Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 58

Tswelela o Ikanyega mo go Jehofa

Tswelela o Ikanyega mo go Jehofa

Bakeresete ba boammaaruri ba ikemiseditse gore ga ba kitla ba letla ope kgotsa sepe se senya botsala jwa bone le Jehofa. Ga go pelaelo gore ke tsela e le wena o ikutlwang ka yone. Jehofa o itumelela go bo o ikanyega. (Bala 1 Ditiragalo 28:9.) Ke dilo dife tse di ka dirang gore go nne thata go tswelela o ikanyega mo go ene, mme ke eng se se ka go thusang?

1. Batho ba bangwe ba ka dira jang gore go nne thata gore re tswelele re ikanyega mo go Jehofa?

Batho bangwe ba ka leka go re thibela go direla Jehofa. Ke bomang ba ba ka dirang selo se se bosula jalo? Batho bangwe ba ba tlogetseng go direla Jehofa, ba bua maaka ka phuthego ya Modimo ka gonne ba batla gore re se ka ra tlhola re nna le tumelo. Batho bao ba bidiwa batlhanogi. Gape baeteledipele bangwe ba dikereke ba bua maaka ka rona, ka gonne ba batla gore ba ba seng kelotlhoko ba tlogele go direla Jehofa. Go kotsi go bua le baganetsi bao, go bala dibuka tsa bone le se ba se kwadileng mo diwebsaeteng tsa bone, kgotsa go lebelela dibidio tsa bone. Jesu o ile a bua jaana ka batho ba ba lekang go kgoba ba bangwe marapo gore ba se ka ba direla Jehofa ka boikanyegi: “A ba kgopisege. Ke bagogi ba ba foufetseng. Jaanong fa motho yo o foufetseng a goga motho yo o foufetseng, ba tla wela mo khuting mmogo.”Mathaio 15:14.

Re tla dira eng fa mongwe yo re mo itseng a dirile tshwetso ya gore ga a tlhole a batla go nna Mosupi wa ga Jehofa? Go ka utlwisa botlhoko thata fa mongwe yo re mo ratang a ka dira jalo. Motho yoo a ka nna a re pateletsa gore re tlhophe magareng ga gagwe le Jehofa. Re tshwanetse go ikemisetsa go nna re ikanyega mo Modimong fela. (Mathaio 10:37) Ka jalo, re ikobela taelo ya ga Jehofa ya gore re se ka re itsalanya le batho ba ba ntseng jalo.—Bala 1 Bakorintha 5:11.

2. Ditshwetso tse re di dirang di ka bontsha jang gore a re ikanyega mo go Jehofa?

Tsela e re ratang Jehofa ka yone e tla re tlhotlheletsa gore re tile sepe fela se se amanang le bodumedi jwa maaka. Tiro ya rona ya boitshediso, mekgatlho e re e tsenelang kgotsa sepe fela se re se dirang, ga di a tshwanela go amana ka gope le bodumedi jwa maaka. Jehofa o re tlhagisa jaana: “Tswang mo [Babelona yo Mogolo] batho ba me.”Tshenolo 18:2, 4.

ITHUTE MO GO OKETSEGILENG

Ithute gore o ka dira eng gore o se ka wa letla ope a go tlhotlheletsa gore o se ka wa ikanyega mo go Jehofa. Gape ithute gore o ka bontsha jang gore o a ikanyega ka go tswa mo Babelona yo Mogolo.

3. Ikele tlhoko mo barutising ba maaka

Re tshwanetse go itshwara jang fa re utlwa batho ba bua dilo tse di sa siamang ka phuthego ya ga Jehofa? Bala Diane 14:15, lo bo lo tlotla ka potso eno:

  • Ke eng fa re nna kelotlhoko gore re se ka ra dumela sengwe le sengwe se re se utlwang?

Bala 2 Johane 10, lo bo lo tlotla ka dipotso tseno:

  • Re tshwanetse go leba batlhanogi jang?

  • Le fa gone re ka se bue le batlhanogi ka tlhama- lalo, re ka kopana jang le dithuto tsa bone?

  • O akanya gore Jehofa o tla ikutlwa jang fa re reetsa dilo tse di sa siamang tse di buiwang ka ene kgotsa ka phuthego ya gagwe?

