Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 46

Goreng o Tshwanetse go Ineela le go Kolobediwa?

Goreng o Tshwanetse go Ineela le go Kolobediwa?

O ineela mo go Jehofa ka go mo rapela, o mo solofetsa gore o tla obamela ene fela e bile o tla dira gore thato ya gagwe e tle pele mo botshelong jwa gago. (Pesalema 40:8) Morago ga moo, o tla bo o kolobediwa. Fa o kolobediwa, o bontsha ba bangwe gore o ineetse. Go ineela mo go Jehofa ke tshwetso ya botlhokwa thata e re ka e dirang mo botshelong. Ke eng se se ka go tlhotlheletsang gore o dire tshwetso eno ya botlhokwa thata, e bile e le e e tla fetolang botshelo jwa gago?

1. Ke eng se se tlhotlheletsang motho gore a ineele?

Lorato lo re tlhotlheletsa gore re ineele mo go Jehofa. (1 Johane 4:10, 19) Baebele e re kgothatsa jaana: “Rata Jehofa, Modimo wa gago, ka pelo yotlhe ya gago le ka moya otlhe wa gago le ka mogopolo otlhe wa gago le ka nonofo yotlhe ya gago.” (Mareko 12:30) Re bontsha gore re rata Modimo ka se re se buang le ka se re se dirang. Fela jaaka monna le mosadi ba tota ba ratanang ba nyalana, ka tsela e e tshwanang, lorato lo re ratang Jehofa ka lone lo re tlhotlheletsa gore re ineele mo go ene re bo re kolobediwa.

2. Ke masego afe a Jehofa a a nayang Basupi ba gagwe ba ba kolobeditsweng?

Fa o kolobediwa, o tla nna karolo ya lelapa la ga Jehofa la batho ba ba itumetseng. O tla bona ditsela tse dintsi tse a go bontshang lorato ka tsone, e bile o tla atamalana thata le ene go gaisa gone jaanong. (Bala Malaki 3:16-18.) Mo godimo ga moo, fa o tsaya Jehofa e le Rre wa gago, o tla nna le lelapa la bakaulengwe le bokgaitsadi mo lefatsheng lotlhe, ba ba mo ratang e bile le wena ba go rata. (Bala Mareko 10:29, 30.) Mme gone, go na le dilo dingwe tse o tshwanetseng go di dira pele ga o kolobediwa. O tlhoka go ithuta ka Jehofa, go mo rata le go dumela mo go Morwawe. Kwa bofelong, o tshwanetse go ineela mo go Jehofa. Fa o dira dilo tseno o bo o kolobediwa, o ka kgona go itumelela go tshelela ruri. Lefoko la Modimo le a re: “Go na le sengwe . . . se se lo bolokang, e leng kolobetso.”1 Petere 3:21..

ITHUTE MO GO OKETSEGILENG

Ithute gore ke eng fa go le botlhokwa gore o ineele mo go Jehofa o bo o kolobediwa.

3. Rotlhe re tshwanetse go itlhophela gore re tla direla mang

Kwa Iseraele wa bogologolo, batho bangwe ba ne ba akanya gore ba ka obamela Jehofa mme gape ba obamela modimo wa maaka e bong Baale. Mme Jehofa o ne a roma moporofeti wa gagwe e bong Elija gore a baakanye kgopolo eo e e phoso. Bala 1 Dikgosi 18:21, lo bo lo tlotla ka potso eno:

  • Ke tshwetso efe e Baiseraele ba neng ba tshwanetse go e dira?

Fela jaaka Baiseraele, le rona re tshwanetse go tlhopha gore re tla direla mang. Bala Luke 16:13, lo bo lo tlotla ka dipotso tseno:

  • Goreng re ka se kgone go obamela Jehofa e bile gape re obamela mongwe kgotsa sengwe se sele?

  • Re bontsha Jehofa jang gore re tlhophile go obamela ene?

