Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 52

Ke Eng Fa go Le Botlhokwa Gore re Apara Eng le Gore re Lebega Jang?

Ke Eng Fa go Le Botlhokwa Gore re Apara Eng le Gore re Lebega Jang?

Tsela e re aparang ka yone le e re ipaakanyang ka yone ga e tshwane. Fa re ikobela melaometheo ya Baebele, re ka tlhopha diaparo tse re di ratang mme gone re bo re sa ntse re itumedisa Jehofa. A re tlotle ka melaometheo eo.

1. Ke melaometheo efe e e ka re thusang fa re tlhopha diaparo le tsela e re ipaakanyang ka yone?

Re tshwanetse go tlhopha “diaparo tse di rulagantsweng sentle, tse di tlotlegang le tse di akanyeditsweng sentle,” mme re nne re le phepa e bile re bontshe gore re batho “ba ba ineetseng mo Modimong.” (1 Timotheo 2:9, 10) Ela tlhoko melaometheo eno e menê: (1) Diaparo tsa rona e tshwanetse go nna “tse di rulagantsweng sentle.” O ka tswa o lemogile gore kwa dipokanong, batho ba ga Jehofa ba apara ka ditsela tse di farologaneng, mme tsela e re aparang ka yone le e re baakanyang meriri ya rona ka yone, e bontsha gore re tlotla Modimo. (2) Go apara ka tsela e e “tlotlegang” go kaya gore diaparo tsa rona ga di dire gore batho ba ba re lebileng ba nne le maikutlo a a sa siamang a tlhakanelodikobo, e bile ga di dire gore batho ba re tlhome matlho thata. (3) Re bontsha gore re ‘akanyetsa dilo sentle’ fa re sa latele feshene nngwe le nngwe fela e e tsenang. (4) Ka metlha tsela e re lebegang ka yone e tshwanetse go bontsha gore re batho “ba ba ineetseng mo Modimong,” gore batho ba bangwe ba lemoge motlhofo fela gore re obamela Modimo wa boammaaruri.—1 Bakorintha 10:31.

2. Tsela e re lebegang ka yone e ka ama badumedimmogo le rona jang?

Ke boammaaruri gore re na le kgololesego ya go tlhopha se re ka se aparang, mme gone re tshwanetse go akanyetsa gore tsela e re aparang ka yone e tla ama ba bangwe jang. Re leka ka natla gore re se ka ra kgopisa ope, go na le moo, re ‘itumedisa moagelani wa rona ka go mo direla se se molemo gore re mo age.’—Bala Baroma 15:1, 2.

3. Tsela e re lebegang ka yone e ka thusa ba bangwe jang gore ba batle go ithuta ka Jehofa?

Ka metlha re leka go apara ka tsela e e siameng, mme re nna kelotlhoko thata gore re apara jang fa re ya dipokanong le fa re ya go rera. Ga re batle gore batho ba se ka ba reetsa molaetsa wa rona ka gonne ba itewa tsebe ke tsela e re lebegang ka yone. Go na le moo, re batla gore tsela e re lebegang ka yone e dire gore batho ba batle go ithuta ka Modimo e bile e “kgabise thuto ya Mmoloki wa rona.”Tito 2:10.

ITHUTE MO GO OKETSEGILENG

Ithute gore re ka dira eng gore tsela e re ipaakanyang ka yone le e re aparang ka yone, e bontshe batho gore re Bakeresete.

Tsela e re aparang ka yone e ka bontsha gore a re tlotla batho ba ba nang le taolo. Le fa gone Jehofa a bona se se mo dipelong tsa rona, tsela e re lebegang ka yone, le yone e tshwanetse go bontsha gore re a mo tlotla

4. Fa re lebega sentle re bontsha gore re tlotla Jehofa

Lebaka la botlhokwa thata la go bo re tshwanetse go lebega sentle ke lefe? Bala Pesalema 47:2, lo bo lo tlotla ka dipotso tseno:

  • Kgang ya gore re emela Jehofa e tshwanetse go ama jang tsela e re aparang ka yone?

