Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 43

Bakeresete ba Tshwanetse go Leba Bojalwa Jang?

Bakeresete ba Tshwanetse go Leba Bojalwa Jang?

Mo lefatsheng lotlhe, batho ba na le dikgopolo tse di farologaneng ka bojalwa. Ka dinako tse dingwe, batho bangwe ba itumelela go nwa bojalwa fa ba na le ditsala tsa bone. Ba bangwe ba tlhopha go sa bo nwe gotlhelele. Mme ba bangwe ba nwa gore ba bo ba tagwe. Baebele e a reng ka bojalwa?

1. A go nwa bojalwa go phoso?

Baebele ga e re go nwa bojalwa go phoso. Go farologana le seo, fa e bua ka dimpho tse dintsi tse Modimo a re neileng tsone, e akaretsa le “beine e e dirang gore pelo ya motho e itumele.” (Pesalema 104:14, 15) Banna le basadi bangwe ba ba ikanyegang ba go buiwang ka bone mo Baebeleng ba ne ba nwa bojalwa.—1 Timotheo 5:23.

2. Baebele e naya batho ba ba nwang bojalwa kgakololo efe?

Jehofa o kgala go nwa ka tsela e e feteletseng le botagwa. (Bagalatia 5:21) Lefoko la gagwe le a re: “O se ka wa nna le ba ba nwang beine bobe.” (Diane 23:20) Ka jalo, fa re nwa bojalwa, tota le mo sephiring, ga re a tshwanela go bo nwa thata mo re ka se kgoneng go akanya sentle, go laola tsela e re buang ka yone le dilo tse re di dirang, kgotsa mo re ka feleletsang re ikgobaditse. Fa re sa kgone go laola tsela e re nwang bojalwa ka yone, re tshwanetse go iketleeletsa go bo tlogela.

3. Re ka bontsha jang gore re tlotla ditshwetso tsa ba bangwe mo kgannyeng ya bojalwa?

Mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya go itlhophela gore a o tla nwa bojalwa kgotsa nnyaa. Ga re a tshwanela go atlhola mongwe fa a tlhopha go nwa bojalwa ka tekatekano, e bile ga re a tshwanela go pateletsa mongwe go bo nwa fa a sa batle. (Baroma 14:10) Re tlhopha go sa nwe bojalwa fa e le gore go dira jalo go ka kgopisa ba bangwe. (Bala Baroma 14:21.) Re dira “se se tswelang motho yo mongwe mosola, e seng se se tswelang [rona] mosola.”—Bala 1 Bakorintha 10:23, 24.

ITHUTE MO GO OKETSEGILENG

Ithute melaometheo ya Baebele e e tla go thusang go dira tshwetso ya gore a o tla nwa bojalwa, le gore fa o tlhopha go dira jalo o tla nwa go le kana kang. Gape ithute gore o ka dira eng fa o na le bothata jwa go nwa bojalwa thata.

4. Dira tshwetso ya gore a o tla nwa bojalwa

Jesu o ne a leba go nwa bojalwa jang? Fa o batla go bona karabo, ithute ka kgakgamatso ya ntlha e a ileng a e dira. Bala Johane 2:1-11, lo bo lo tlotla ka dipotso tseno:

  • Go ya ka kgakgamatso eno, re ithuta eng ka tsela e Jesu a neng a leba bojalwa ka yone le batho ba ba bo nwang?

  • E re ka Jesu a ne a sa kgale go nwa bojalwa, Mokeresete o tshwanetse go leba jang motho yo o tlhophang go bo nwa?

Le fa Mokeresete a na le kgololesego ya go nwa bojalwa, seo ga se reye gore o tshwanetse go bo nwa ka dinako tsotlhe. Bala Diane 22:3, lo bo lo tlotla ka gore dintlha tse di latelang di tla go thusa jang go dira tshwetso ya gore a o tla nwa bojalwa:

  • Fa o kgweetsa kgotsa o dirisa motšhini.

  • Fa o imile.

  • Fa ngaka e go reile e re o se ka wa tlhola o nwa bojalwa.

  • Fa o sa kgone go laola tsela e o nwang bojalwa ka yone.

  • Fa molao o sa go letle gore o nwe bojalwa.

  • Fa o na le motho yo o tlhophang go sa nwe bojalwa ka gonne a ne a sa kgone go laola tsela e a bo nwang ka yone mo nakong e e fetileng.

A o tshwanetse go fa ba bangwe bojalwa kwa manyalong kgotsa kwa dikokoanong tse dingwe? Fa o batla go bona gore ke eng se se ka go thusang go dira tshwetso, tshameka BIDIO eno.

