Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 57

O Tshwanetse go Dira Eng fa o Dirile Boleo jo bo Masisi?

O Tshwanetse go Dira Eng fa o Dirile Boleo jo bo Masisi?

Le fa gone o rata Jehofa fela thata e bile o leka ka natla go tila go dira dilo tse di tla mo utlwisang botlhoko, nako le nako o tla dira diphoso. Le fa go ntse jalo, diphoso tse dingwe di masisi thata go feta tse dingwe. (1 Bakorintha 6:9, 10) Fa o dirile boleo jo bo masisi, gopola gore Jehofa ga a tlogela go go rata; o iketleeleditse go go itshwarela le go go thusa.

1. Re tshwanetse go dira eng gore Jehofa a re itshwarele?

Batho ba ba ratang Jehofa ba utlwa botlhoko thata fa ba lemoga gore ba dirile boleo jo bo masisi. Mme ba gomodiwa ke tsholofetso eno e Jehofa a e neileng batho ba gagwe: “Le fa gone maleo a lona a le mahibidu, a tla dirwa masweu fela jaaka kapoko.” (Isaia 1:18) Fa re ikwatlhaya ka pelo yotlhe, Jehofa o tla re itshwarela a gololesegile. Re ikwatlhaya jang? Re swabela se re se dirileng, mme re tlogela go dira se se bosula re bo re kopa Jehofa gore a re itshwarele. Go tswa foo, re leka ka natla go fetola tsela e e sa siamang e re ntseng re akanya ka yone kgotsa re tlogela mokgwa o o sa siamang o o dirileng gore re leofe, re bo re leka go tshela ka melao ya ga Jehofa e e siameng.—Bala Isaia 55:6, 7.

2. Jehofa o dirisa bagolwane jang go re thusa fa re dirile boleo?

Fa re dirile boleo jo bo masisi, Jehofa o re bolelela gore re ‘bitse bagolwane ba phuthego.’ (Bala Jakobe 5:14, 15.) Bagolwane bano ba rata Jehofa e bile ba rata batho ba ba mo direlang. Ba rutilwe gore ba ka re thusa jang gore re boe re nne ditsala tsa ga Jehofa gape.—Bagalatia 6:1.

Bagolwane ba re thusa jang fa re dirile boleo jo bo masisi? Bagolwane ba le babedi kgotsa ba le bararo, ba tla dirisa Baebele go re bontsha gore ke eng fa se re se dirileng se le phoso. Gape ba tla re naya dikakantsho le kgakololo e e tla re thusang gore re se ka ra boeletsa boleo joo gape. Ba ka nna ba dira tshwetso ya gore re se ka ra tlhola re nna le tshiamelo ya go dira dilo dingwe mo phuthegong ka nako e e rileng, go fitlha kamano ya rona le Jehofa e siama gape. Fa motho yo o dirileng boleo jo bo masisi a sa ikwatlhaye, bagolwane ba tla mo kgaola gore a se ka a tlhotlheletsa ba bangwe mo phuthegong ka tsela e e sa siamang.

ITHUTE MO GO OKETSEGILENG

Ithute gore o ka tlhaloganya jang kafa Jehofa a re thusang ka gone fa re dirile boleo jo bo masisi, le gore o ka lebogela seo jang.

3. Go ipolela maleo go re thusa gore re baakanye botsala jwa rona le Jehofa

Boleo bope fela jo re bo dirang bo utlwisa Jehofa botlhoko, ka jalo re tshwanetse go mmolelela gore re leofile. Bala Pesalema 32:1-5, lo bo lo tlotla ka potso eno:

  • Ke eng fa go le molemo gore re bolelele Jehofa maleo a re a dirileng go na le go leka go a fitlha?

Fa re kopa thuso mo bagolwaneng fa re sena go bolelela Jehofa maleo a re a dirileng, re tla ikutlwa botoka. Tshameka BIDIO eno, lo bo lo tlotla ka potso e e latelang.

  • Mo bidiong eno, bagolwane ba ne ba thusa Canon jang gore a boele kwa go Jehofa?

Fa re bua le bagolwane, re tshwanetse go ba bolelela sengwe le sengwe; ba iketleeleditse go re thusa. Bala Jakobe 5:16, lo bo lo tlotla ka potso eno:

  • Fa re bolelela bagolwane sengwe le sengwe, seo se ka dira jang gore ba kgone go re thusa?

