Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 48

Tlhopha Ditsala ka Botlhale

Tlhopha Ditsala ka Botlhale

Ditsala tse di molemo di itumela le rona fa re itumetse, e bile di a re kgothatsa fa re le mo mathateng. Mme gone, Baebele e re tlhagisa gore ga se mongwe le mongwe yo o ka nnang tsala e e siameng. Ka jalo, o ka tlhopha jang ditsala tse di siameng? Ela tlhoko dipotso tse di latelang.

1. Ditsala tse o di tlhophang di ka go tlhotlheletsa jang?

Ka tlwaelo fela, re felela re tshwana le batho ba re fetsang nako le bone. Ba ka re tlhotlheletsa ka tsela e e siameng kgotsa e e sa siamang, mme seno se ka direga le fa re ka tswa re fetsa nako le bone ka tlhamalalo kgotsa re ikgolaganya le bone ka internet. Fela jaaka Baebele e tlhalosa, “yo o tsamayang le batho ba ba botlhale o tla nna botlhale, mme yo o dirisanang le dimatla [batho ba ba sa rateng Jehofa] dilo ga di na go mo tsamaela sentle.” (Diane 13:20) Ditsala tse di ratang Jehofa le tse di mo obamelang, di ka re thusa gore re tswelele re le ditsala tsa gagwe e bile di ka re thusa go dira ditshwetso tse di siameng. Mme fa re nna ditsala le batho ba ba sa rateng Jehofa, ba ka re katosetsa kgakala le ene. Ke gone ka moo Baebele e re kgothaletsang gore re tlhophe ditsala ka botlhale! Fa ditsala tsa rona e le batho ba ba ratang Modimo, ba tla re tlhotlheletsa ka tsela e e siameng mme le rona re tla ba tlhotlheletsa ka tsela e e siameng. Re kgona ‘go kgothatsana le go agana.’—1 Bathesalonika 5:11.

2. Ditsala tse o di tlhophang di tla dira gore Jehofa a ikutlwe jang?

Jehofa o tlhopha ditsala tsa gagwe ka kelotlhoko. “Ke tsala e kgolo ya batho ba ba siameng.” (Diane 3:32) Jehofa o tla ikutlwa jang fa re nna ditsala le batho ba ba sa mo rateng? Seo se tla mo utlwisa botlhoko fela thata! (Bala Jakobe 4:4.) Fa re tila ditsala tse di sa siamang, Jehofa o tla itumela e bile o tla re tlhopha gore re nne ditsala tsa gagwe, mme re tla atamalana le ene le batho ba ba mo ratang.—Pesalema 15:1-4.

ITHUTE MO GO OKETSEGILENG

Ithute gore ke eng fa go le botlhokwa gore o tlhophe ditsala tse di siameng, mme o bone gore o ka nna jang le ditsala tse di go siametseng.

3. Tila ditsala tse di sa siamang

Batho ba ba sa rateng Modimo le melao ya gagwe ke ditsala tse di sa siamang. Tshameka BIDIO eno, lo bo lo tlotla ka potso e e latelang.

  • Re ka itsalanya jang le batho ba ba sa siamang re sa lemoge?

Bala 1 Bakorintha 15:33, lo bo lo tlotla ka dipotso tseno:

  • Motho yo e ka nnang tsala e e sa siamang ke yo o ntseng jang? Goreng o rialo?

Bala Pesalema 119:63, lo bo lo tlotla ka potso eno:

  • Ke eng se se ka go bontshang gore motho a ka nna tsala e e siameng?

Apole e le nngwe e e bodileng e kgona go bodisa tse dingwe. Tsala e le nngwe fela e e sa siamang e ka go ama jang?

4. Batho ba ba farologaneng le rona ba ka nna ditsala tse di siameng

Baebele e bua ka banna ba babedi ba Iseraele wa bogologolo e bong Dafide le Jonathane. Jonathane o ne a le mogolo thata mo go Dafide ka dingwaga e bile e ne e le ngwana wa kgosi, le fa go ntse jalo, banna bano e ne e le ditsala tse di ntshanang seinong. Bala 1 Samuele 18:1, lo bo lo tlotla ka potso eno:

  • Goreng ka metlha ditsala tsa rona e sa tshwanela go nna batho ba ba lekanang le rona ka dingwaga kgotsa ba maemo a a tshwanang le a rona?

Bala Baroma 1:11, 12, lo bo lo tlotla ka potso eno:

  • Ditsala tse di ratang Jehofa di ka kgothatsana jang?

Mo bidiong eno, bona gore lekawana lengwe le ne la bona jang ditsala kwa le sa di solofelang teng. Tshameka BIDIO eno, lo bo lo tlotla ka dipotso tse di latelang.

  • Mo bidiong eno, ke eng fa batsadi ba ga Temogo ba ne ba tshwenyegile ka ditsala tsa gagwe tsa kwa sekolong?

  • Goreng kwa tshimologong a ne a rata ditsala tseo?

  • O ne a dira eng gore a se ka a tlhola a jewa ke bodutu?

5. Se se ka go thusang go nna le ditsala tse di siameng

Ithute gore o ka dira eng gore o nne le ditsala tse di siameng, le gore o ka dira eng gore o nne tsala e e siameng. Tshameka BIDIO eno.

Bala Diane 18:24 le 27:17, lo bo lo tlotla ka dipotso tseno:

  • Ditsala tsa mmatota di thusana jang?

  • A o na le ditsala tse di ntseng jalo? Fa e le gore ga di yo, o ka dira eng gore o nne le tsone?

Bala Bafilipi 2:4, lo bo lo tlotla ka potso eno:

  • Fa o batla go nna le ditsala tse di siameng, le wena o tshwanetse go nna tsala e e siameng. O ka dira seo jang?

Fa o batla go nna le ditsala tse di siameng, o tshwanetse go nna tsala e e siameng

BATHO BANGWE BA RE: “Go botoka gore o tsalane le mongwe le mongwe fela go na le gore o nne o se na ditsala.”

  • O ka mo raya o reng?

O ITHUTILE ENG?

Fa re tlhopha ditsala ka botlhale, re itumedisa Jehofa e bile re solegelwa molemo.

Poeletso

  • Ke eng fa go le botlhokwa mo go Jehofa gore re tlhopha ditsala tse di ntseng jang?

  • Ga re a tshwanela go tsalana le batho ba ba ntseng jang?

  • O ka dira eng gore o nne le ditsala tse di siameng e bile e le tse di nnelang ruri?

Leka go Dira Seno

DINTLHA TSE DINGWE

Utlwa gore ditsala tse di siameng di ka go thusa jang ka dinako tsa mathata.

“Dira ka Natla Gore o Nne le Ditsala Pele Bokhutlo bo Tla” (Tora ya Tebelo, November 2019)

Ke eng se o tshwanetseng go se itse ka ditsala tsa mo internet?

Dirisa Social-Network ka Botlhale (4:12)

Bala setlhogo se se reng “Ke ne Ke Eletsa go Nna le Rre,” mme o utlwe gore ke eng se se neng sa tlhotlheletsa monna mongwe gore a tlhophe ditsala tse disha.

“Baebele e Fetola Matshelo a Batho” (Tora ya Tebelo, April 1, 2012)