Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kgomotso

Kgomotso

Kgomotso e re e bonang go tswa mo Baebeleng fa re kgobegile marapo

Go Tlhobaela

Bona “Go Tlhobaela

Bogale; go boloka sekgopi

Batho bangwe ba a galefa fa ba lebana le mathata kgotsa fa ba sa tshwarwe sentle

Mor 9:11, 12

Bona le Ps 142:4; Mor 4:1; 7:7

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Ru 1:11-13, 20​—Fa Naomi a sena go tlhokafalelwa ke monna le barwa ba le babedi, o ne a utlwa botlhoko thata e bile o ne a akanya gore Jehofa o mo latlhile

    • Job 3:1, 11, 25, 26; 10:1​—Jobe o ne a utlwile botlhoko thata ka gonne o ne a latlhegetswe ke dikhumo, a tlhokafaletswe ke bana ba gagwe botlhe ba ba lesome e bile a lwala

  • Ditemana tse di gomotsang:

  • Dipego tsa Baebele tse di gomotsang:

Batho bangwe ba galefisiwa ke dilo tse di bosula tse ba bangwe ba di dirang

Mor 4:1, 2

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • 1Sa 1:6, 7, 10, 13-16​—Hana o ne a utlwisiwa botlhoko thata ke tsela e e sa siamang e Penina a neng a mo tshwara ka yone, e bile gape Moperesiti yo Mogolo e bong Eli o ne a akanya gore o tagilwe

    • Job 8:3-6; 16:1-5; 19:2, 3​—Ditsala tsa ga Jobe tse tharo di ne tsa mo kgala, mme seo se ne sa mo utlwisa botlhoko le go feta

  • Ditemana tse di gomotsang:

  • Dipego tsa Baebele tse di gomotsang:

    • 1Sa 1:9-11, 18​—Hana o ne a ikutlwa botoka fa a sena go rapela Jehofa

    • Job 42:7, 8, 10, 17​—Fa Jobe a sena go itshwarela ditsala tsa gagwe tse tharo, Jehofa o ne a mo segofatsa

Maikutlo a a tseneletseng a go ikutlwa molato

Esr 9:6; Ps 38:3, 4, 8; 40:12

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • 2Dk 22:8-13; 23:1-3​—Kgosi Josia le batho ba a neng a ba busa ba ne ba lemoga gore ba dirile molato o mogolo fa ba sena go balelwa Molao wa ga Moshe

    • Esr 9:10-15; 10:1-4​—Esera le batho ba ne ba utlwile botlhoko e bile ba ipona molato ka gonne batho bangwe ba ne ba sa ikobele Jehofa mme ba ne ba nyetse basadi ba ditšhaba tse dingwe

    • Luk 22:54-62​—Moaposetoloi Petere o ne a utlwa botlhoko thata fa a sena go itatola Jesu makgetlo a le mararo

  • Ditemana tse di gomotsang:

  • Dipego tsa Baebele tse di gomotsang:

    • 2Dt 33:9-13, 15, 16​—Manase e ne e le nngwe ya dikgosi tse di bosula thata tsa Juda; le fa go ntse jalo, o ile a ikwatlhaya mme Modimo o ne a mo itshwarela

    • Luk 15:11-32​—Jesu o ne a dira setshwantsho sa morwa yo o neng a latlhegile e le go bontsha gore Jehofa o iketleeleditse go itshwarela ka pelo yotlhe

Fa ba bangwe ba re swabisitse ka gonne ba sa dira jaaka re ne re solofetse, ba re utlwisitse botlhoko kgotsa ba re tsieditse

Bona “Go Swabisiwa

Fa re ikutlwa re swabile ka ntlha ya makoa le diphoso tsa rona

Bona “Go Swabisiwa

Fa re na le maikutlo a gore ga re botlhokwa

Maikutlo a gore re ka se kgone go rarabolola bothata bongwe kgotsa go dira kabelo nngwe

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Ek 3:11; 4:10​—Moshe o ne a akanya gore a ka se kgone go bua le Faro le go ntsha batho ba Modimo kwa Egepeto

    • Jer 1:4-6​—Jeremia o ne a akanya gore o monnye thata le gore ga a na maitemogelo a go bolelela batho ba ba sa batleng go mo reetsa moletsa wa katlhalo o o tswang kwa go Jehofa

  • Ditemana tse di gomotsang:

  • Dipego tsa Baebele tse di gomotsang:

    • Ek 3:12; 4:11, 12​—Jehofa o ne a netefaletsa moporofeti Moshe gangwe le gape gore o tla mo thusa go diragatsa kabelo eo

    • Jer 1:7-10​—Jehofa o ne a bolelela moporofeti Jeremia gore a se ka a boifa ka gonne o tla mo thusa mo kabelong eo e e thata

Go tswela ba bangwe pelo; go nna lefufa

Bona “Go Nna Lefufa

Bangwe ga ba kgone go dira mo go oketsegileng jaaka ba batla ka gonne ba lwala kgotsa ba tsofetse

Ps 71:9, 18; Mor 12:1-7

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • 2Dk 20:1-3​—Kgosi Hesekia o ne a hutsafetse thata fa a ne a lwala e bile a le gaufi le go swa

    • Baf 2:25-30​—Epaforodito o ne a utlwile botlhoko thata ka gonne bakaulengwe ba kwa Filipi ba ne ba utlwile gore o a lwala mme o ne a na le maikutlo a gore ba tla akanya gore o paletswe ke go dira kabelo ya gagwe

  • Ditemana tse di gomotsang:

  • Dipego tsa Baebele tse di gomotsang:

    • 2Sa 17:27-29; 19:31-38​—Kgosi e ne e tlotla Barisilai yo o neng a tsofetse mme e ne ya mo laletsa gore a tsamaye le yone kwa Jerusalema. E re ka Barisilai a ne a le boingotlo, o ne a gana taletso eo ka gonne a ne a lemoga gore o tsofetse

    • Ps 41:1-3, 12​—Fa Kgosi Dafide a ne a lwala thata, o ne a tlhatswegile pelo gore Jehofa o tla mo thusa

    • Mar 12:41-44​—Jesu o ne a akgolela motlholagadi wa mohumanegi moneelo o a ileng a o ntsha ka gonne o ne a ntshitse sotlhe se a se kgonang

Kutlobotlhoko e e sa feleng e e bakilweng ke go sa tshwarwe sentle

Go boifa; go tshoga

Bona “Go Boifa

Go Bogisiwa

Bona “Go Bogisiwa