Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 60

Tswelela o Tiisa Botsla Jwa Gago le Jehofa

Tswelela o Tiisa Botsla Jwa Gago le Jehofa

Fa o ntse o ithuta buka eno, o ithutile dilo di le dintsi ka Jehofa. Dilo tse o di ithutileng di ne tsa dira gore o mo rate thata mo o ka tswang o ile wa ineela mo go ene o bo o kolobediwa. Fa e le gore ga o ise o dire jalo, gongwe o akanyetsa go dira seo mo nakong e e sa fediseng pelo. Mme fa o sena go kolobediwa, ga o emise go atalamana le Jehofa. O ka tswelela o le tsala ya gagwe ka bosakhutleng. O ka dira seo jang?

1. Goreng o tshwanetse go tswelela o tiisa botsala jwa gago le Jehofa?

Re tshwanetse go dira ka natla gore re tswelele re tiisa botsala jwa rona le Jehofa. Goreng? “Gore le ka motlha re se ka ra katogela go sele” ra mo tlogela. (Bahebera 2:1) Ke eng se se ka re thusang gore re nne re direla Jehofa ka boikanyegi? Re ka nna re tshwaregile mo tirong ya go rera, le ka go batla ditsela tse dingwe tsa go direla Modimo wa rona ka botlalo. (Bala Bafilipi 3:16.) Go direla Jehofa ke tsela e e molemolemo mo botshelong!—Pesalema 84:10.

2. Ke eng gape se re tshwanetseng go nna re se dira?

Le fa gone jaanong o fetsa go ithuta buka eno, botshelo jwa gago jwa go nna Mokeresete bo sa ntse bo tswelela. Baebele e a re re tlhoka go ‘apara botho jo bosha.’ (Baefeso 4:23, 24) Fa o ntse o ithuta Lefoko la Modimo e bile o nna gone kwa dipokanong, o tla ithuta dilo di le dintsi tse disha ka Jehofa le ka dinonofo tsa gagwe. Batla ditsela tse o ka etsang botho jwa gagwe ka tsone mo botshelong jwa gago. Tswelela o dira diphetogo dipe fela tse di tlhokegang gore o itumedise Jehofa.

3. Jehofa o tla go thusa jang gore o tiise botsala jwa gago le ene?

Baebele e a re: “Modimo . . . o tla lo katisa a bo a dira gore lo tshwanelegele go mo direla. O tla lo nonotsha, o tla lo thusa gore lo tswelele lo ikanyega e bile o tla dira gore lo nne lo tiile.” (1 Petere 5:10) Rotlhe re tla raelesega go dira dilo tse di sa siamang. Mme Jehofa o re naya se re se tlhokang gore re kgone go di fenya. (Pesalema 139:23, 24) O solofetsa gore o tla go naya keletso le maatla a gore o mo direle ka boikanyegi.—Bala Bafilipi 2:13.

ITHUTE MO GO OKETSEGILENG

Ithute gore o ka tswelela o tiisa botsala jwa gago le Jehofa jang, le gore o tla go segofatsa jang.

4. Nna o bua le Tsala ya gago e kgolo e bile o e reetsa

Go rapela le go ithuta Baebele go go thusitse gore o nne tsala ya ga Jehofa. Go dira dilo tseno, go tla go thusa jang gore botsala jwa gago le ene bo tswelele bo gola?

Bala Pesalema 62:8, lo bo lo tlotla ka potso eno:

  • Fa o batla go tiisa botsala jwa gago le Jehofa, o ka dira eng gore o tokafatse dithapelo tsa gago?

Bala Pesalema 1:2 le ntlha e e kwa tlase, lo bo lo tlotla ka potso eno:

  • Fa o batla go tiisa botsala jwa gago le Jehofa, o ka dira eng gore o tokafatse tsela e o balang Baebele ka yone?

O ka dira eng gore o solegelwe molemo ke go ithuta Baebele o le esi? Fa o batla go bona dikakantsho dingwe, tshameka BIDIO eno, lo bo lo tlotla ka dipotso tse di latelang.

  • Ke kakantsho efe mo go tse di umakilweng mo bidiong eno, e o ka e dirisang?

  • Ke ditlhogo dife tse o ka ratang go di ithuta?

5. Ipeele mekgele ya go direla Jehofa

Go ipeela mekgele ya go direla Jehofa go tla tiisa botsala jwa gago le ene. Tshameka BIDIO eno, lo bo lo tlotla ka potso e e latelang.

  • Mo bidiong eno, Cameron o ile a solegelwa molemo jang ke go ipeela mekgele ya go direla Jehofa?

Ga se mongwe le mongwe yo o ka kgonang go ya go rera kwa nageng e sele. Mme rotlhe re ka ipeela mekgele e re ka e fitlhelelang. Bala Diane 21:5, lo bo lo tlotla ka mekgele e o ka ratang go ipeela yone . . .

  • mo phuthegong.

  • mo bodireding.

Molaomotheo o o mo temaneng eno o ka go thusa jang gore o fitlhelele mekgele ya gago?

Mekgele e o ka ipeelang yone

  • Go tokafatsa dithapelo tsa gago.

  • Go bala Baebele yotlhe.

  • Go itse batho botlhe mo phuthegong.

  • Go simolola thuto ya Baebele le go e tshwara ka metlha.

  • Go nna mmulatsela yo o thusang kgotsa mmulatsela wa ka metlha.

  • Fa e le gore o mokaulengwe, kgaratlhela go nna motlhanka wa bodiredi.

6. Itumelele go tshelela ruri!

Bala Pesalema 22:26, lo bo lo tlotla ka potso eno:

  • O ka dira eng gore o itumelele botshelo gone jaanong le ka bosakhutleng?

O ITHUTILE ENG?

Tswelela o tiisa botsala jwa gago le Jehofa e bile o ipeela mekgele e e tla go thusang gore o nne o mo direla. Fa o dira jalo, o tla itumelela go tshelela ruri!

Poeletso

  • Ke eng fa o tlhatswegile pelo gore Jehofa o tla go thusa gore o mo direle ka boikanyegi?

  • O ka tiisa botsala jwa gago le Jehofa jang?

  • Go ipeela mekgele ya go direla Jehofa mo go oketsegileng go ka go thusa jang gore botsala jwa gago le ene bo tie?

Leka go Dira Seno go Tloga Jaanong

DINTLHA TSE DINGWE

Ke eng se Jehofa a se tsayang se le botlhokwa thata, go dira sengwe se se tlhomologileng gangwe fela o bontsha gore o ineetse mo go ene, kgotsa go mo direla ka boikanyegi botshelo jotlhe jwa gago?

Tswelela o Ikanyega Jaaka Aborahame (9:20)

Tota le motlhanka wa ga Jehofa yo o ikanyegang, a ka felelwa ke boitumelo. Bona gore ke eng se se ka mo thusang gore a itumele gape.

Itumelele go Ithuta le go Tlhatlhanya (5:25)

O ka ipeela mekgele efe ya go direla Jehofa le go e fitlhelela?

“Dirisa Mekgele ya Semoya go Galelatsa Mmopi wa Gago” (Tora ya Tebelo, July 15, 2004)

Ke eng fa go le botlhokwa gore o nne Mokeresete yo o godileng sentle, mme ke eng se se ka go thusang go dira jalo?

“Gagamalela Kwa go Goleng Sentle ka Gonne ‘Letsatsi le Legolo la ga Jehofa le Gaufi’” (Tora ya Tebelo, May 15, 2009)