Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 50

Ke Eng Se se Ka Dirang Gore Lelapa la Gago le Itumele?—Karolo 2

Ke Eng Se se Ka Dirang Gore Lelapa la Gago le Itumele?—Karolo 2

Bana ke mpho e e tswang kwa go Jehofa. O lebeletse gore batsadi ba tlhokomele mpho eno. Jehofa o neile batsadi kgakololo e e ka ba thusang go dira jalo. Gape kgakololo ya gagwe e bontsha gore ke eng se bana ba ka se dirang gore go nne le boitumelo mo lelapeng.

1. Jehofa o naya batsadi kgakololo efe?

Jehofa o lebeletse gore batsadi ba rate bana ba bone e bile ba iphe nako e ntsi le bone ka mo ba ka kgonang ka teng. Gape o batla gore batsadi ba sireletse bana ba bone gore ba se ka ba wela mo kotsing, le gore ba ba katise ba dirisa melaometheo ya Baebele. (Diane 1:8) O laela borre jaana: “Tswelelelang lo godisa [bana ba lona] ka tsela e . . . Jehofa a batlang ka yone.” (Bala Baefeso 6:4.) Jehofa o a itumela fa batsadi ba ikobela taelo ya gagwe fa ba godisa bana ba bone, e bile ba sa neye ope maikarabelo a go dira jalo.

2. Jehofa o naya bana kgakololo efe?

Jehofa o laela bana jaana: “Utlwang batsadi ba lona.” (Bala Bakolosa 3:20.) Fa bana ba tlotla batsadi ba bone e bile ba ba ikobela, ba itumedisa Jehofa le batsadi ba bone. (Diane 23:22-25) Jesu o ne a tlhoma sekao se se molemo fa a ne a sa ntse a le ngwana. Le fa gone a ne a itekanetse, o ne a ikobela batsadi ba gagwe e bile a ba tlotla.—Luke 2:51, 52.

3. Lo ka dira eng gore lo atamalane le Modimo lo le lelapa?

Fa e le gore o motsadi, ga go pelaelo gore o batla gore bana ba gago ba rate Jehofa fela jaaka o mo rata. O ka dira seo jang? Ka go dira se Baebele e se buang fa e re: “O tshwanetse go jalela [mafoko a ga Jehofa] kwa teng mo go bomorwao o bo o bue ka one fa o ntse mo ntlong ya gago le fa o tsamaya mo tseleng.” (Duteronome 6:7) Go “jalela kwa teng” go kaya go ruta ka go boaboeletsa sengwe. Gongwe o ka tswa o itse gore o tshwanetse go nna o boaboeletsa sengwe gore bana ba gago ba se gopole. Temana eno e kaya gore o tshwanetse go batla ditshono tsa go bua le bana ba gago ka Jehofa ka metlha. Go molemo gore lo beele nako kwa thoko beke le beke gore lo kgone go ithuta ka Jehofa lo le lelapa. Le fa lo ka tswa lo se na bana, go tla bo go le molemo gore beke le beke lo iphe nako ya go ithuta Lefoko la Modimo.

ITHUTE MO GO OKETSEGILENG

Bona dikakantsho tse di tla thusang gore botlhe mo lelapeng ba ikutlwe ba sireletsegile ba bo ba itumele.

4. Katisa bana ba gago ka lorato

Go katisa ngwana e ka nna kgwetlho. Baebele e ka go thusa jang? Bala Jakobe 1:19, 20, lo bo lo tlotla ka dipotso tseno:

  • Batsadi ba ka bontsha jang bana ba bone gore ba a ba rata fa ba bua le bone?

  • Goreng motsadi a sa tshwanela go otlhaya bana ba gagwe fa a galefile? a

5. Sireletsa bana ba gago

Gore o kgone go sireletsa bana ba gago, go botlhokwa thata gore o bue le bone ka tlhakanelodikobo. Gone o ka nna wa ikutlwa o sa phuthologa go dira jalo. Tshameka BIDIO eno, lo bo lo tlotla ka dipotso tse di latelang.

  • Ke eng fa go le thata gore batsadi bangwe ba bue le bana ba bone ka tlhakanelodikobo?

  • Batsadi bangwe ba ile ba dirisa ditsela dife go bua le bana ba bone ka tlhakanelodikobo?

Fela jaaka Baebele e ile ya bolelelapele, lefatshe la ga Satane le sulafalela pele. Bala 2 Timotheo 3:1, 13, lo bo lo tlotla ka potso eno:

  • Batho bangwe ba ba bosula ba go buiwang ka bone mo temaneng ya 13, ba sotla bana ka tlhakanelodikobo. Ka jalo, ke eng fa go le botlhokwa gore batsadi ba rute bana ba bone ka tlhakanelodikobo, le gore ba ka itshireletsa jang gore batho ba se ka ba ba sotla ka yone?

