Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Itsalanya le Lefatshe

Go Itsalanya le Lefatshe

Ke mang laolang lefatshe?

Bae 2:2; 1Jo 5:19

  • Pego ya Baebele e e ka go thusang:

    • Luk 4:5-8​—Satane o ne a solofetsa Jesu gore o tla mo naya magosi otlhe a a mo lefatsheng, mme Jesu ga a a ka a ganela gore Satane o na le taolo ya go dira jalo

Go tla direga eng ka botsala jwa rona le Jehofa fa re leka go itsalanya le lefatshe?

Jak 4:4; 1Jo 2:15, 16

Bona le Jak 1:27

  • Pego ya Baebele e e ka go thusang:

    • 2Dt 18:1-3; 19:1, 2​—Jehofa o ne a kgalemela Kgosi Jehoshafate yo o siameng ka gonne a ile a itsalanya le Kgosi Ahabe yo o bosula

Go tlhaloganya tsela e Jehofa a lebang lefatshe leno ka yone, go ama jang ditsala tse di re tlhophang?

Bona “Ditsala

Ke eng fa re tila tsela e lefatshe le lebang madi le go nna le dithoto ka yone?

Bona “Dithoto

Goreng re tila tsela e lefatshe le lebang tlhakanelodikobo ka yone?

Goreng Bakeresete ba tila go tlotlomatsa basadi, banna le mekgatlho mengwe?

Mat 4:10; Bar 1:25; 1Bk 10:14

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Dit 12:21-23​—Jehofa o ne a bolaya Kgosi Herode Ageripa I ka gonne o ne a letla batho gore ba mo obamele

    • Tsh 22:8, 9​—Johane o ne a leka go obama fa pele ga moengele yo o maatla, mme moengele yoo o ne a raya Johane a re a se ka a dira jalo a bo a mmolelela gore o tshwanetse go obamela Jehofa fela

Goreng Bakeresete ba sa tseye letlhakore mo dikgannyeng tsa dipolotiki le tsa bosetšhaba?

Ke eng fa Bakeresete ba gana go ikopanya le madumedi a mangwe?

Goreng Bakeresete ba sa amogele tsela e lefatshe le lebang melao ya ga Jehofa ka yone?

Ke eng fa gantsi lefatshe leno le tlhoile balatedi ba ga Keresete e bile le ba bogisa?

Ke eng fa go se botlhale go rata dilo tse e leng karolo ya lefatshe?

Bakeresete ba bontsha jang gore ba rata batho ba ba sa direleng Jehofa le gore ba pelonomi mo go bone?

Goreng Bakeresete ba tshwanetse go ikobela melao ya naga, babusi le balaodi?

Mat 22:21; Bar 13:1-7

  • Pego ya Baebele e e ka go thusang: