Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Bakeresete

Bakeresete

Go tlile jang gore balatedi ba ga Jesu ba bidiwe Bakeresete?

Bakeresete ba boammaaruri ba lemogiwa ka eng?

Bakeresete ba boammaaruri ba tla bolokwa go ikaegile ka eng?

Goreng Bakeresete ba tsaya Keresete e le Kgosi ya bone e e kwa legodimong?

Goreng Bakeresete ba boammaaruri ba tila go nna le seabe mo dikgannyeng tsa lefatshe?

Goreng Bakeresete ba boammaaruri ba ikobela dipuso?

Bar 13:1, 6, 7; Tit 3:1; 1Pe 2:13, 14

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Mat 22:15-22​—Jesu o ne a tlhalosa lebaka la go bo balatedi ba gagwe ba duela makgetho

    • Dit 4:19, 20; 5:27-29​—Balatedi ba ga Jesu ba a itse gore ba tshwanetse go ikobela dipuso fa fela di sa ba laele go tlola molao wa Modimo

Bakeresete ba tshwana le masole ka ditsela dife?

Goreng Bakeresete ba tshwanetse go tshela tumalanong le se ba se dumelang?

Mat 5:16; Tit 2:6-8; 1Pe 2:12

Bona le Bae 4:17, 19-24; Jak 3:13

  • Pego ya Baebele e e ka go thusang:

    • Dit 9:1, 2; 19:9, 23​—Kobamelo ya Bakeresete e bidiwa “Tsela,” mme seno se kaya tsela e ba tshwanetseng go tshela ka yone

Goreng Bakeresete ba boammaaruri ba tshwanetse go nna Basupi ba ga Jehofa?

Goreng Bakeresete ba boammaaruri gape e le basupi ba ga Jesu Keresete?

Goreng Bakeresete ba boammaaruri botlhe ba tshwanetse go rera dikgang tse di molemo?

Bakeresete ba tshwanetse go leba jang go bogisiwa?

Bona “Go Bogisiwa

A Bakeresete ba boammaaruri botlhe ba ya go tshela kwa legodimong le Jesu Keresete?

Bontsi jwa Bakeresete ba boammaaruri ba na le tsholofelo ya go tshela kae mo nakong e e tlang?

A Bakeresete ba boammaaruri ba fitlhelwa mo dikerekeng tsotlhe tse di ipitsang tsa Bokeresete?

A ruri batho botlhe ba ba ipitsang gore ke Bakeresete, ke balatedi ba ga Jesu?

Mat 7:21-23; Bar 16:17, 18; 2Bk 11:13-15; 2Pe 2:1

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Mat 13:24-30, 36-43​—Jesu o ne a dira setshwantsho se se neng se bontsha gore go ne go tla nna le Bakeresete ba maaka ba le bantsi

    • 2Bk 11:24-26​—Moaposetoloi Paulo o ne a umaka “bakaulengwe ba maaka” fa a ne a bua ka dikotsi tse a neng a lebana le tsone

    • 1Jo 2:18, 19​—Moaposetoloi Johane o ne a tlhalosa gore “batho ba le bantsi ba ba ganetsang Keresete,” ba ne ba setse ba tlogetse boammaaruri