Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 54

“Motlhanka yo o Boikanyego Le yo O Botlhale” ke Mang Mme o Dira Eng?

“Motlhanka yo o Boikanyego Le yo O Botlhale” ke Mang Mme o Dira Eng?

Jesu ke Tlhogo ya phuthego ya Bokeresete. (Baefeso 5:23) Gompieno o kaela balatedi ba gagwe mo lefatsheng a le kwa legodimong, a dirisa “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale.” (Bala Mathaio 24:45.) Jesu Keresete ke ene a tlhomileng “motlhanka” yoo a bo a mo naya tshwanelo ya go dira ditshwetso dingwe. Mme gone, motlhanka yoo o tshwanetse go ikobela Keresete le go direla bomorwarraagwe Keresete. Motlhanka yoo ke mang? O re tlhokomela jang?

1. “Motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” ke mang?

Jehofa ga a bolo go dirisa monna kgotsa setlhopha sa banna go kaela batho ba gagwe. (Malaki 2:7; Bahebera 1:1) Fa Jesu a sena go swa, baaposetoloi le bagolwane kwa Jerusalema e ne ya nna bone ba ba etelelang pele. (Ditiro 15:2) Ka tsela e e tshwanang, le gompieno go na le setlhopha sa bagolwane ba ba etelelang pele. Ba bidiwa Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa. Ba re tlamela ka dijo tsa tshwantshetso, e bile ba etelela pele tiro ya go rera. Setlhopha seno ke sone ‘motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale yo Jesu a mo tlhomileng.’ (Mathaio 24:45a) Maloko otlhe a Setlhopha se se Laolang, ke Bakeresete ba ba tloditsweng ka moya o o boitshepo, ba ba lebileng pele go busa le Jesu kwa legodimong fa botshelo jwa bone jwa mo lefatsheng bo sena go khutla.

2. Motlhanka yo o boikanyego o re tlamela ka dijo dife tsa tshwantshetso?

Jesu o ne a re motlhanka yo o boikanyego o ne a tla ‘naya Bakeresetemmogo le ene dijo ka nako e e siameng.’ (Mathaio 24:45b) Fela jaaka dijo tsa mmatota di thusa mebele ya rona gore e nonofe e bile e itekanele, dijo tsa tshwantshetso, e leng dithuto tse di tswang mo Lefokong la Modimo, le tsone di re naya maatla a gore re tswelele re ikanyega mo go Jehofa le go dira tiro e Jesu a re abetseng yone. (1 Timotheo 4:6) Re newa dijo tseo tsa tshwantshetso ka dipokano, dikopano tse dinnye, dikopano tse dikgolo, gammogo le ka dikgatiso le dibidio tse di re thusang go tlhaloganya se Modimo a se batlang le go tiisa botsala jwa rona le ene.

ITHUTE MO GO OKETSEGILENG

Ithute gore ke eng fa re tlhoka “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale,” e leng Setllhopha se se Laolang.

Setlhopha se se Laolang se tlamela Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe ka dijo tsa tshwantshetso, se a ba kaela e bile se a ba thusa

3. Batho ba ga Jehofa ba tshwanetse go rulaganngwa sentle

Setllhopha se se Laolang se rulaganya tiro e Basupi ba ga Jehofa ba e dirang se kaelwa ke Jesu. Jesu o ne a kaela Bakeresete ba bogologolo ka tsela e e tshwanang. Tshameka BIDIO eno.

Bala 1 Bakorintha 14:33, 40, lo bo lo tlotla ka potso eno:

  • Ditemana tseno di bontsha jang gore Jehofa o batla gore Basupi ba gagwe ba rulaganngwe sentle?

4. Motlhanka yo o boikanyego o rulaganya tiro ya rona ya go rera

Go rera e ne e le tiro ya botlhokwa thata e Bakeresete ba bogologolo ba neng ba e dira. Bala Ditiro 8:14, 25, lo bo lo tlotla ka dipotso tseno:

  • Mo Bakereseteng ba bogologolo, ke mang yo o neng a ntsha ditaelo tsa gore tiro ya go rera e dirwe jang?

