Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Bua Maaka

Go Bua Maaka

Jehofa o ikutlwa jang ka batho ba ba sa direng se ba se solofeditseng?

Bar 1:31, 32

Bona le Ps 15:4; Mat 5:37

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Ek 9:27, 28, 34, 35​—Faro o ne a dumela gore o tla letla batho ba Modimo ba tsamaya; go tswa foo a bo a sa dire se a se solofeditseng

    • Esk 17:11-15, 19, 20​—Jehofa o ne a otlhaya Kgosi Sedekia ka gonne a ile a se ka a dira se a neng a se solofeditse kgosi ya Babelona

    • Dit 5:1-10​—Ananiase le Safira ba ne ba bua maaka ba re ba neile phuthego madi otlhe a tshimo e ba neng ba e rekisitse

Jehofa o ikutlwa jang ka batho ba ba senyang ba bangwe maina?

Ps 15:1-3; Dia 6:16-19; 16:28; Bak 3:9

Bona le Dia 11:13; 1Ti 3:11

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • 2Sa 16:1-4; 19:24-30​—Mefiboshethe yo o neng a ikanyega o ne a senngwa leina ke motlhanka wa gagwe e bong Siba

    • Tsh 12:9, 10​—Diabolo, kgotsa Moganetsi, o latofatsa batlhanka ba Modimo ka metlha