A o ne o itse?

Basupi ba ga Jehofa ba dirile dikgatiso di le dintsi tse di thusang batsadi go ruta bana ba bone ka tlhakanelodikobo le go ba sireletsa mo bathong ba ba ka ba sotlang. Ka sekai, bona dikgatiso tseno:

6. Tlotla batsadi ba gago

Bana le basha ba ka bontsha batsadi ba bone gore ba a ba tlotla ka tsela e ba buang le bone ka yone. Tshameka BIDIO eno, lo bo lo tlotla ka dipotso tse di latelang.

  • Ke eng fa go le botlhokwa gore ngwana kgotsa mosha a bue le batsadi ba gagwe ka tlotlo?

  • Mosha a ka bua jang le batsadi ba gagwe ka tsela e e bontshang gore o a ba tlotla?

Bala Diane 1:8, lo bo lo tlotla ka potso eno:

  • Mosha o tshwanetse go itshwara jang fa batsadi ba gagwe ba mmolelela se a tshwanetseng go se dira?

7. Obamelang Jehofa lo le lelapa

Malapa a Basupi ba ga Jehofa a beela nako kwa thoko beke le beke gore ba obamele Modimo ba le mmogo. Kobamelo eno ya lelapa e ka tshwarwa jang? Tshameka BIDIO eno, lo bo lo tlotla ka dipotso tse di latelang.

  • Lelapa le ka dira eng gore le nne le Kobamelo ya Lelapa ka metlha?

  • Motsadi a ka dira eng gore kobamelo ya lelapa e solegele botlhe molemo e bile e itumedise?—Bona setshwantsho se se kwa tshimologong ya thuto eno.

  • Ke eng se se ka dirang gore go nne thata gore lo ithute lo le mmogo mo lelapeng?

Kwa Iseraele wa bogologolo, Jehofa o ne a lebeletse gore malapa a tlotle ka Dikwalo ka metlha. Bala Duteronome 6:6, 7, lo bo lo tlotla ka potso eno:

  • O ka dirisa molaomotheo ono jang?

Se lo ka se dirang ka kobamelo ya lelapa:

  • Baakanyetsang dipokano.

  • Balang pego nngwe ya Baebele e lelapa le ka e itumelelang lo bo lo tlotla ka yone.

  • Fa e le gore o na le bana ba bannye, itseele kgotsa printa dithuto tse di diretsweng bana mo jw.org.

  • Fa bana ba gago e le basha, tlotlang ka setlhogo sengwe se se buang ka basha mo jw.org.

  • Wena le bana ba gago, itireleng terama lo dirisa pego ya motho mongwe yo go buiwang ka ene mo Baebeleng.

  • Lebelelang bidio nngwe mo jw.org lo bo lo tlotla ka yone.

BATHO BANGWE BA RE: “Bana ga ba ka ke ba tlhaloganya Baebele.”

  • O ka mo raya o reng?

O ITHUTILE ENG?

Jehofa o batla gore batsadi ba rate bana ba bone, ba ba katise ba bo ba ba sireletse; o batla gore bana ba tlotle batsadi ba bone e bile ba ba ikobele; gape o batla gore malapa a mo obamele a le mmogo.

Poeletso

  • Batsadi ba ka katisa bana ba bone jang le go ba sireletsa?

  • Bana ba ka bontsha jang gore ba tlotla batsadi ba bone?

  • Go beela nako kwa thoko beke le beke gore lo nne le kobamelo ya lelapa go na le melemo efe?

Leka go Dira Seno

DINTLHA TSE DINGWE

Ke dithuto dife tse di ka thusang bana ba gago gore ba ipaakanyetse nako ya fa ba godile?

“Dilo Tse Thataro Tse Bana ba Tlhokang go di Rutiwa” (Tsogang! No. 2 2019) (5:58)

Bona kgakololo e Baebele e e nayang batho ba ba tlhokomelang batsadi ba bone ba ba godileng.

“Baebele e a Reng ka go Tlhokomela Batsadi ba ba Godileng?” (Setlhogo se se mo website)

Bona gore monna mongwe yo o neng a sa itse gore a ka godisa bana ba gagwe jang, o ile a thusiwa ke eng gore a nne rre yo o molemo.

Jehofa o re Rutile go Godisa Bana ba Rona (5:58)

Ithute gore borre ba ka tiisa kamano ya bone le barwa ba bone jang.

“Borre ba ka Dira Jang Gore ba Nne ba Atamalane le Bomorwaabone?” (Tora ya Tebelo, November 1, 2011)

a Mo Baebeleng, lefoko “kotlhao” le kaya go ruta, go kaela le go gakolola. Ga le kaye go sotla kgotsa go nna makgwakgwa.—Diane 4:1.