Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Pelo

Pelo

Re itse jang gore fa Baebele e dirisa lefoko “pelo,” gantsi e a bo e bua ka motho yo re leng ene mo teng, go akaretsa dikakanyo, maikaelelo, dinonofo le maikutlo a rona?

Ps 49:3; Dia 16:9; Luk 5:22; Dit 2:26

Bona le Dut 15:7; Ps 19:8

  • Pego ya Baebele e e ka go thusang:

    • Luk 9:46-48​—Jesu o ne a kgalemela baaposetoloi ba gagwe ka gonne o ne a kgona go bona mo dipelong tsa bone gore ba rata maemo

Ke eng fa go le botlhokwa go sireletsa pelo ya rona?

1Dt 28:9; Dia 4:23; Jer 17:9

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Ge 6:5-7​—E re ka dipelo tsa batho di ne di le bosula, ba ne ba feleletsa ba dira ditiro tse di bosula thata mme seo se ne sa dira gore Modimo a tlise Morwalela mo lefatsheng lotlhe

    • 1Dk 11:1-10​—Kgosi Solomone o ile a palelwa ke go sireletsa pelo ya gagwe, ka ntlha ya seo o ne a nyala basadi ba ditšhaba tse dingwe ba ba neng ba faposa pelo ya gagwe mo go Jehofa

    • Mar 7:18-23​—Jesu o ne a tlhalosa gore dilo tsotlhe tse di bosula tse re di eletsang di tswa mo pelong, mme di ka re tlhotlheletsa go dira dilo tse Modimo a di tlhoileng

Re ka sireletsa pelo ya rona jang?

Ps 19:14; Dia 3:3-6; Luk 21:34; Baf 4:8

Bona le Esr 7:8-10; Ps 119:11

  • Pego ya Baebele e e ka go thusang:

    • Bae 6:14-18; 1Bt 5:8​—Fa moaposetoloi Paulo a ne a bua ka diaparo tsa ntwa tse di tswang kwa Modimong, o ne a tlhalosa gore tshiamo, tumelo le lorato di ka sireletsa pelo ya rona ya tshwantshetso fela jaaka seiphemelo sa sehuba se sireletsa pelo ya mmatota

Re ka itse jang gore pelo ya rona ya tshwantshetso e na le mathata?

Dia 21:2-4; Bah 3:12

Bona le Dia 6:12-14

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • 2Dt 25:1, 2, 17-27​—Kgosi Amasia o ne a dira se se siameng mo matlhong a Modimo ka nakwana mme o ne a sa rate Jehofa ka pelo yotlhe; fa nako e ntse e ya, o ne a nna mabela, a se ka a ikobela Jehofa mme o ne a tlelwa ke ditlamorago tse di botlhoko

    • Mat 7:17-20​—Jesu o ne a tlhalosa gore fela jaaka setlhare se se sa siamang se ungwa maungo a a bodileng, le rona fa re na le pelo e e bosula, re tla dira ditiro tse di bosula

Ke eng fa re tshwanetse go lwela go nna le pelo e e siameng, mme re ka dira seo jang?

Dia 10:8; 15:28; Luk 6:45

Bona le Ps 119:97, 104; Bar 12:9-16; 1Ti 1:5

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • 2Dk 20:1-6​—E re ka Kgosi Hesekia a ile a direla Jehofa ka boikanyegi le ka pelo e e feletseng, fa a ne a lwala e bile a tloga a swa, o ne a kopa Jehofa gore a mo thuse

    • Mat 21:28-32​—Jesu o ne a dira setshwantsho se se bontshang gore se motho a se dirang ke sone se se senolang se se mo pelong ya gagwe, e seng se a se buang

Ke eng fa go gomotsa go itse gore Jehofa o bona se se mo dipelong tsa rona?

1Dt 28:9; Jer 17:10

Bona le 1Sa 2:3

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • 1Sa 16:1-13​—Moporofeti Samuele o ne a ithuta gore tsela e motho a lebegang ka yone kafa ntle ga e botlhokwa mo go Jehofa; go na le moo, o bona se se mo pelong ya motho

    • 2Dt 6:28-31​—Thapelo e Kgosi Solomone a ileng a e rapela fa go ne go neelwa tempele ya ga Jehofa, e ne e bontsha gore Jehofa o tlhaloganya ka botlalo se se mo dipelong tsa rona, mme o dirisa seo go re tlhokomela