Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Itshwarela

Go Itshwarela

A tota Jehofa o ikemiseditse go itshwarela?

Ps 86:5; Dan 9:9; Mik 7:18

Bona le 2Pe 3:9

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Ps 78:40, 41; 106:36-46​—Le fa gone Baiseraele ba ne ba utlwisa Jehofa botlhoko gantsintsi, o ne a ba itshwarela gangwe le gape

    • Luk 15:11-32​—Jesu o ne a dira setshwantsho se se bontshang gore Jehofa o ikemiseditse go itshwarela. Mo setshwantshong seo, o ile a bua ka rre yo o kutlwelobotlhoko yo o ileng a itshwarela morwawe yo o neng a dirile dilo tse di bosula mme moragonyana a bo a ikwatlhaya

Ke eng se Jehofa a se dirileng gore re kgone go itshwarelwa maleo?

Joh 1:29; Bae 1:7; 1Jo 2:1, 2

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Bah 9:22-28​—Moaposetoloi Paulo o ne a tlhalosa gore Jehofa o kgona go re itshwarela maelo ka gonne Jesu a ile a re ntshetsa botshelo jwa gagwe

    • Tsh 7:9, 10, 14, 15​—Moaposetoloi Johane o ne a kwala gore Modimo o itshwarela maleo a ba “boidiidi jo bogolo” ka gonne ba dumela mo setlhabelong sa ga Jesu

Fa re batla gore Jehofa a re itshwarele, re tshwanetse go dira eng fa ba bangwe ba re leofetse?

Mat 6:14, 15; Mar 11:25; Luk 17:3, 4; Jak 2:13

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Job 42:7-10​—Pele ga Jehofa a fodisa Jobe le go mo segofatsa, o ne a mo kopa gore a rapelele ditsala tsa gagwe tse tharo tse di neng di sa bue sentle ka ene

    • Mat 18:21-35​—Jesu o ne a dira setshwantsho se se neng se bontsha gore re tshwanetse go itshwarela ba bangwe fa e le gore re batla Jehofa a re itshwarela

Go ipolela maelo a re a dirileng le go ikwatlhaya, go botlhokwa go le kana kang?

Dit 3:19; 26:20; 1Jo 1:8-10

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Ps 32:1-5; 51:1, 2, 16, 17​—E re ka Kgosi Dafide a ne a dirile maleo a a masisi, o ne a ikutlwa a ngomogile pelo e bile a imetswe thata, mme o ne a ikwatlhaya go tswa pelong

    • Jak 5:14-16​—Jakobe o ne a tlhalosa gore fa re dirile boleo jo bo masisi, re tshwanetse go bolelela bagolwane

Re tshwanetse go dira diphetogo dife fa re batla gore Jehofa a re itshwarele?

Dia 28:13; Isa 55:7; Bae 4:28

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • 1Dk 21:27-29; 2Dt 18:18-22, 33, 34; 19:1, 2​—Kgosi Ahabe o ne a utlwile botlhoko fa a ne a bolelelwa gore Jehofa o tlile go mo otlhaya, mme gone o ne a sa ikwatlhaele se a se dirileng, ka jalo Jehofa o ne a se ka a mo itshwarela

    • 2Dt 33:1-16​—Kgosi Manase o ne a le bosula thata, le fa go ntse jalo Jehofa o ne a mo itshwarela ka gonne o ne a ikwatlhaya go tswa pelong. Manase o ile a bontsha gore o ikwatlhaile ka go thusa Baiseraele gore ba tlogele go obamela medingwana mme ba obamele Jehofa

Jehofa o ikemiseditse go re itshwarela go ya bokgakgaleng jo bo kana kang fa re ikwatlhaya go tswa pelong?

Ps 103:10-14; Isa 1:18; 38:17; Jer 31:34; Mik 7:19

  • Pego ya Baebele e e ka go thusang:

    • 2Sa 12:13; 24:1; 1Dk 9:4, 5​—Le fa gone Dafide a ne a dirile maleo a a masisi, Jehofa o ne a mo itshwarela ka gonne o ne a ikwatlhaya. Moragonyana Jehofa o ne a tlhalosa gore Dafide e ne e le monna yo o ikanyegang mo go ene

Jesu o ile a bontsha jang gore o ikemiseditse go itshwarela ba bangwe fela jaaka Jehofa a dira?

Ps 86:5; Luk 23:33, 34

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Mat 26:​36, 40, 41​—Ditsala tsa ga Jesu di ne tsa robala ka nako e a neng a di tlhoka thata ka yone, le fa go ntse jalo Jesu o ne a tlhaloganya gore le fa gone ba ne ba batla go mo ema nôkeng, ba ne ba lapile thata

    • Mat 26:69-75; Luk 24:33, 34; Dit 2:37-41​—Petere o ne a itatola Jesu makgetlo a le mararo, mme gone Jesu o ne a mo itshwarela ka gonne a ile a ikwatlhaya. Fa Jesu a sena go tsosiwa mo baswing, o ne a ya kwa go Petere mme moragonyana o ne a mo dirisa ka tsela e e kgethegileng gore a thuse diphuthego

Re itse jang gore Jehofa ga a itshwarele mongwe le mongwe?

Mat 12:31; Bah 10:26, 27; 1Jo 5:16, 17

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Mat 23:29-33​—Jesu o ne a tlhagisa bakwadi le Bafarasai gore ba le setlhopha, ba tla atlholelwa go ya kwa Gehena, kgotsa ba tla senngwa gotlhelele

    • Joh 17:12; Mar 14:21​—Jesu o ne a bitsa Judase Isekariota a re ke “morwa tshenyego” a bo a tlhalosa gore go ka bo go nnile botoka fa a ka bo a ne a sa tsholwa

Ke eng se se ka thusang Bakeresete gore ba itshwarele ba bangwe?