Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kgololesego

Kgololesego

Ke mang mo lobopong lotlhe yo o nang le kgololesego ya go dira sengwe le sengwe se a se batlang?

Isa 40:13, 15; Bar 9:20, 21

Bona le Bar 11:33-36

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Dan 4:29-35​—Kgosi Nebukadenesare o ne a tlhaloganya gore Jehofa ke ene Kgosi e e maatla go gaisa tsotlhe le gore ga go na ope yo o ka mmolelelang gore a dire eng

    • Isa 45:6-12​—E re ka Jehofa e le Mmopi, ga a patelesege go re bolelela mabaka a go bo a dira dilo dingwe

Le fa gone Jehofa a na le kgololesego ya go dira sengwe le sengwe se a se batlang, ke dilo dife tse a tlhophang gore le ka motlha a ka se di dire?

Ke eng fa kgololesego ya rona e lekanyeditswe?

Goreng ka dinako dingwe Mokeresete a ka tlhopha go sa dire dilo dingwe le fa gone di se phoso?

Ke eng fa re ka re batlhanka ba ga Jehofa ba na le kgololesego?

Goreng batho ba ba direlang Jehofa ba itumetse?

Ps 40:8

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Ge 18:3; Bah 11:8-10​—Aborahame ga a a ka a lebala se Jehofa a neng a mo solofeditse sone, mme seo se ne sa mo thusa gore a tswelele a mo direla

    • Bah 11:24-26​—Moporofeti Moshe o ne a tlhopha go direla Jehofa, mme Jehofa o ne a mo naya botshelo jo bo itumedisang, kgololesego le tsholofelo

Jehofa o re golola mo go eng?

Goreng Bakeresete ba sa tshwanela go dirisa kgololesego e ba nang le yone ka tsela e e sa siamang?

Ke mo maemong afe mo lorato lo ka tlhotlheletsang Mokeresete gore a tlhophe go sa dire sengwe se a nang le tshwanelo ya go se dira?

Molaetsa o re o rerang o golola batho jang?

Baebele e a re re tla nna le kgololesego e e ntseng mo nakong e e tlang?

Batho ba ba dirang sengwe le sengwe se ba se batlang, ke batlhanka ka tsela efe?

Re itse jang gore Modimo o tsaya batho botlhe ba lekana?