Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Nna le Tumelo e e Nonofileng

Go Nna le Tumelo e e Nonofileng

Ke eng fa Mokeresete mongwe le mongwe a tshwanetse go lwela go nna le tumelo e e nonofileng?

Go itse se Baebele e se rutang go ka re thusa jang go nna le tumelo e e nonofileng?

A basha le bone ba ka nna le tumelo e e nonofileng?

Job 32:9; 1Ti 4:12

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Dan 1:6-20​—Le fa gone Daniele le ditsala tsa gagwe tse tharo ba ne ba le bannye, ba ne ba na le tumelo e e nonofileng e bile ba ikanyega mo go Jehofa

    • Dit 16:1-5​—Fa Timotheo a ne a na le dingwaga di ka nna 20, o ne a ikanngwa a bo a newa tiro ya botlhokwa mo phuthegong

Go tsalana le batho ba ba siameng mo phuthegong go ka re ama jang?

Ke eng se se bontshang gore re na le tumelo e e nonofileng?

Goreng mokaulengwe yo o nang le tumelo e e nonofileng a ikemisetsa go amogela maikarabelo a a oketsegileng mo phuthegong?

Tsela e le nosi fela e e ka re thusang go nna le tumelo e e nonofileng le go nna le bokgoni jwa go rera le go ruta, ke efe?

Luk 21:14, 15; 1Bk 2:6, 10-13

Bona le Luk 11:13

  • Pego ya Baebele e e ka go thusang:

    • Mat 10:19, 20​—Jesu o ne a tlhomamisetsa balatedi ba gagwe gore moya o o boitshepo o tla ba thusa go itse se ba tshwanetseng go se bua fa ba sekisiwa