Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Poeletso ya Karolo 2

Poeletso ya Karolo 2

Tlotla ka dipotso tse di latelang le motho yo o go rutang:

  1. Modimo o tla dira eng ka dikereke tse di sa ruteng boammaaruri?

    (Bona Thuto 13.)

  2. Bala Ekesodo 20:4-6.

    • Jehofa o ikutlwa jang fa batho ba mo obamela ba dirisa ditshwantsho?

      (Bona Thuto 14.)

  3. Jesu ke mang?

    (Bona Thuto 15.)

  4. Ke eng se o se ratang thata ka botho jwa ga Jesu?

    (Bona Thuto 17.)

  5. Bala Johane 13:34, 35 le Ditiro 5:42.

    • Ke bomang ba e leng Bakeresete ba boammaaruri gompieno? Ke eng se se go bontshang gore ke bone Bakeresete ba boammaaruri?

      (Bona Thuto 18 le 19.)

  6. Ke mang yo o eteletseng phuthego pele, mme o e kaela jang?

    (Bona Thuto 20.)

  7. Bala Mathaio 24:14.

    • Boporofeti jono bo diragadiwa jang gompieno?

    • Ke bomang ba o ntseng o ba bolelela dikgang tse di molemo?

      (Bona Thuto 21 le 22.)

  8. A o akanya gore kolobetso e botlhokwa thata? Goreng o akanya jalo?

    (Bona Thuto 23.)

  9. O ka itshireletsa jang gore Satane le madimona ba se ka ba go tlhasela?

    (Bona Thuto 24.)

  10. Modimo o ikaeletse go re direla eng?

    (Bona Thuto 25.)

  11. Goreng batho ba boga e bile ba swa?

    (Bona Thuto 26.)

  12. Bala Johane 3:16.

    • Ke eng se Jehofa a se dirileng go re golola mo boleong le mo losong?

      (Bona Thuto 27.)

  13. Bala Moreri 9:5.

    • Go diragala eng fa re swa?

    • Ke eng se Jesu a tla se direlang batho ba bantsintsi ba ba suleng?

      (Bona Thuto 29 le 30.)

  14. Bogosi Jwa Modimo bo gaisa dipuso tsa batho ka ditsela dife?

    (Bona Thuto 31 le 33.)

  15. A o dumela gore Bogosi Jwa Modimo bo a busa? Goreng o rialo? Bo simolotse go busa leng?

    (Bona Thuto 32.)