Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 59

O ka Kgona go Itshoka fa o Bogisiwa

O ka Kgona go Itshoka fa o Bogisiwa

Bakeresete botlhe ba tlile go ganediwa le go bogisiwa, gone jaanong kgotsa mo nakong e e tlang. A seo se tshwanetse go re tshosa?

1. Goreng re lebeletse gore re tla bogisiwa?

Baebele e tlhalosa gore: “Botlhe ba ba eletsang go obamela Modimo e le balatedi ba ga Keresete Jesu le bone ba tla bogisiwa.” (2 Timotheo 3:12) Jesu o ile a bogisiwa ka gonne e ne e se karolo ya lefatshe la ga Satane. Le rona ga re karolo ya lefatshe leno, ka jalo ga re gakgamale fa dipuso tsa batho le mekgatlho ya bodumedi di re bogisa.—Johane 15:18, 19.

2. Re ka ipaakanyetsa jang pogiso?

Re tshwanetse go nonotsha tsela e re ikanyang Jehofa ka yone gone jaanong. Iphe nako ya go mo rapela le go bala Lefoko la gagwe letsatsi le letsatsi. Nna gone kwa dipokanong ka metlha. Fa o dira dilo tseno, o tla nna le maatla a o a tlhokang gore o lebane le pogiso ka bopelokgale, tota le fa o bogisiwa ke ba lelapa la gago. Moaposetoloi Paulo yo gantsi a neng a bogisiwa, o ne a kwala jaana: “Jehofa ke mothusi wa me; ga nkitla ke boifa.”Bahebera 13:6.

Gape re ka nna le bopelokgale fa re rera ka metlha. Fa re rera, re ithuta go ikaega ka Jehofa le go fenya go boifa batho. (Diane 29:25) Fa o lwela go nna le bopelokgale jwa go rera gone jaanong, o tla bo o ipaakanyeditse go tswelela o rera, tota le fa puso e leka go go thibela go rera.—1 Bathesalonika 2:2.

3. Re solegelwa molemo jang fa re itshokela pogiso?

Boammaaruri ke gore ga re itumelele go bogisiwa, mme fa re kgona go itshoka fa re bogisiwa, tumelo ya rona e nna maatla le go feta. Re atamalana le Jehofa thata ka gonne re lemoga kafa a re thusang ka gone fa re se na maatla. (Bala Jakobe 1:2-4.) Jehofa o utlwa botlhoko fa a re bona re boga, mme gone o a itumela fa a bona re kgona go itshoka. Baebele e a re: “Fa lo boga ka gonne lo dira molemo, seo se itumedisa Modimo.” (1 Petere 2:20) Fa re tswelela re ikanyega, Jehofa o tla re duela ka botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng le lesha. Ka nako eo, batho botlhe ba ba tla bong ba tshela mo lefatsheng ba tla direla Jehofa, e bile go tla bo go se na ope yo o ba ganetsang.—Mathaio 24:13.

ITHUTE MO GO OKETSEGILENG

Ithute gore ke eng fa re ka kgona go ikanyega mo go Jehofa le fa batho ba re bogisa, le gore o tla re duela jang.

4. O ka kgona go itshoka fa ba lelapa ba go ganetsa

Jesu o ne a itse sentle gore bangwe mo lelapeng la rona ba ka nna ba re thibela go direla Jehofa. Bala Mathaio 10:34-36, lo bo lo tlotla ka potso eno:

  • Bangwe mo lelapeng ba ka dira eng fa yo mongwe a batla go direla Jehofa?

Fa o batla go bona sekai sa seno, tshameka BIDIO eno, lo bo lo tlotla ka potso e e latelang.

  • O tla dira eng fa mongwe wa losika kgotsa tsala a leka go go thibela go direla Jehofa?

