Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kgakololo

Kgakololo

Fa mongwe a go gakolola

Goreng re tshwanetse go batla kgakololo e e theilweng mo Baebeleng?

Ke eng fa go le botoka go amogela kgakololo go na le go dira diipato?

Dia 12:15; 29:1

Bona le Dia 1:23-31; 15:31

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • 1Sa 15:3, 9-23​—Fa moporofeti Samuele a ne a gakolola Saulo, Saulo o ne a dira diipato mme a se ka a amogela kgakololo eo; ka jalo Jehofa o ne a se ka a tlhola a mo amogela

    • 2Dt 25:14-16, 27​—Kgosi Amasia o ne a dira boleo mme o ne a gana go amogela kgakolo e a neng a e newa ke moporofeti wa ga Jehofa, ka jalo Jehofa o ne a se ka a tlhola a mo amogela le go mo sireletsa

Goreng re tshwanetse go tlotla balebedi fa ba re gakolola?

1Bt 5:12; 1Ti 5:17; Bah 13:7, 17

  • Pego ya Baebele e e ka go thusang:

    • 3Jo 9, 10​—Moaposetoloi Johane yo o tsofetseng o ne a kgala Dioterefese ka gonne o ne a nyatsa ba ba eteletseng pele mo phuthegong

Goreng re tshwanetse go reetsa batho ba ba godileng?

Lef 19:32; Dia 16:31

Bona le Job 12:12; 32:7; Tit 2:3-5

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • 1Sa 23:16-18​—Kgosi Dafide o ne a amogela kgakololo e a neng a e newa ke Jonathane, yo o neng a mo feta ka dingwaga di le 30, mme kgakololo eo e ne ya mo nonotsha

    • 1Dk 12:1-17​—Kgosi Rehoboame o ne a gana go amogela kgakololo ya banna ba ba godileng mme a reetsa ya makawana, mme seo se ne sa tlisa masetlapelo

Ke eng se se bontshang gore basadi ba ba ikanyegang le batlhanka ba ga Jehofa ba ba sa ntseng ba le basha ba ka naya kgakololo e e mosola?

Job 32:6, 9, 10; Dia 31:1, 10, 26; Mor 4:13

Bona le Ps 119:100

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • 1Sa 25:14-35​—Abigaile o ne a naya Kgosi Dafide kgakololo e e neng ya mo thibela gore a se ka a bolaya batho ba le bantsi ba ba se nang molato

    • 2Sa 20:15-22​—Kgakololo e e neng ya newa ke mosadi yo o botlhale wa kwa motseng wa Abele, e ne ya boloka batho ba motse oo

    • 2Dk 5:1-14​—Mosetsanyana wa Moiseraele o ne a ntsha kakantsho ya gore ke eng se motlhabani yo o maatla a neng a ka se dira gore a fodisiwe lepero

Goreng re sa tshwanela go reetsa kgakololo ya batho ba ba sa tlotleng Jehofa le Lefoko la gagwe?

Ps 1:1; Dia 4:14

Bona le Luk 6:39

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • 1Dt 10:13, 14​—Kgosi Saulo o ne a kopa thuso kwa mothong yo o dirisanag le badimo go na le go kopa thuso kwa go Jehofa, mme o ne a swa ka gonne a ne a sa ikanyege mo go Jehofa

    • 2Dt 22:2-5, 9​—Kgosi Ahasia o ne a swa ka gonne a ile a reetsa kgakololo ya batho ba ba sa siamang

    • Job 21:7, 14-16​—Jobe o ne a sa batle go akanya ka tsela e batho ba ba sa tlotleng Jehofa ba neng ba akanya ka yone

Fa o gakolola mongwe

Goreng go le botlhokwa gore re reetse botlhe ba ba amegang le go nna le dintlha tsotlhe pele ga re naya kgakololo?

Dia 18:13, 17

Bona le Dia 25:8

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • 1Sa 1:9-16​—Moperesiti yo Mogolo e bong Eli o ne a naya Hana kgakololo e e utlwisang botlhoko ka gonne a ne a akanya gore o tagilwe. O ne a dira jalo ka gonne a ne a sa tlhaloganye boemo jwa ga Hana

    • Mat 16:21-23​—E re ka moaposetoloi Petere a ne a se na dintlha tsotlhe, o ne a bolelela Jesu gore a dire sengwe se Satane a neng a se batla, go na le gore a dire se Jehofa a neng a se batla

Goreng re tshwanetse go rapela Jehofa gore a re kaele pele ga re naya ba bangwe kgakololo?

