Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A ke Setse ke Siame?

A ke Setse ke Siame?

A ke Setse ke Tshwanelega go Rera le Phuthego?

O ka siamela go nna mmoledi yo o sa kolobediwang fa e le gore . . .

  • Ka metlha o bala Baebele, o a rapela e bile o nna gone kwa dipokanong.

  • O rata se o se ithutang, o a se dumela e bile o se bolelela ba bangwe.

  • O rata Jehofa e bile o tlhopha go tsalana le batho ba ba mo ratang.

  • Ga o tlhole o le leloko la dipolotiki kgotsa la bodumedi jwa maaka.

  • O tshela go dumalana le melao ya ga Jehofa e bile o batla go nna Mosupi wa ga Jehofa.

Fa e le gore o akanya gore o setse o siametse go rera le phuthego, motho yo o go rutang Baebele a ka rulaganya gore o kopane le bagolwane gore lo sekaseke se se ka go thusang go tshwanelega.

A ke Siametse go Kolobediwa?

O ka siamela go kolobediwa fa e le gore . . .

  • O mmoledi yo o sa kolobediwang.

  • Ka metlha o nna le seabe mo tirong ya go rera ka mo o ka kgonang ka teng.

  • O ema nôkeng kaelo ya “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” e bile o a e ikobela. —Mathaio 24:45-47.

  • O setse o ineetse mo go Jehofa ka go mo rapela e bile o batla go mo direla ka bosakhutleng.

Fa e le gore o akanya gore o setse o siametse go kolobediwa, motho yo o go rutang Baebele a ka rulaganya gore o kopane le bagolwane gore lo sekaseke se se ka go thusang go tshwanelega.