4. Akanyetsa kwa teng ka tsela e Jehofa a go ratang ka yone

Jehofa o re file dilo di le dintsi tse di tlhwatlhwakgolo. Rona re ka mo naya eng? Tshameka BIDIO eno.

Dingwe tsa ditsela tse Jehofa a re bontshitseng ka tsone gore o a re rata ke dife? Bala Pesalema 104:14, 15 le 1 Johane 4:9, 10, lo bo lo tlotla ka dipotso tseno:

  • Ke dimpho dife tse Jehofa a re fileng tsone tse o di lebogelang thata?

  • Dimpho tseo di dira gore o ikutlwe jang ka ene?

Fa re fiwa mpho nngwe e re e ratang thata, re batla go bontsha motho yo o re e fileng gore re a mo leboga. Bala Duteronome 16:17, lo bo lo tlotla ka potso eno:

  • Fa o akanya ka dilo tsotlhe tse Jehofa a go diretseng tsone, o tlhotlheletsega go mo naya eng?

5. Go ineela go tlisa masego a le mantsi

Batho ba le bantsi ba dumela gore go tuma, go nna le tiro ya maemo kgotsa go nna le madi, go tla dira gore ba itumele. A seo ke boammaaruri? Tshameka BIDIO eno, lo bo lo tlotla ka dipotso tse di latelang.

  • Le fa gone motshameki yo o mo bidiong eno a ne a rata go tshameka kgwele ya dinao, goreng a ile a tlogela tiro eo?

  • O ile a tlhopha go ineela mo go Jehofa, e seng mo kgweleng ya dinao. A o akanya gore o ile a dira tshwetso e e siameng? Goreng o akanya jalo?

Pele ga moaposetoloi Paulo a nna Mokeresete, o ne a na le tiro ya maemo a a kwa godimo. O ne a rutilwe molao wa Sejuda ke morutisi yo o itsegeng thata. Le fa go ntse jalo, o ne a tlogela dilo tseo tsotlhe gore a nne Mokeresete. A Paulo o ile a ikwatlhaela go bo a dirile jalo? Bala Bafilipi 3:8, lo bo lo tlotla ka dipotso tseno:

  • Ke eng fa Paulo a re se a neng a se dira pele ga a nna Mokeresete e ne “e le matlakala” fela?

  • O ne a boelwa ke eng?

  • A go na le sengwe se o ka se dirang ka botshelo jwa gago, se se ka gaisang go direla Jehofa?

Fa Paulo a ne a nna Mokeresete, o ne a nna le dilo tse dintsi go feta tse a neng a di tlogetse

BATHO BANGWE BA RE: “Go ineela mo Modimong ga go na mosola.”

  • Goreng o akanya gore go ineela mo go Jehofa go na le mosola?

O ITHUTILE ENG?

Lorato lo re tlhotlheletsa gore ineele mo go Jehofa re bo re kolobediwa.

Poeletso

  • Goreng Jehofa a tshwanelwa ke gore re mo rate ka pelo yotlhe e bile re obamele ene fela?

  • Ke masego afe a Jehofa a a nayang Basupi ba gagwe ba ba kolobeditsweng?

  • A o ka rata go ineela mo go Jehofa?

Leka go Dira Seno

DINTLHA TSE DINGWE

Bona gore ke eng fa moopedi mongwe le motshameki mongwe ba ile ba tlhopha go ineela mo go Jehofa.

Basha ba Botsa Jaana—Ke Tla Dirang ka Botshelo Jwa Me?—Maitemogelo (6:54)

Mo bidiong eno ya mmino, bona boitumelo jo batho ba ba ineelang mo go Jehofa ba nnang le jone.

Ke Ineela go Wena (4:30)

Bala pego e e reng, “Ga ke Bolo go Ipotsa Gore, ‘Ke Eng Fa re Le Mono?’” mme utlwe gore ke eng se se neng sa tlhotlheletsa mosadi mongwe gore a sekaseke gore tota ke eng se se leng botlhokwa thata mo go ene.

“Baebele e Fetola Matshelo a Batho” (Tora ya Tebelo, November 1, 2012)