Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Ikanyega mo Modimong

Go Ikanyega mo Modimong

Go ikanyega mo Modimong go kaya eng?

Ps 18:23-25; 26:1, 2; 101:2-7; 119:1-3, 80

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Lef 22:17-22​—Jehofa o ne a batla gore diphologolo tse di ntshiwang ditlhabelo e bo e le tse di “itekanetseng sentle,” e bile di se na bogole bope; lefoko le le ranotsweng e le ‘go itekanela sentle’ le amana thata le lefoko la Sehebera le le ranolwang e le “go ikanyega mo Modimong.” Mme seno se bontsha gore go ikanyega mo Modimong go akaretsa go mo direla ka bojotlhe le ka pelo yotlhe

    • Job 1:1, 4, 5, 8; 2:3​—Tsela e Jobe a neng a tshela ka yone e bontsha gore fa motho a batla go ikanyega mo Modimong, o tshwanetse go mo tlotla thata, go obamela ene fela le go tila go dira dilo tse Modimo a di tsayang di sa siama

Goreng re tlhoka go ikanyega mo Modimong?

Ke eng se se ka re tlhotlheletsang gore re ikanyege mo Modimong?

Re ka dira eng gore re ikanyege mo Modimong le go tswelela re ikanyega mo go ene?

Jos 24:14, 15; Ps 101:2-4

Bona le Dut 5:29; Isa 48:17, 18

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Job 31:1-11, 16-33​—Jobe o ne a bontsha gore o ikanyega mo go Jehofa letsatsi le letsatsi ka go tila boitsholo jo bo sa siamang le ka go dirisana le batho ba bangwe sentle. O ne a obamela Jehofa fela, e seng medingwana e bile o ne a tsaya botsala jwa gagwe le Jehofa bo le botlhokwa thata go feta dilo tse a neng a na le tsone

    • Dan 1:6-21​—Le fa gone Daniele le ditsala tsa gagwe ba ne ba le mo gare ga batho ba ba sa obameleng Jehofa, ba ne ba ikobela melao ya gagwe, go akaretsa le molao wa gore ke eng se ba tshwanetseng go se ja

Fa motho a dira dilo tse di sa siamang ka go latelana, a a ka kgona go boa a ikanyega mo Modimong gape?

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • 1Dk 9:2-5; Ps 78:70-72​—E re ka Kgosi Dafide a ile a ikwatlhaela maleo a a neng a a dirile, Jehofa o ne a mo itshwarela a bo a mo tsaya e le motho yo o ikanyegang

    • Isa 1:11-18​—Le fa gone Jehofa a ile a bolelela batho ba gagwe gore ba dirile maleo a a masisi, o ne a ba solofetsa gore fa ba ka ikwatlhaya ba bo ba tlogela go dira dilo tse di bosula, o tla ba itshwarela