  • A o akanya gore go a tlhokega gore re amege ka tsela e re lebegang ka yone fa re ya dipokanong le fa re ya go rera? Goreng o rialo?

5. Ke eng se se tla re thusang fa re batla go tlhopha diaparo le tsela e re lebegang ka yone?

Tshameka BIDIO eno.

Le fa diaparo tsa rona e ka tswa e le tse di turang kgotsa tse di sa tureng, di tshwanetse go nna phepa e bile di tshwanela maemo ape fela a re leng mo go one. Bala 1 Bakorintha 10:24 le 1 Timotheo 2:9, 10. Go tswa foo, lo bo lo tlotla ka lebaka la go bo re tshwanetse go tila go apara diaparo . . .

  • tse di tlhakatlhakaneng e bile di se phepa kgotsa tsa go iketla tse di feteletseng.

  • tse di tsimpang, tse di bonaletsang, kgotsa tse di dirang gore ba bangwe ba nne le maikutlo a a sa siamang a tlhakanelodikobo.

Le fa gone Bakeresete ba sa kaelwe ke Molao wa ga Moshe, ba ka ithuta go tswa mo go one gore Jehofa o akanya jang. Bala Duteronome 22:5, lo bo lo tlotla ka potso eno:

  • Goreng re tshwanetse go tila go apara le go ipaakanya ka tsela e e dirang gore banna ba lebege jaaka basadi kgotsa basadi ba lebege jaaka banna?

Bala 1 Bakorintha 10:32, 33 le 1 Johane 2:15, 16, lo bo lo tlotla ka dipotso tseno:

  • Ke eng fa re tshwanetse go amega ka gore a tsela e re lebegang ka yone e kgopisa ba bangwe mo lefelong le re nnang mo go lone kgotsa mo phuthegong?

  • Ke mefuta efe ya go apara le ya go ipaakanya e e tlwaelegileng mo lefelong la lona?

  • A o akanya gore mengwe ya mefuta eo e ka tswa e sa tshwanela Mokeresete? Goreng o rialo?

Re ka kgona go apara le go ipaakanya ka ditsela tse di sa tshwaneng mme re bo re sa ntse re itumedisa Jehofa

BATHO BANGWE BA RE: “Ke na le tshwanelo ya go apara jaaka ke batla.”

  • A o dumalana le seo? Goreng o rialo?

O ITHUTILE ENG?

Fa re dira ditshwetso tse di siameng malebana le gore re tla apara eng le gore re tla lebega jang, re bontsha gore re tlotla Jehofa le batho ba bangwe.

Poeletso

  • Ke eng fa tsela e re aparang ka yone le e re ipaakanyang ka yone e le botlhokwa mo go Jehofa?

  • Ke melaometheo efe e e tshwa- netseng go re kaela fa re dira ditshwetso tsa gore re tla apara eng le gore re tla ipaakanya jang?

  • Tsela e re lebegang ka yone e tla dira gore batho ba bangwe ba lebe jang kobamelo ya boammaaruri?

Leka go Dira Seno

DINTLHA TSE DINGWE

Utlwa gore batho ba bangwe ba ka reng ka wena fa ba bona tsela e o apereng ka yone.

“Ke Lebega Jang?” (Setlhogo se se mo website)

Bona gore ke eng fa go le botlhale go akanya pele ga o ka itira matshwao a a sa phimogeng mo mmeleng (tattoo).

“Baebele ya Reng ka Matshwao A a Sa Phimogeng?” (Setlhogo se se mo website)

Bona melaometheo e mengwe e e ka go kaelang fa o dira ditshwetso.

“A Tsela e o Aparang ka Yone e Galaletsa Modimo?” (Tora ya Tebelo, September 2016)

Mosadi mongwe yo o neng a batla go itumedisa Modimo, o ile a ithuta jang go amogela ditshwetso tse ba bangwe ba di dirang ka moaparo?

“Tsela e ba Bangwe ba Neng ba Apara le go Ipaakanya ka Yone E ne E Nkgopisa” (Setlhogo sa Tsogang!)