Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Nwa Bojalwa

Go Nwa Bojalwa

A Baebele e a re go nwa bojalwa go phoso?

Ps 104:14, 15; Mor 9:7; 10:19; 1Ti 5:23

  • Pego ya Baebele e e ka go thusang:

    • Joh 2:1-11​—Fa Jesu a ne a le kwa lenyalong o ne a dira kgakgamatso ya gagwe ya ntlha ka go fetola metsi gore a nne beine, mme seo se ne sa thusa monyadi le monyadiwa gore ba se ka ba tlhabiwa ke ditlhong

Dikotsi tsa go nwa bojalwa ka tsela e e feteletseng le go tagwa ke dife?

Batlhanka ba Modimo ba leba botagwa jang?

1Bk 5:11; 6:9, 10; Bae 5:18; 1Ti 3:2, 3

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Ge 9:20-25​—Fa Noa a ne a tagilwe, setlogolo sa gagwe se ne sa dira boleo jo bo masisi

    • 1Sa 25:2, 3, 36​—Nabale o ne a le setlhogo e bile a le sematla; o ne a dira dilo tse di bosula tse di akaretsang botagwa

    • Dan 5:1-6, 22, 23, 30, 31​—Kgosi Beleshasare o ne a nwa beine ka tsela e e feteletseng mme a tlhapatsa Jehofa Modimo; kgosi eo e ne ya bolawa mo go jone bosigo joo

Goreng go le botlhokwa gore re ele tlhoko gore re nwa bojalwa jo bo kana kang, tota le fa re sa tagwe?

Re ka thusa jang mokaulengwe kgotsa kgaitsadi yo o lwantshanang le bothata jwa go nwa bojalwa ka tsela e e feteletseng?