Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Rata Dithoto

Go Rata Dithoto

A Baebele e kgala go nna le madi kgotsa dithoto?

Mor 7:12

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • 1Dk 3:11-14​—Jehofa o ne a segofatsa Kgosi Solomone ka dikhumo tse dintsi ka gonne a ne a le boikokobetso

    • Job 1:1-3, 8-10​—Le fa gone Jobe a ne a humile thata, o ne a tsaya botsala jwa gagwe le Jehofa bo le botlhokwa thata

Goreng madi le dithoto di sa dire gore re nne le boitumelo jwa mmatota?

Ke ka ditsela dife dikhumo di ka itshupang di se na mosola?

Ke kotsi efe e kgolo e madi le dikhumo di ka re bakelang yone?

Dikhumo di ka re tsietsa ka tsela efe?

Dia 11:4, 18, 28; 18:11; Mat 13:22

  • Pego ya Baebele e e ka go thusang:

    • Dit 8:18-24​—Simone o ne a le seeleele ka gonne o ne a akanya gore a ka reka go nna le maemo mo phuthegong

Re ka latlhegelwa ke eng fa re rata madi?

Mat 6:19-21; Luk 17:31, 32

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Mar 10:17-23​—Lekawana lengwe la mohumi le le neng le rata dithoto tsa lone, le ne la latlhegelwa ke tshono ya go nna molatedi wa ga Jesu

    • 1Ti 6:17-19​—Moaposetoloi Paulo o ne a tlhagisa Bakeresete ba ba neng ba humile gore ba se ka ba ikgantsha, ka gonne seo se ka dira gore Modimo a se ka a ba amogela

Go rata dithoto go ka koafatsa tumelo ya rona jang, mme ga felela ka gore Modimo a se ka a re amogela?

Dut 8:10-14; Dia 28:20; 1Jo 2:15-17

Bona le Ps 52:6, 7; Amo 3:12, 15; 6:4-8

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Job 31:24, 25, 28​—Jobe o ne a tlhaloganya gore go ikanya dikhumo go phoso, ka gonne seo se ne se tla bo se bontsha gore ga a ikanye Modimo

    • Luk 12:15-21​—Jesu o ne a re tlhagisa gore re se ka ra rata dithoto ka go dira sekai ka monna yo o neng a sa huma mo matlhong a Modimo

Ke eng se se ka re thusang go itumelela se re nang le sone?

Ke matlotlo afe a a botlhokwa thata go feta dithoto, mme ka ntlha ya eng?

Dia 3:11, 13-18; 10:22; Mat 6:19-21

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Hag 1:3-11​—Jehofa o ne a dirisa moporofeti Hagai go tlhalosetsa batho ba gagwe gore o ne a sa tlhole a ba segofatsa ka gonne ba ne ba dira ka natla go aga matlo a bone le gore ba tshele monate mme ba sa age tempele ya gagwe sesha

    • Tsh 3:14-19​—Jesu o ne a kgalemela batho ba phuthego ya Laodikia ka gonne ba ne ba tsaya dithoto di le botlhokwa thata go feta go direla Modimo

Goreng re tshwanetse go tshepa gore Jehofa o tla re tlamela ka dilo tse re di tlhokang?