Ps 32:8; 73:23, 24; Dia 3:5, 6

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Ek 3:13-18​—Moporofeti Moshe o ne a kopa Jehofa gore a mo thuse go itse kafa a ka rarabololang mathata a Baiseraele ka gone

    • 1Dk 3:5-12​—Kgosi Solomone yo mmotlana o ne a kopa Jehofa gore a mo neye botlhale go na le go ikaega ka tlhaloganyo ya gagwe, mme Jehofa o ne a mo segofatsa

Goreng re tshwanetse go tlhomamisa gore ka metlha kgakololo e re e nayang ba bangwe e tswa mo Baebeleng?

Ps 119:24, 105; Dia 19:21; 2Ti 3:16, 17

Bona le Dut 17:18-20

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Mat 4:1-11​—Fa Jesu a ne a raelwa ke Satane, o ne a se ka a ikaega ka botlhale jwa gagwe, go na le moo o ne a mo araba a dirisa Lefoko la Modimo

    • Joh 12:49, 50​—Re tshwanetse go etsa Jesu, ka gonne ka metlha o ne a ruta batho dilo tse Jehofa a mo rutileng tsone

Goreng re tshwanetse go leka go nna bonolo fa re gakolola mongwe le go leka go batla sengwe se re ka mo akgolelang sone?

Bag 6:1; Bak 3:12

Bona le Isa 9:6; 42:1-3; Mat 11:28, 29

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • 2Dt 19:2, 3​—Jehofa o ne a roma moporofeti mongwe gore a ye go gakolola Kgosi Jehoshafate, go tswa foo a bo a mo akgolela dilo tse di molemo tse a di dirileng

    • Tsh 2:1-4, 8, 9, 12-14, 18-20​—Jesu o ne a akgola diphuthego dingwe pele ga a di naya kgakololo

Fa mokaulengwe a re bolelela gore mokaulengwe yo mongwe o mo tsieditse kgotsa o mo sentse leina, ke eng fa re tshwanetse go mmolelela gore a ye go bua le mokaulengwe yoo ba le babedi fela?

Goreng re tshwanetse go kgothaletsa Mokeresete yo o akanyang gore ga a a tshwarwa sentle gore a nne kutlwelobotlhoko, a nne pelotelele e bile a itshwarele?

Mat 18:21, 22; Mar 11:25; Luk 6:36; Bae 4:32; Bak 3:13

Bona le Mat 6:14; 1Bk 6:1-8; 1Pe 3:8, 9

  • Pego ya Baebele e e ka go thusang:

    • Mat 18:23-35​—Jesu o ne a dira setshwantsho se se neng se bontsha gore ke eng fa go le botlhokwa thata gore re itshwarele ba bangwe

Ke eng fa re tshwanetse go latela melao ya ga Jehofa fa re gakolola ba bangwe?

Ps 141:5; Dia 17:10; 2Bk 7:8-11

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • 1Sa 15:23-29​—Moporofeti Samuele ga a a ka a tshosiwa ke Kgosi Saulo, go na le moo o ne a mo gakolola

    • 1Dk 22:19-28​—Moporofeti Mikaia o ne a gana go fetola molaetsa wa tlhagiso o a neng a tshwanetse go o bolelela Kgosi Ahabe, le fa gone Ahabe a ne a mo tshosetsa e bile a sa mo tshware sentle

Re ka naya mongwe kgakololo jang ka tsela e e se kitlang e koafatsa botsala jwa gagwe le Jehofa?

Bah 12:11-13

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Luk 22:31-34​—Le fa gone moaposetoloi Petere a ne a dira diphoso, Jesu o ne a tlhatswegile pelo gore Petere o tla baakanya diphoso tseo a bo a tswelela a direla Jehofa le go kgothatsa ba bangwe

    • Fil 21​—Moaposetoloi Paulo o ne a tlhatswegile pelo gore Filemone o tla amogela kgakololo e a neng a mo naya yone e e dumalanang le thato ya Modimo

Re ka bontsha jang gore re bonolo fa re gakolola batho ba ba tshwenyegileng kgotsa ba ba kgobegileng marapo?

Re ka bontsha jang mongwe yo o dirileng boleo gore re batla go mo thusa gore a atamalane le Jehofa gape?

Re ka bontsha jang gore re tlotla batho ba re ba gakololang, go sa kgathalesege dingwaga kgotsa bong jwa bone?

Fa mongwe a gana go amogela kgakololo e e tswang mo Baebeleng gangwe le gape, goreng bagolwane ba tshwanetse go mo gakolola ba tiisitse?