Bala Baroma 13:13 le 1 Bakorintha 10:31, 32. Fa lo fetsa go bala temana nngwe le nngwe, tlotlang ka potso eno:

  • Go dirisa molaomotheo ono go tla go thusa jang go dira tshwetso e e tla itumedisang Jehofa?

Mokeresete mongwe le mongwe ke ene a itirelang tshwetso ya gore a o tla nwa bojalwa kgotsa nnyaa. Le fa gone a tle a nwe bojalwa, ka dinako tse dingwe a ka tlhopha gore a se ka a bo nwa

5. Dira tshwetso ya gore o tla nwa bojalwa jo bo kana kang

Fa o tlhopha go nwa bojalwa, gopola ntlha eno: Jehofa ga a kgale go nwa bojalwa, mme o kgala go bo nwa ka tsela e e feteletseng. Goreng? Bala Hosea 4:11, 18, lo bo lo tlotla ka potso eno:

  • Fa motho a nwa bojalwa ka tsela e e feteletseng, go ka direga eng?

Re ka thusiwa ke eng gore re se ka ra nwa ka tsela e e feteletseng? Re tshwanetse go nna boingotlo kgotsa go lemoga gore go na le dilo tse re tlhokang thuso mo go tsone. Bala Diane 11:2, lo bo lo tlotla ka potso eno:

  • Goreng go le botlhale gore o ipeele selekanyo se o tla se nwang?

6. Se se ka go thusang gore o tlogele go nwa bojalwa thata

Bona gore monna mongwe o ne a thusiwa ke eng gore a tlogele go nwa bojalwa ka tsela e e feteletseng. Tshameka BIDIO eno, lo bo lo tlotla ka dipotso tse di latelang.

  • Mo bidiong eno, Dmitry o ne a itshwara jang fa a nole bojalwa?

  • A o ile a tlogela go nwa gone fela foo?

  • O thusitswe ke eng gore a feleletse a tlogetse go nwa bojalwa ka tsela e e feteletseng?

Bala 1 Bakorintha 6:10, 11, lo bo lo tlotla ka dipotso tseno:

  • Botagwa bo masisi go le kana kang?

  • Ke eng se se bontshang gore motho yo o nwang bojalwa ka tsela e e feteletseng a ka fetoga?

Bala Mathaio 5:30, lo bo lo tlotla ka potso eno:

  • Go kgaola seatla go tshwantshetsa gore motho o tshwanetse go tlogela sengwe gore a itumedise Jehofa. Ke eng se o ka se dirang fa e le gore o batla go fenya bothata jwa go nwa ka tsela e e feteletseng? a

Bala 1 Bakorintha 15:33, lo bo lo tlotla ka potso eno:

  • Ditsala tsa gago di ka ama jang tsela e o nwang bojalwa ka yone?

MONGWE A KA BOTSA A RE: “A go nwa bojalwa go phoso?”

  • O ka mo araba jang?

O ITHUTILE ENG?

Jehofa o re neile bojalwa gore re bo itumelele, mme gone o kgala go nwa ka tsela e e feteletseng le botagwa.

Poeletso

  • Baebele e a reng ka bojalwa?

  • Go nwa bojalwa ka tsela e e feteletseng go na le dikotsi dife?

  • Re ka bontsha jang gore re tlotla ditshwetso tsa ba bangwe mo kgannyeng ya bojalwa?

Leka go Dira Seno

DINTLHA TSE DINGWE

Basha ba ka dira ditshwetso tse di molemo jang mo kgannyeng ya bojalwa?

Akanya Pele o Nwa (2:31)

Bona gore ke dilo dife tse o ka di dirang gore o fenye bothata jwa go nwa bojalwa ka tsela e e feteletseng.

“Go Leba Bojalwa ka Tsela e e Siameng” (Tora ya Tebelo, January 1, 2010)

A Bakeresete ba tshwanetse go tsholeletsa digalase tsa dinô kwa godimo go bontsha gore ba itumetse?

“Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading” (Tora ya Tebelo, February 15, 2007)

Bala setlhogo se se reng “Ke ne Ke le Faki E e Sa Tlaleng,” mme o utlwe gore monna mongwe o ne a dira eng gore a se ka a tlhola a nwa ka tsela e e feteletseng.

“Baebele e Fetola Matshelo a Batho” (Tora ya Tebelo, May 1, 2012)

a Batho ba ba tshwakgotsweng ke bojalwa ba ka tlhoka thuso ya dingaka gore ba kgone go fenya mokgwa ono. Dingaka di le dintsi di akantsha gore batho ba ba nang le bothata jwa bojalwa ba se ka ba bo nwa gotlhelele.