Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Boikokobetso

Boikokobetso

Jehofa o ikutlwa jang ka batho ba ba boikokobetso le ba ba mabela?

Ps 138:6; Dia 15:25; 16:18, 19; 22:4; 1Pe 5:5

Bona le Dia 29:23; Isa 2:11, 12

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • 2Dt 26:3-5, 16-21​—Kgosi Usia o ne a nna mabela; o ne a tlola Molao wa Modimo mme fa baperesiti ba ne ba mmolelela gore se a se dirang se phoso, o ne a galefa. Ka jalo, Jehofa o ne a mo itaya ka lepero

    • Luk 18:9-14​—Jesu o ne a dira setshwantsho se se tlhalosang gore Jehofa o ikulwa jang ka dithapelo tsa batho ba ba mabela le ba ba boikokobetso

Jehofa o dira eng fa batho ba nna boikokobetso ba bo ba ikwatlhaya go tswa pelong?

2Dt 7:13, 14; Ps 51:2-4, 17

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • 2Dt 12:5-7​—Kgosi Rehoboame le dikgosana tsa Juda ba ne ba amogela kakantsho ya ga Jehofa ka boikokobetso ba bo ba ikwatlhaya, ka jalo Jehofa ga a a ka a ba nyeletsa

    • 2Dt 32:24-26​—Kgosi Hesekia yo o siameng o ne a nna mabela, mme Jehofa o ne a mo itshwarela fa a ne a ikokobetsa

Go nna boikokobetso go re thusa jang go tokafatsa tsela e re dirisanang le ba bangwe ka yone?

Bae 4:1, 2; Baf 2:3; Bak 3:12, 13

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Ge 33:3, 4​—Esau o ne a galefetse Jakobe, mme Jakobe o ne a bontsha boikokobetso jo bogolo fa a ne a kopana le ene, mme ka ntlha ya seo ba ne ba agisana gape

    • Baa 8:1-3​—E re ka Moatlhodi Gidione a ne a le boikokobetso, o ne a bolelela banna ba Eferaime gore ba botoka mo go ene, mme ba ne ba se ka ba tlhola ba galefa ba bo ba tlogela go mo lwantsha

Jesu Keresete o ne a dira sekai sefe go bontsha botlhokwa jwa go nna boikokobetso?

Mat 18:1-5; 23:11, 12; Mar 10:41-45

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Isa 53:7; Baf 2:7, 8​—Jaaka baporofeti ba ile ba bolelela pele, Jesu o ne a ikemiseditse go tla mo lefatsheng le go swa loso lo lo botlhoko lo lo tlhabisang ditlhong ka gonne a le boikokobetso

    • Luk 14:7-11​—Jesu o ne a bontsha gore go nna boikokobetso go ka re solegela molemo fa a ne bua ka kgang ya go rata maemo a a kwa pele kwa dijong tsa maitseboa

    • Joh 13:3-17​—Jesu o ne a ruta balatedi ba gagwe go nna boikokobetso ka go dira tiro ya maemo a a kwa tlase ya go tlhapisa baaposetoloi ba gagwe dinao

Go iteba ka tsela e e siameng le go leba ba bangwe ka tsela e e siameng, go ka re thusa jang go nna boikokobetso?

Ke eng fa boikokobetso jo e seng jwa mmatota bo se na mosola?