Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tumelo

Tumelo

Re itse jang gore Jehofa o tsaya tumelo e le botlhokwa thata?

Joh 3:16, 18; Bag 3:8, 9, 11; Bae 6:16; Bah 11:6

Bona le 2Bk 5:7

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Bah 11:1–12:3​—Moaposetoloi Paulo o ne a tlhalosa gore tumelo ke eng a bo a bua ka dikai di le dintsi tsa batho ba ba neng ba na le tumelo, go simologa ka Abele go fitlha ka Jesu Keresete

    • Jak 2:18-24​—Jakobe o ne a tlhalosa gore re tshwanetse go bontsha tumelo ya rona ka ditiro fela jaaka Aborahame a ile a dira

Ke eng se se tla re thusang go nonotsha tumelo ya rona?

Bar 10:9, 10, 17; 1Bk 16:13; Jak 2:17

Bona le Bah 3:12-14

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • 2Dt 20:1-6, 12, 13, 20-23​—Fa batho ba Modimo ba ne ba tlhaselwa ke baba ba bone, Kgosi Jehoshafate o ne a ba bolelela gore ba nne le tumelo mo go Jehofa le mo baporofeting ba gagwe, mme ba ne ba tla atlega

    • 1Dk 18:41-46​—Moporofeti Elija o ne a bontsha tumelo ka go letela Jehofa a le pelotelele gore a diragatse tsholofetso ya gagwe ya gore o tla fedisa leuba