Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Kgobega Marapo

Go Kgobega Marapo

Ke eng fa go kgobega marapo go le kotsi mo batlhankeng ba ga Jehofa?

Ke eng fa re ka tlhatswega pelo gore Jehofa o tla re thusa go lwantsha go kgobega marapo?

Ps 23:1-6; 113:6-8; Isa 40:11; 41:10, 13; 2Bk 1:3, 4

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Mat 11:28-30​—Jesu o ne a le bonolo e bile a lapolosa batho ka gonne a ne a bontsha botho jo bo tshwanang le jwa ga Rraagwe ka botlalo

    • Mat 12:15-21​—Fa Jesu a ne a dirisana le batho ba ba kgobegileng marapo a le bonolo, o ne a diragatsa boporofeti jo bo mo go Isaia 42:1-4

Dintlha tse di tswang mo Baebeleng tse di ka thusang batho ba ba kgobegileng marapo go lwantsha bothata joo

Bona “Kgomotso

Goreng re tshwanetse go leka go kgothatsa ba bangwe?

Mat 18:6; Bae 4:29

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Dip 32:6-15​—Ditlhola tse di lesome tse di se nang tumelo di ne tsa kgoba Baiseraele marapo, mme seo se ne sa tlisetsa setšhaba sotlhe masetlapelo

    • 2Dt 15:1-8​—Molaetsa o o tswang kwa go Jehofa o ne wa thusa Kgosi Asa gore a nne pelokgale mme a fedise kobamelo ya medingwana mo nageng ya bone