Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Meletlo le Malatsi a a Ketekiwang

Meletlo le Malatsi a a Ketekiwang

Ditiragalo tse Bakeresete ba nnang teng kwa go tsone

Ke letsatsi lefe le Bakeresete ba laelwang gore ba le gopole?

Batho ba Modimo ba itumelela go kopana mmogo go mo obamela

Dut 31:12; Bah 10:24, 25

  • Pego ya Baebele e e ka go thusang:

Meletlo e Bakeresete ba sa tshwanelang go nna teng kwa go yone

Goreng go le phoso go nna le seabe mo meletlong e e amanang le bodumedi jwa maaka?

1Bk 10:21; 2Bk 6:14-18; Bae 5:10, 11

Bona le “Go Kopana ga Madumedi a a Farologaneng

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Ek 32:1-10​—Baiseraele ba ne ba galefisa Jehofa fa ba ne ba leka go kopanya bodumedi jwa boammaaruri le jwa maaka

    • Dip 25:1-9​—Jehofa o ne a otlhaya batho ba gagwe ka gonne ba ne ba na le seabe mo meletlong ya bodumedi jwa boheitane le mo boitsholong jo bo sa siamang

A Keresemose ke moletlo wa Bokeresete?

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Luk 2:1-5​—Jesu o ne a tsholwa ka nako e Baroma ba neng ba laetse gore batho ba kwadisiwe, mme go bonala ba ne ba ka se pateletse Bajuda ba ba neng ba sa batle go ba ikobela gore ba tseye loeto go le mariga

    • Luk 2:8, 12​—Fa Jesu a ne a tsholwa, badisa ba ne ba le kwa ntle le matsomane a bone bosigo, mme ba ne ba ka se dire jalo ka December ka gonne go le mariga

A Bakeresete ba tshwanetse go keteka malatsi a botsalo?

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Ge 40:20-22​—Faro wa moheitane o ne a keteka letsatsi la botsalo jwa gagwe, mme kwa moletlong oo go ne ga bolawa motho

    • Mat 14:6-11​—Kwa moletlong wa letsatsi la botsalo jwa ga Kgosi Herode, yo o neng a tlhoile balatedi ba ga Keresete, o ne a bolaya Johane Mokolobetsi

Meletlo e e theilweng mo Molaong wa ga Moshe

A Bakeresete ba tshwanetse go dira dilo tse di mo Molaong wa ga Moshe tse Baiseraele ba neng ba laetswe go di dira, tse di akaretsang meletlo e e farologaneng?

A Bakeresete ba tshwanetse go ikobela molao o o amanang le Sabata ya beke le beke?

Meletlo ya naga

A Bakeresete ba tshwanetse go keteka meletlo e e amanang le ditiragalo tsa sepolotiki tse naga e di fitlheletseng?

A Bakeresete ba tshwanetse go nna le seabe mo meletlong ya go gopola dintwa dingwe kgotsa e e tlotlomatsang masole?

A Bakeresete ba tshwanetse go nna le seabe mo meletlong e e tlotlomatsang batho ba ba tlotlegang?

Ek 20:5; Bar 1:25

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Dit 12:21-23​—Modimo o ne a otlhaya Kgosi Herode Ageripa I fa a ne a amogela kobamelo e batho ba neng ba mo naya yone

    • Dit 14:11-15​—Moaposetoloi Barenabase le moaposetoloi Paulo ba ne ba gana fa batho ba ne ba batla go ba obamela

    • Tsh 22:8, 9​—Moengele wa ga Jehofa o ne a gana go obamelwa