirang gore ba se ka ba dira ditshwetso tse di siameng.—1 Bakorintha 7:36.

5. Tlhopha molekane ka botlhale

Go tlhopha motho yo o ka nyalanang le ene ke nngwe ya ditshwetso tsa botlhokwa thata tse o ka di dirang. Bala Mathaio 19:4-6, 9, lo bo lo tlotla ka potso eno:

  • Goreng Mokeresete a sa tshwanela go itlhaganelela go tsena mo lenyalong?

Baebele e ka go thusa gore o itse dilo tse o ka di lebelelang mo mothong yo o batlang go nyalana le ene. Selo sa botlhokwa thata ke go batla motho yo o ratang Jehofa. b Bala 1 Bakorintha 7:39 le 2 Bakorintha 6:14. Go tswa foo, lo bo lo tlotla ka dipotso tseno:

  • Goreng re tshwanetse go nyala Bakeresetemmogo le rona fela?

  • O akanya gore Jehofa o tla ikutlwa jang fa re tlhopha go nyalana le motho yo e seng Mokeresete?

Fa diphologolo tse pedi tse di sa tshwaneng di golegilwe mmogo, di tla gobatsana. Ka tsela e e tshwanang, Mokeresete yo o nyalanang le motho yo o sa direleng Jehofa, o tla nna le mathata a le mantsi

6. Leba lenyalo jaaka Jehofa a le leba

Kwa Iseraele wa bogologolo, banna bangwe ba ne ba tlhala basadi ba bone ka mabaka a bopelotshetlha fela. Bala Malaki 2:13, 14, 16, lo bo lo tlotla ka potso eno:

  • Goreng Jehofa a tlhoile tlhalo e e sa dumalaneng le melaometheo ya Baebele?

Boaka le tlhalo di utlwisa molekane yo o se nang molato le bana botlhoko

Tshameka BIDIO eno, lo bo lo tlotla ka potso e e latelang.

  • Fa e le gore o nyalane le motho yo o sa direleng Jehofa, ke eng se o ka se dirang gore lenyalo la lona le itumedise?

7. Dirisa melao ya ga Jehofa ya lenyalo

Motho a ka nna a tlhoka go tsaya matsapa a magolo gore a dirise melao ya ga Jehofa mo lenyalong. c Mme Jehofa o segofatsa ba ba dirang jalo. Tshameka BIDIO eno.

Bala Bahebera 13:4, lo bo lo tlotla ka dipotso tseno:

  • A o akanya gore melao e Jehofa a e beileng ya lenyalo e a utlwala? Goreng o akanya jalo?

Jehofa o lebeletse gore Bakeresete ba kwadise manyalo a bone semolao, le gore ba nne le makwalo a tlhalo fa ba tlhalana, ka gonne mo dinageng di le dintsi dipuso di batla gore batho ba dire jalo. Bala Tito 3:1, lo bo lo tlotla ka potso eno:

  • Fa e le gore o nyetse, a o tlhomamisegile gore puso e tsaya lenyalo la lona e le le le kwadisitsweng semolao?

MONGWE A KA BOTSA A RE: “A ga lo kgone go nna mmogo fela lo sa nyalana?”

  • O ka mo araba jang?

O ITHUTILE ENG?

Go nyala le go sa nyale, ke dimpho tse di tswang kwa go Jehofa. Batho ba ba seng mo lenyalong le ba ba mo lenyalong, ba ka itumelela botshelo jo bo kgotsofatsang fa ba tshela go dumalana le thato ya ga Jehofa.

Poeletso

  • Motho a ka dirisa jang mpho ya go sa tsene mo lenyalong ka tsela e e molemo?

  • Goreng Baebele e re re nyale Bakeresetemmogo le rona fela?

  • Baebele e a re lebaka le le lengwe fela la go tlhala ke lefe?

Leka go Dira Seno

DINTLHA TSE DINGWE

Lebelela dibidio tse tharo tse dikhutshwane tse di ka go thusang go dira ditshwetso tse di molemo ka go ratana le lenyalo.

Go Ipaakanyetsa Lenyalo (11:53)

Utlwa gore ke eng fa mokaulengwe mongwe a re se Jehofa a mo neileng sone, se botlhokwa thata go gaisa sepe fela se a se tlogetseng.

Ke ne Ke Ithaya Ke re O Tla Ithuta Boammaaruri (1:56)

Ke dilo dife tse motho a tshwanetseng go di akanyetsa pele ga a kgaogana le molekane wa gagwe kgotsa a mo tlhala?

“Tlotla ‘se Modimo a se Kopantseng Mmogo’” (Tora ya Tebelo, December 15, 2018)

a Bona Ntlha e e Kwa Bofelong ya 4 e e buang ka go kgaogana (separation) fa go sa dirwa boaka.

b Mo ditsong tse dingwe, batsadi ba tlhophela bana ba bone batho ba ba tla nyalanang le bone. Fa go ntse jalo, batsadi ba ba lorato ba tla lebelela gore a motho yoo o rata Jehofa, e seng gore a o na le madi kgotsa maemo.

c Fa e le gore o nna le motho mme lo sa nyalana, ke wena o tshwanetseng go dira tshwetso ya gore a o kgaogana le ene kgotsa lo a nyalana.