Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Direto Tse di Tlotlomatsang Batho

Direto Tse di Tlotlomatsang Batho

A Bakeresete ba tshwanetse go dirisa direto tsa bodumedi tse di tlotlomatsang batho?

Joh 5:41

  • Pego ya Baebele e e ka go thusang:

    • Luk 18:18, 19​—Le fa gone Jesu a le molemo, o ile a gana go bidiwa “Moruti yo o Molemo,” a tlhalosa gore Jehofa ke ene fela yo o molemo

Goreng Bakeresete ba boammaaruri ba sa dirise direto tsa bodumedi tse di jaaka “Rraarona” kgotsa “Moeteledipele”?

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Mat 23:9-12​—Jesu o ne a thibela balatedi ba gagwe gore ba se ka ba dirisa direto tsa bodumedi tse di jaaka “Rraarona” kgotsa “Moeteledipele”

    • 1Bk 4:14-17​—Le fa gone batho ba le bantsi ba ne ba tsaya moaposetoloi Paulo jaaka rraabone, ba ne ba sa mmitse Rraarona Paulo kgotsa Father Paulo

Goreng Bakeresete ba tshwanetse go bitsana bakaulengwe le bokgaitsadi le go dirisana jaaka bana ba motho?

Mat 23:8

Bona le Dit 12:17; 18:18; Bar 16:1

  • Pego ya Baebele e e ka go thusang:

    • Mat 12:46-50​—Jesu o ne a tlhalosa gore o tsaya batho ba ba obamelang Jehofa e le bomogolowe le bomonnawe

Re itse jang gore Bakeresete ba ka bitsa babusi, baatlhodi le badiredibagolo ba bangwe ka direto tse ba bidiwang ka tsone?

Bar 13:1, 7; 1Pe 2:17

  • Pego ya Baebele e e ka go thusang:

    • Dit 26:1, 2, 25​—Fa moaposetoloi Paulo a ne a bua le badiredibagolo ba puso ba ba jaaka Ageripa le Feseto, o ne a dirisa direto tse ba neng ba bidiwa ka tsone