Bala Pesalema 27:10 le Mareko 10:29, 30. Fa lo sena go bala temana nngwe le nngwe, tlotlang ka potso eno:

  • Tsholofetso eno e ka go thusa jang fa ba lelapa kgotsa ditsala ba go ganetsa?

5. Tswelela o obamela Jehofa le fa o bogisiwa

Motho o tlhoka bopelokgale gore a direle Jehofa le fa ba bangwe ba leka go mo thibela go dira jalo. Tshameka BIDIO eno, lo bo lo tlotla ka potso e e latelang.

  • Dikai tse di mo bidiong eno di go thusa jang gore o nne le bopelokgale?

Bala Ditiro 5:27-29 le Bahebera 10:24, 25. Fa lo sena go bala temana nngwe le nngwe, tlotlang ka potso eno:

  • Goreng go le botlhokwa thata gore re tswelele re obamela Jehofa le fa puso e re laela gore re se ka ra rera kgotsa ra kopana mmogo?

6. Jehofa o tla go thusa gore o kgone go itshoka

Basupi ba ga Jehofa ba bagolo le ba bannye mo lefatsheng lotlhe, ba ile ba tswelela ba direla Jehofa ka boikanyegi le fa ba bogisiwa. Fa o batla go bona gore ba ile ba thusiwa ke eng, tshameka BIDIO eno. Go tswa foo, lo bo lo tlotla ka potso e e latelang.

  • Mo bidiong eno, ke eng se se thusitseng Basupi bano gore ba kgone go itshoka?

Bala Baroma 8:35, 37-39 le Bafilipi 4:13. Fa lo sena go bala temana nngwe le nngwe, tlotlang ka potso eno:

  • Temana eno e go tlhomamisetsa jang gore o ka kgona go itshokela teko nngwe le nngwe?

Bala Mathaio 5:10-12, lo bo lo tlotla ka potso eno:

  • Goreng o ka itumela le fa o bogisiwa?

Basupi ba ga Jehofa ba le bantsi ba ile ba direla Jehofa ka boikanyegi le fa ba ganediwa. Le wena o ka kgona go itshoka!

BATHO BANGWE BA RE: “Nka se kgone go itshokela go bogisiwa.”

  • Ke ditemana dife tse di ka ba nayang bopelokgale jo ba bo tlhokang?

O ITHUTILE ENG?

Jehofa o itumelela matsapa a re a tsayang go mo direla le fa re bogisiwa. A ka re thusa gore re kgone go itshoka!

Poeletso

  • Goreng Bakeresete ba ka lebelela gore ba tlile go bogisiwa?

  • Ke eng se o ka se dirang gone jaanong gore o nne o le mala- laalaotswe fa pogiso e tla?

  • Ke eng se se ka go thusang gore o tlhatswege pelo gore o ka kgona go direla Jehofa le fa o bogisiwa?

Leka go Dira Seno

DINTLHA TSE DINGWE

Reetsa fa mokaulengwe yo mosha a tlhalosa kafa Jehofa a neng a mo thusa ka gone gore a itshoke fa a ne a le kwa kgolegelong ka gonne a sa tseye letlhakore.

Ke ne Ka Itshoka Le fa Ke Bogisiwa (2:34)

Bona gore ke eng se se thusitseng banyalani bangwe gore ba tswelele ba direla Jehofa ka boikanyegi ka dingwaga di le dintsi le fa ba ne ba ganediwa.

Go Direla Jehofa ka Nako Tsa Mathata (7:11)

Ithute gore o ka nna pelokgale jang fa o bogisiwa.

“Ipaakanyetse go Bogiswa” (Tora ya Tebelo, July 2019)

Re tshwanetse go dira eng fa ba lelapa ba re ganetsa, mme re ka dira eng gore go tswelele go na le kagiso mo lelapeng e bile re tswelele re ikanyega mo go Jehofa?

“Boammaaruri ga bo Tlise ‘Kagisoʼ Mme bo Tlisa ‘Tšhakaʼ” (Tora ya Tebelo, October 2017)