Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Kgaola

Go Kgaola

Goreng bagolwane ba tshwanetse go sireletsa phuthego gore go se ka ga nna le tlhotlheletso e e bosula?

Boitshwaro jo bo sa siamang jwa mokaulengwe kgotsa kgaitsadi, bo ka ama ba bangwe jang mo phuthegong?

1Bk 5:1, 2, 5, 6

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Jos 7:1, 4-14, 20-26​—Setšhaba sotlhe se ne sa tlelwa ke masetlapelo ka ntlha ya boleo jwa ga Akane le ba lelapa la gagwe

    • Jon 1:1-16​—E re ka moporofeti Jona a ile a gana go ikobela Jehofa, batho ba a neng a tsamaya le bone ka sekepe ba ne ba batla ba swa

Ke boitshwaro jo bo ntseng jang jo bo sa amogelesegeng mo phuthegong ya Bokeresete?

Ke eng se se tshwanetseng go dirwa fa mokaulengwe kgotsa kgaitsadi a tswelela a dira boleo jo bo masisi?

Ke dintlha dife tse bagolwane ba tshwanetseng go nna le tsone pele ga ba dira tshwetso fa ba sekaseka kgang nngwe ya boatlhodi?

Bagolwane ba ba tla direlang mo komiting ya boatlhodi, ba tla itse jang gore motho o dirile boleo jo bo masisi?

Ke eng fa go tlhokega gore bangwe ba kgaolwe kgotsa ba kgalemelwe, mme seo se ka solegela phuthego molemo jang?

Baebele e a re re tshwanetse go dirisana jang le batho ba ba kgaotsweng?

Fa motho yo o kgaotsweng a ikwatlhaya, a go a kgonega gore a nne karolo ya phuthego gape?

2Bk 2:6, 7

Bona le “Go Ikwatlhaya

Ke eng se rotlhe re tshwanetseng go se dira gore go se ka ga nna le tlhotlheletso e e bosula mo phuthegong?

Ke eng fa go le phoso gore Mokeresete yo o dirileng boleo jo bo masisi a leke go bo fitlha fela ka gonne a tshaba gore o tla kgaolwa?

Goreng go ka nna botlhale gore mo maemong mangwe re fokotse tsela e re dirisanang ka yone le mongwe yo o sa kgaolwang?

Fa Mokeresete a sentswe leina kgotsa a diretswe boferefere, ke eng se a ka tlhophang go se dira, mme ka ntlha ya eng?

Goreng Bakeresete ba ba nang le maitemogelo ba tshwanetse go leka go gakolola ba ba sa direng dilo ka botlhale?