Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Boitshoko

Boitshoko

A batlhanka ba ga Jehofa ba tlhoka boitshoko?

Re itse jang gore batho bangwe ba tla re itlhokomolosa kgotsa ba tla re bogisa fa re ba rerela?

Mat 10:22; Joh 15:18, 19; 2Bk 6:4, 5

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • 2Pe 2:5; Ge 7:23; Mat 24:37-39​—Batho ba ne ba sa reetse fa Noa a ba rerela, mme ene le ba lelapa la gagwe ba ne ba falola Morwalela

    • 2Ti 3:10-14​—Moaposetoloi Paulo o ne a bolelela Timotheo gore o ne a itshokela go utlwisiwa botlhoko le go bogisiwa ka lobaka lo loleele, mme o ne a kgothaletsa Timotheo gore le ene a itshoke

Goreng re sa gakgamale fa ba malapa a rona ba leka go re thibela go direla Jehofa?

Mat 10:22, 36-38; Luk 21:16-19

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Ge 4:3-11; 1Jo 3:11, 12​—E re ka Kaine a ne a le bosula, o ne a bolaya morwarraagwe e bong Abele yo o neng a ikanyega

    • Ge 37:5-8, 18-28​—Fa Josefa a ne a bolelela bomogolowe gore Jehofa o dirile gore a lore toro e e kgethegileng, ba ne ba mo latlhela mo sedibeng, go tswa foo ba bo ba mo rekisa gore a nne lekgoba

Fa re bogisiwa, goreng re sa tlhoke go boifa loso?

Mat 10:28; 2Ti 4:6, 7

Bona le Tsh 2:10

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Dan 3:1-6, 13-18​—Shaderake, Meshake le Abedenego ba ne ba ikemiseditse gore ga ba kitla ba obamela setshwantsho se se neng se dirilwe le fa gone kgosi e ne e ba boleletse gore fa ba sa dire jalo ba tlile go bolawa

    • Dit 5:27-29, 33, 40-42​—Baaposetoloi ba ne ba tswelela ba rera le fa gone banna bangwe ba ne ba ba tshosetsa ba re ba tla ba bolaya fa ba ka tswelela ka tiro eo

Ke eng se se tla re thusang go tswelela re ikanyega mo go Jehofa fa re kgalemelwa?

Dia 3:11, 12; Bah 12:5-7

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Dip 20:9-12; Dut 3:23-28; 31:7, 8​—Le fa gone Moshe a ne a utlwile botlhoko fa Jehofa a sena go mo otlhaya, o ne a tswelela a mo direla

    • 2Dk 20:12-18; 2Dt 32:24-26​—Fa Kgosi Hesekia a ne a dirile phoso, moporofeti wa ga Jehofa o ne a mo kgalemela, mme o ne a amogela kgalemelo eo ka boikokobetso a bo a tswelela a direla Jehofa

Goreng go ka nna thata gore re tswelele re itshokile fa ba bangwe ba tlogela go direla Jehofa?

Jer 1:16-19; Hab 1:2-4

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Ps 73:2-24​—Fa mopesalema mongwe a ne a bona batho ba ba bosula ba tshela ka kagiso, o ile a ipotsa gore a tota go molemo gore a tswelele a direla Jehofa

    • Joh 6:60-62, 66-68​—Le fa gone barutwa ba bantsi ba ile ba tlogela go latela Jesu, moaposetoloi Petere o ne a ikemiseditse gore o tla tswelela e le morutwa wa ga Jesu

Ke eng se se tla re thusang go itshoka?

Go tswelela re atamalane le Jehofa

Go bala Baebele le go akanyetsa kwa teng ka se re se balang

Go rapela Jehofa ka metlha, re mmolelela se se mo maikutlong a rona

Bar 12:12; Bak 4:2; 1Pe 4:7

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Dan 6:4-11​—Moporofeti Daniele o ne a tswelela a rapela Jehofa le fa gone seo se ne se ka tsenya botshelo jwa gagwe mo kotsing

    • Mat 26:36-46; Bah 5:7​—Mo bosigong jwa bofelo jwa ga Jesu a le mo lefatsheng, o ne a rapela ka tlhoafalo a bo a kgothaletsa ba bangwe gore le bone ba dire jalo

Go nna gone ka metlha kwa dipokanong

Go nna re akantse ka dilo tse Jehofa a re solofetsang tsone mo nakong e e tlang

Go nonotsha tsela e re ratang Jehofa le badumedimmogo le rona ka yone

Go nonotsha tumelo ya rona

Go leba dilo ka tsela e e siameng fa re boga

Melemo mengwe ya go tswelela re ikanyega fa re ntse re itshokile, ke efe?

Re tlotlomatsa Jehofa Modimo

Dia 27:11; Joh 15:7, 8; 1Pe 1:6, 7

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Job 1:6-12; 2:3-5​—Satane o ne a latofatsa Jehofa a re o segofatsa batho gore ba mo direle. Jobe o ne a tshwanelwa ke go itshoka e le gore a bontshe gore se Satane a se buang ke maaka

    • Bar 5:19; 1Pe 1:20, 21​—Go farologana le Adame yo o ileng a se ka a ikobela Modimo, Jesu o ne a itshoka ka boikanyegi go fitlha a swa mme o ne a kgona go araba potso eno: A motho yo o se nang boleo a ka kgona go ikanyega mo go Jehofa le fa a ka lebana le teko e e boima go gaisa tsotlhe?

Fa re itshoka, re kgothatsa ba bangwe gore le bone ba itshoke

Go itshoka go re thusa gore re atlege mo bodireding

Fa re itshoka, re itumedisa Jehofa mme o tla re duela ka botshelo jo bo sa khutleng