4. Tswelela o ikanyega mo Modimong fa Mokeresete mongwe a leofa

Fa re itse gore mongwe mo phuthegong o dirile boleo jo bo masisi, re na le boikarabelo bofe? Ela tlhoko molaomotheo o o tswang mo Molaong o Modimo a neng a o neile Baiseraele ba bogologolo. Bala Lefitiko 5:1.

Jaaka temana eno e tlhalosa, fa re itse gore mongwe o dirile boleo jo bo masisi, re tshwanetse go bolelela bagolwane se re se itseng. Mme pele ga o dira jalo, go tla bo go le molemo gore o kgothaletse motho yoo gore a ye go bolelela bagolwane boleo jo a bo dirileng. Fa a sa dire jalo, re tla bontsha gore re ikanyega mo go Jehofa ka go bolelela bagolwane se re se itseng. Go dira jalo go bontsha jang gore re rata . . .

  • Jehofa Modimo?

  • motho yo o dirileng boleo?

  • ba bangwe mo phuthegong?

Fa modumedimmogo le wena a le mo mathateng, mo thuse!

5. Ikgaoganye le Babelona yo Mogolo

Bala Luke 4:8 le Tshenolo 18:4, 5, o bo o araba dipotso tseno:

  • A ke sa ntse ke tsewa ke le leloko la bodumedi jwa maaka?

  • A ke leloko la mokgatlho mongwe o o amanang le bodumedi bongwe?

  • A tiro e ke e dirang e ema nôkeng bodumedi jwa maaka ka tsela nngwe?

  • A go na le dikarolo dingwe mo botshelong jwa me tse di amanang le bodumedi jwa maaka, tse ke tlhokang go kgaogana le tsone?

  • Fa e le gore ke arabile nngwe ya dipotso tseno ka ee, ke tshwanetse go dira diphetogo dife?

Mo maemong otlhe, dira tshwetso e e tla go tlogelang o na le segakolodi se se siameng e bile e bontsha gore o ikanyega mo go Jehofa.

O tla dira eng fa o kopiwa go ntsha moneelo o o thusang mokgatlho mongwe wa bodumedi?

BATHO BANGWE BA RE: “Ke tlhoka go itse se batlhanogi ba se buang ka Basupi ba ga Jehofa gore ke kgone go emela boammaaruri.”

  • A go tla bo go le botlhale go dira jalo? Goreng o rialo?

O ITHUTILE ENG?

Gore re tswelele re ikanyega mo go Jehofa, re tshwanetse go tila go itsalanya le batho ba ba sa ikanyegeng mo go ene. Gape re tshwanetse go ikgaoganya le bodumedi jwa maaka ka ditsela tsotlhe.

Poeletso

  • Goreng re sa tshwanela go lebelela, go bala kgotsa go reetsa dilo tse batlhanogi ba di buang?

  • Re tshwanetse go dirisana jang le batho ba ba sa tlholeng ba batla go nna Basupi ba ga Jehofa?

  • Re ka ikobela jang taelo ya gore re tswe mo bodumeding jwa maaka?

Leka go Dira Seno

DINTLHA TSE DINGWE

Ithute gore o ka dira eng fa ba bangwe ba bua maaka ka Basupi ba ga Jehofa.

“A o Na le Dintlha Tsotlhe?” (Tora ya Tebelo, August 2018)

O ka lemoga jang mekgatlho kgotsa ditiro tse di emang nôkeng Babelona yo Mogolo?

“Nna o Tshwaregile mo Bokhutlong Jwa ‘Metlha ya Bofelo’” (Tora ya Tebelo, October 2019, serapa 16-18)

Ke eng se baganetsi bangwe ba ileng ba se dira go leka go koafatsa tumelo ya rona?

Ikele Tlhoko Gore O se Ka wa Tsiediwa (9:32)

Bala pego e e reng “Ga ke Bolo go Batla Modimo go Tloga Ke sa Le Ngwana,” mme o utlwe ka moruti mongwe wa Moshinto yo o ileng a tlogela bodumedi jwa maaka.

“Baebele e Fetola Matshelo a Batho” (Tora ya Tebelo, July 1, 2011)