Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Swabisiwa

Go Swabisiwa

Fa ba bangwe ba re swabisitse ka gonne ba sa dira jaaka re ne re solofetse, ba re utlwisitse botlhoko kgotsa ba re tsieditse

Ps 55:12-14; Luk 22:21, 48

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • 1Sa 8:1-6​—Moporofeti Samuele o ne a utlwile botlhoko e bile a kgobegile marapo fa Baiseraele ba ne ba mo pateletsa gore a ba tlhomele kgosi

    • 1Sa 20:30-34​—Jonathane o ne a utlwile botlhoko e bile a ikutlwa a tlhabilwe ke ditlhong fa rraagwe e bong Kgosi Saulo a ne a mo galefela

  • Ditemana tse di gomotsang:

  • Dipego tsa Baebele tse di gomotsang:

    • Ps 55:12-14, 16-18, 22​—Le fa gone Kgosi Dafide a ile a tlhanogelwa ke tsala ya gagwe e bong Ahitofele, o ne a ikanya Jehofa mme o ne a gomotsega

    • 2Ti 4:16-18​—Fa moaposetoloi Paulo a ne a sekisiwa, batho ba bangwe ba ne ba mo tlhanogela, le fa go ntse jalo Jehofa o ne a mo naya maatla; gape o ne a thusiwa ke go nna le tsholofelo

Fa re ikutlwa re swabile ka ntlha ya makoa le diphoso tsa rona

Job 14:4; Bar 3:23; 5:12

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Ps 51:1-5​—Kgosi Dafide o ne a utlwile botlhoko thata ka gonne a ne a leofetse Jehofa

    • Bar 7:19-24​—Moaposetoloi Paulo o ne a kgobegile marapo thata ka gonne ka metlha o ne a tshwanelwa ke go lwantsha maikutlo a go dira dilo tse di bosula

  • Ditemana tse di gomotsang:

  • Dipego tsa Baebele tse di gomotsang:

    • 1Dk 9:2-5​—Le fa gone Kgosi Dafide a ile a dira maleo a a masisi, Jehofa o mo gopola e le monna yo o neng a ikanyega mo go ene

    • 1Ti 1:12-16​—Le fa gone moaposetoloi Paulo a ne a dirile maleo a a masisi mo nakong e e fetileng, o ne a tlhatswegile pelo gore Modimo o tla mo utlwela botlhoko