Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 51

O ka Itumedisa Jehofa Jang Ka se O se Buang?

O ka Itumedisa Jehofa Jang Ka se O se Buang?

Fa Jehofa a ne a re bopa, o ile a re naya mpho e e molemo, e leng bokgoni jwa go bua. A Jehofa o tsaya tsela e re dirisang mpho eo ka yone e le botlhokwa? Ee, o e tsaya e le botlhokwa! (Bala Jakobe 1:26.) Ka jalo, re ka dirisa jang bokgoni jwa rona jwa go bua ka tsela e e tla itumedisang Jehofa?

1. Re ka dirisa jang mpho ya go bua?

Baebele e re bolelela gore ‘re nne re kgothatsane re bo re agane.’ (1 Bathesalonika 5:11) A o ka akanya ka mongwe yo o tlhokang go kgothadiwa? O ka dira eng go mo thusa gore a ikutlwe botoka? Mmolelele gore o mo tsaya a le botlhokwa. Gongwe o ka mmolelela gore ke eng se o se ratang ka ene. O akanya gore ke temana efe e o ka e dirisang go kgothatsa motho yo o mo itseng? Go na le ditemana di le dintsi tse o ka tlhophang mo go tsone. Gape gopola gore tsela e o buang ka yone e ka kgothatsa ba bangwe fela thata. Ka jalo, ka metlha leka go bua ka tsela e e bonolo le e e bontshang bopelonomi.—Diane 15:1.

2. Re tshwanetse go tila go bua ka tsela efe?

Baebele e a re: “A lefoko le le bodileng le se ka la tswa mo molomong wa lona.” (Bala Baefeso 4:29.) Seno se raya gore ga re a tshwanela go dirisa mafoko a a sa siamang kgotsa go bua dilo tse di utlwisang yo mongwe botlhoko. Gape re tshwanetse go tila go seba ba bangwe le go ba senya maina.—Diane 16:28.

3. Ke eng se se ka re thusang gore re bue ka tsela e e kgothatsang ba bangwe?

Gantsi dilo tse re buang ka tsone di bontsha ba bangwe gore re ikutlwa jang le gore re akantse eng. (Luke 6:45) Ka jalo, re tshwanetse go itlwaetsa go akanya ka dilo tse di siameng, tse di phepa, tse di rategang le tse di tshwanelwang ke pako. (Bafilipi 4:8) Gore re kgone go dira jalo, re tshwanetse go tlhopha boitlosobodutu jwa rona le ditsala ka botlhale. (Diane 13:20) Gape go botlhokwa gore re akanye ka kelotlhoko pele ga re bua. Ela tlhoko gore se o se buang se tla ama ba bangwe jang. Baebele e a re: “Go bua o sa akanye go tshwana le go tlhaba ga tšhaka, mme loleme lwa ba ba botlhale ke phodiso.”Diane 12:18.

ITHUTE MO GO OKETSEGILENG

Ithute gore o ka bua jang le batho ba bangwe ka tsela e e itumedisang Jehofa le ka tsela e e kgothatsang.

4. Laola tsela e o buang ka yone

Ka dinako tse dingwe, re bua dilo tse moragonyana re di ikwatlhaelang. (Jakobe 3:2) Bala Bagalatia 5:22, 23, lo bo lo tlotla ka dipotso tseno:

  • O ka rapelela nonofo efe mo go tseno e e ka go thusang go laola tsela e o buang ka yone? Dinonofo tseno di ka go thusa jang?

Bala 1 Bakorintha 15:33, lo bo lo tlotla ka potso eno:

  • Ditsala tsa gago le boitlosobodutu jo o bo tlhophang, di ka tlhotlheletsa jang tsela e o buang ka yone?

Bala Moreri 3:1, 7, lo bo lo tlotla ka potso eno:

  • Ke leng go ka nnang botlhale go didimala kgotsa go emela nako e e botoka ya gore o bue?

5. Bua dilo tse di molemo ka batho ba bangwe

Re ka tila jang go bua dilo tse di ka utlwisang ba bangwe botlhoko? Tshameka BIDIO eno, lo bo lo tlotla ka dipotso tse di latelang.

  • Mo bidiong eno, goreng mokaulengwe yono a ne a batla go fetola tsela e a buang ka yone ka ba bangwe?

  • O ile a dira eng?

Bala Moreri 7:16, lo bo lo tlotla ka potso eno:

  • Re tshwanetse go gopola eng fa re raelesega go bua dilo tse di sa siamang ka ba bangwe?

Bala Moreri 7:21, 22, lo bo lo tlotla ka potso eno:

  • Ditemana tseno di ka go thusa jang gore o se ka wa galefa fa ba bangwe ba bua dilo tse di sa siamang ka wena?

6. Nna bonolo fa o bua le ba lelapa la gago

Jehofa o batla gore re bue le ba malapa a rona ka bonolo le ka tsela e e bontshang lorato. Tshameka BIDIO eno, lo bo lo tlotla ka potso e e latelang.

  • Ke eng se se tla go thusang gore o bue o le bonolo le ba lelapa la gago?

Bala Baefeso 4:31, 32, lo bo lo tlotla ka potso eno:

  • O ka bua jang le ba lelapa la gago ka tsela e e tla dirang gore ba ikutlwe ba ratiwa?

Jehofa o ile a bua gore o ikutlwa jang ka Morwawe e bong Jesu. Bala Mathaio 17:5, lo bo lo tlotla ka potso eno:

  • O ka etsa Jehofa jang ka tsela e o buang le ba lelapa la gago ka yone?

Batla ditsela tsa go akgola ba bangwe

BATHO BANGWE BA RE: “Ke bua sengwe le sengwe se ke se akanyang. Ga se bothata jwa me fa batho ba sa rate se ke se buang.”

  • A o dumalana le seo kgotsa nnyaa? Goreng o rialo?

O ITHUTILE ENG?

Se re se buang se ka thusa batho kgotsa sa ba utlwisa botlhoko. Re tshwanetse go ela tlhoko gore re bua eng, re se bua leng e bile re se bua jang.

Poeletso

  • O ka dirisa jang mpho ya go bua go thusa ba bangwe?

  • O tshwanetse go tila go bua ka tsela efe?

  • Ke eng se se ka re thusang gore ka metlha fa re bua re nne bonolo e bile re kgothatse?

Leka go Dira Seno

DINTLHA TSE DINGWE

Ke eng se se ka re thusang gore re bue ka tsela e e ka kgothatsang ba bangwe?

Nna le Loleme Lwa ba ba Botlhale (8:04)

Ithute gore ke eng se se ka go thusang go tila go dirisa puo e e sa siamang.

“A Tota go Rogana go Phoso?” (Setlhogo se se mo website)

Bona gore o ka tila jang go seba batho ba bangwe.

Nka Dira Jang Gore ke Tlogele go Seba? (2:36)

Bona gore Jehofa o thusitse jang monna mongwe yo o neng a batla go tlogela go rogana.

“Ke ne Ka Simolola go Itharabologelwa” (Tora ya Tebelo, August 1, 2013)