  • Petere le Johane ba ile ba itshwara jang fa baaposetoloi ba bangwe ba ne ba ba naya ditaelo?

Go rera ke tiro ya botlhokwa thata e Setlhopha se se Laolang se e rulagantseng. Tshameka BIDIO eno.

Jesu o ile a gatelela gore go rera go botlhokwa thata. Bala Mareko 13:10, lo bo lo tlotla ka dipotso tseno:

  • Goreng Setlhopha se se Laolang se tsaya tiro ya go rera e le botlhokwa thata?

  • Ke eng fa re tlhoka “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” gore a rulaganye tiro eno e e dirwang mo lefatsheng lotlhe?

5. Motlhanka yo o boikanyego o a re kaela

Setlhopha se se Laolang se kaela Bakeresete mo lefatsheng lotlhe. Ke eng se se ba thusang go dira tshwetso ya gore ke kaelo efe e ba tshwanetseng go e ntsha? Ela tlhoko gore setlhopha se se laolang sa bogologolo se ile sa dira seo jang. Bala Ditiro 15:1, 2, lo bo lo tlotla ka dipotso tseno:

  • Bakeresete bangwe ba bogologolo ba ne ba sa dumalane ka eng?

  • Paulo, Barenabase le ba bangwe, ba ile ba ya go kopa kaelo kwa go mang?

Bala Ditiro 15:12-18, 23-29, lo bo lo tlotla ka potso eno:

  • Pele ga setlhopha se se laolang sa bogologolo se dira tshwetso, se ile sa dira eng go batla kaelo ya Modimo ka kgang eo?—Bona temana 12, 15 le 28.

Bala Ditiro 15:30, 31 le 16:4, 5, lo bo lo tlotla ka dipotso tseno:

  • Bakeresete ba bogologolo ba ile ba tsibogela jang kaelo ya setlhopha se se laolang?

  • Jehofa o ile a ba segofatsa jang ka gonne ba ile ba ikoba?

Bala 2 Timotheo 3:16 le Jakobe 1:5, lo bo lo tlotla ka potso eno:

  • Gompieno, Setlhopha se se Laolang se kopa kaelo kwa go mang fa se dira ditshwetso?

BATHO BANGWE BA RE: “Fa o reetsa Setlhopha se se Laolang, o a bo o latela batho.”

  • Ke eng se se go tlhatswang pelo gore Jesu o kaela Setlhopha se se Laolang?

O ITHUTILE ENG?

Setlhopha se se Laolang ke sone “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” yo o tlhomilweng ke Keresete. Se kaela Bakeresete mo lefatsheng lotlhe, e bile se ba tlamela ka dijo tsa tshwantshetso.

Poeletso

  • Ke mang yo o tlhomileng “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale”?

  • Setlhopha se se Laolang se re tlhokomela jang?

  • A o dumela gore Setlhopha se se Laolang ke sone “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale”?

Leka go Dira Seno

DINTLHA TSE DINGWE

Bona gore Setlhopha se se Laolang se rulagantswe jang gore se dire tiro ya sone.

“Setlhopha se se Laolang sa Baupi ba ga Jehofa ke Eng?” (Setlhogo se se mo website)

Ithute gore Setlhopha se se Laolang se tlhomamisa jang gore re amogela dijo tsa tshwantshetso tse di nepileng.

Go Tlhomamisa Gore Dikga-tiso Tsa Rona di Nepile (17:18)

Maloko a Setlhopha se se Laolang a ikutlwa jang ka tiro e Jesu a ba abetseng yone?

Tshiamelo e e Kgethegileng (7:04)

Dipokano le dikopano tsa rona tse dikgolo di bontsha jang gore Jehofa o kaela Setlhopha se se Laolang?

Jehofa o Ruta Batho ba Gagwe (9:39)