Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Hutsafala

Go Hutsafala

Ke dikai dife mo Baebeleng tse di bontshang gore ga go phoso go hutsafala fa o tlhokafaletswe ke mongwe?

Ke eng se se bontshang gore Jehofa o batla go gomotsa batho ba ba hutsafetseng?

Go itse boammaaruri ka se se diregang fa motho a tlhokafala go re gomotsa jang?

Mor 9:5, 10; 1Bt 4:13

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Luk 20:37, 38​—Jesu o ne a tlhalosa gore tsogo ya baswi ke selo sa mmatota mo e leng gore mo go Jehofa go ntse jaaka e kete baswi ba sa ntse ba tshela

    • Joh 11:5, 6, 11-14​—Fa tsala e kgolo ya ga Jesu e bong Lasaro e sena go swa, Jesu o ne a tshwantsha loso le boroko

    • Bah 2:14, 15​—Moaposetoloi Paulo o ne a tlhalosa gore batho ba le bantsi ke batlhanka ba go boifa loso, mme ga re a tshwanela go ikutlwa ka tsela eo

Goreng motho a ka nna botlhokwa thata mo go Jehofa fa a swa go gaisa fa a tsholwa?

Baebele e tlhalosa loso jang, mme Modimo o tla dira eng ka lone?

Goreng re ka tlhatswega pelo gore baswi ba tlile go tsosiwa mo nakong e e tlang?

Isa 26:19; Joh 5:28, 29; Dit 24:15

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Baebele e bua ka batho ba le robedi ba ba ileng ba tsosiwa gore ba tshele gape mo lefatsheng, e bile e tlhalosa gore Jesu ene o ne a tsosiwa gore a ye go tshela kwa legodimong. Fa e le gore o tlhokafaletswe ke mongwe, dipego tseno di ka go gomotsa e bile di ka go thusa gore o nne le tsholofelo

      • 1Dk 17:17-24​—Moporofeti Elija o ne a tsosa morwa wa motlholagadi mongwe kwa motseng wa Sarepate kwa Sidona

      • 2Dk 4:32-37​—Moporofeti Elisha o ne a tsosa mosimanyana mongwe kwa motseng wa Shunema a bo a mo naya batsadi ba gagwe

      • 2Dk 13:20, 21​—Setopo sa monna mongwe se ne sa kgoma marapo a ga moporofeti Elisha, mme monna yoo o ne a tshela gape

      • Luk 7:11-15​—Jesu o ne a kopana le batho ba bantsintsi kwa motseng wa Naina ba ya go fitlha morwa wa motlholagadi mongwe, mme o ne a tsosa morwa yoo

      • Luk 8:41, 42, 49-56​—Jesu o ne a tsosa morwadia monna mongwe yo e neng e le modiredi yo o okametseng sinagoge yo o neng a bidiwa Jairo

      • Joh 11:38-44​—Jesu o ne a tsosa tsala ya gagwe e kgolo e bong Lasaro mme bokgaitsadie e bong Maratha le Marea ba ne ba itumelela go mmona a tshela gape

      • Dit 9:36-42​—Moaposetoloi Petere o ne a tsosa mosadi mongwe wa Mokeresete yo o neng a bidiwa Dorekase, yo o neng a itsege thata ka go nna pelontle le go rata go aba

      • Dit 20:7-12​—Moaposetoloi Paulo o ne a tsosa lekawana lengwe le le neng le bidiwa Yutiko, le le neng le ole ka fensetere le bo le tlhokafala

    • Jehofa o ne a tsosa Jesu gore a ye go tshela kwa legodimong, mme go tsosiwa ga gagwe go re tlhomamisetsa gore Modimo o tla diragatsa dilo tsotlhe tse a reng di tla direga mo nakong e e tlang

    • Jesu ke ene wa ntlha go tsosiwa gore a ye go tshela kwa legodimong, mme ga se ene wa bofelo; balatedi ba gagwe ba ba tloditsweng ka moya ba ba 144 000 le bone ba tsosediwa go ya go tshela kwa legodimong fa ba swa

Re ka thusa jang batho ba ba hutsafaditsweng ke go tlhokafalelwa ke mongwe?