Ipolele boleo jo o bo dirileng, bolelela bagolwane sengwe le sengwe, e bile o amogele thuso e Jehofa a go e nayang

4. Melemo ya go kgaola motho yo o sa ikwatlhayeng

Fa motho yo o dirileng boleo jo bo masisi a gana go ikobela melao ya ga Jehofa, a ka se tlhole a nna karolo ya phuthego. O a kgaolwa, mme ga re itsalanye le ene e bile ga re bue le ene. Bala 1 Bakorintha 5:6, 11 le 2 Johane 9-11, lo bo lo tlotla ka potso eno:

  • Fela jaaka sebediso se bedisa bupi jo bo dubilweng, go itsalanya le moleofi yo o sa ikwatlhayeng go ka ama phuthego jang?

Batho ba le bantsi ba ba ileng ba kgaolwa, moragonyana ba ile ba boela mo phuthegong. Ka ntlha ya eng? Le fa go kgaolwa go ne go le botlhoko, go ne ga ba thusa gore ba lemoge gore se ba neng ba se dirile se ne se le phoso. (Pesalema 141:5) Tshameka BIDIO eno, lo bo lo tlotla ka potso e e latelang.

  • Mo bidiong eno, go kgaolwa go ne ga thusa Kedibone jang?

Fa mongwe a kgaolwa, goreng seno se . . .

  • tlotlomatsa leina la ga Jehofa?

  • bontsha gore Jehofa o tekatekano e bile o lorato?

5. Jehofa o a re itshwarela fa re ikwatlhaya

Jesu o ne a dirisa setshwantsho se se re thusang go tlhaloganya kafa Jehofa a ikutlwang ka gone fa motho a ikwatlhaya. Bala Luke 15:1-7, lo bo lo tlotla ka potso eno:

  • Seno se go ruta eng ka Jehofa?

Bala Esekiele 33:11, lo bo lo tlotla ka potso eno:

  • Ke selo sefe sa botlhokwa se re tshwanetseng go se dira go bontsha gore re a ikwatlhaya?

Fela jaaka modisa, Jehofa o amega thata ka dinku tsa gagwe

BATHO BANGWE BA RE: “Ke tshaba gore fa nka bolelela bagolwane boleo jo ke bo dirileng, ke tla kgaolwa.”

  • O ka raya motho yo o ikutlwang ka tsela eo o reng?

O ITHUTILE ENG?

Fa re dirile boleo jo bo masisi mme re ikwatlhaya ka pelo yotlhe e bile re ikemiseditse go tlogela go dira se se bosula, Jehofa o tla re itshwarela.

Poeletso

  • Ke eng fa go le molemo gore re bolelele Jehofa maleo a re a dirileng?

  • Re tshwanetse go dira eng gore Jehofa a re itshwarele maleo?

  • Fa re dirile boleo jo bo masisi, ke eng fa re tshwanetse go kopa thuso mo bagolwaneng?

Leka go Dira Seno

DINTLHA TSE DINGWE

Bona gore Jehofa o ile a bontsha monna mongwe kutlwelobotlhoko ya gagwe jang e e tlhalosiwang mo go Isaia 1:18.

O Seke wa Belaela Bopelotlhomogi Jwa ga Jehofa (5:02)

Fa mongwe a kgaolwa, seo se thusa ba ba amegang jang?

“Ke ka Ntlha Yang fa go Kgaola e le Thulaganyo e e Lorato” (Tora ya Tebelo, May 15, 2015)

Ithute gore o ka tlhalosetsa jang motho yo e seng Mosupi gore ke eng fa ka dinako tse dingwe motho a tlhoka go kgaolwa.

“A Basupi ba ga Jehofa ba Tila Batho ba e Kileng ya Nna Maloko a Bodumedi Jwa Bone?” (Setlhogo se se mo website)

Bala pego e e reng “Ke ne Ke Tshwanetse go Boela Kwa go Jehofa,” mme o utlwe gore ke eng fa monna mongwe yo o neng a tlogetse boammaaruri a dumela gore Jehofa o ne a mo gogela kwa go ene.

“Baebele e Fetola Matshelo a Batho” (Tora ya Tebelo, April 1, 2012)