Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ditshwetso

Ditshwetso

Ke eng se se ka re thusang go dira ditshwetso tse di siameng?

Goreng re sa tshwanela go dira ditshwetso ka lepotlapotla?

Goreng re sa tshwanela go ikaega ka dipelo tsa rona fa re dira ditshwetso?

Dia 28:26; Jer 17:9

Bona le Dip 15:39; Dia 14:12; Mor 11:9, 10

  • Pego ya Baebele e e ka go thusang:

    • 2Dt 35:20-24​—Kgosi Josia yo o siameng o ne a itlhokomolosa kgakololo e e tswang kwa go Jehofa mme a ya go lwantsha Faro Neko

Ke eng fa re tlhoka go rapela Jehofa pele ga re dira ditshwetso tsa botlhokwa?

Baf 4:6, 7; Jak 1:5, 6

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Luk 6:12-16​—Jesu o ne a rapela bosigo jotlhe pele ga a tlhopha baaposetoloi ba gagwe ba ba 12

    • 2Dk 19:10-20, 35​—Fa Kgosi Hesekia a ne a lebane le matshosetsi a go tlhaselwa ke baba ba gagwe, o ne a rapela Jehofa mme o ne a ba golola

Ke mang yo o ka re nayang kgakololo e e molemo fa re dira ditshwetso, mme o re thusa jang go dira ditshwetso tse di siameng?

Ps 119:105; Dia 3:5, 6; 2Ti 3:16, 17

Bona le Ps 19:7; Dia 6:23; Isa 51:4

  • Pego ya Baebele e e ka go thusang:

    • Dit 15:13-18​—Fa setlhopha se se laolang kwa Jerusalema se ne se tlhoka go dira tshwetso ya botlhokwa, se ne sa batla thuso mo Dikwalong

Ditshwetso tse di amanang le:

Dikgang tsotlhe tsa botshelo

Tiro

Bona “Tiro

Boitlosobodutu

Bona “Boitapoloso

Lenyalo

Bona “Lenyalo

Kalafi

Lef 19:26; Dut 12:16, 23; Luk 5:31; Dit 15:28, 29

  • Pego ya Baebele e e ka go thusang:

    • Dit 19:18-20​—Bakeresete ba kwa Efeso ba ne ba bontsha gore ga ba tlhole ba dirisa maselamose e bile ga ba tlhole ba dirisana le badimo

Mekgele e e ka re thusang go atamalana le Jehofa

Go dirisa nako

Batlhanka ba Modimo ba ba nang le maitemogelo ba ka re thusa jang gore re dire ditshwetso tse di siameng?

Job 12:12; Dia 11:14; Bah 5:14

  • Pego ya Baebele e e ka go thusang:

    • 1Dk 1:11-31, 51-53​—Bathe-sheba o ne a amogela kgakololo e a neng a e newa ke moporofeti Nathane, mme kgakololo eo e ne ya boloka ene le morwawe e bong Solomone

Goreng re sa tshwanela go kopa ba bangwe gore ba re direle ditshwetso?

Goreng re tshwanetse go ikemisetsa go amogela kgakololo e Modimo a re nayang yone e bile re se ka ra e tsaya motlhofo?

Ps 18:20-25; 141:5; Dia 8:33

Bona le Luk 7:30

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Ge 19:12-14, 24, 25​—Lote o ne a leka go tlhagisa banna ba ba neng ba tlile go nyala bomorwadie ka go senngwa ga motse wa bone, le fa go ntse jalo ba ne ba mo itlhokomolosa

    • 2Dk 17:5-17​—Baiseraele ba ne ba isiwa botshwarwa ka gonne gangwe le gape ba ne ba gana go reetsa kgakololo ya ga Jehofa

Goreng re tshwanetse go reetsa segakolodi sa rona fa re dira ditshwetso?

Goreng go le botlhokwa go akanyetsa gore tshwetso e re e dirang e tla nna le diphelelo dife?

Kafa ditshwetso tsa rona di ka amang ba bangwe ka gone

Kafa ditshwetso tsa rona di ka amang bokamoso jwa rona ka gone

Kafa ditshwetso tsa rona di ka amang botsala jwa rona le Jehofa ka gone

Ke eng fa re tshwanetse go rwala maikarabelo a ditshwetso tse re di dirileng?