Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kutlwelobotlhoko

Kutlwelobotlhoko

Kutlwelobotlhoko e akaretsa eng?

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Ps 51:1, 2​—Fa Kgosi Dafide a ne a kopa Jehofa gore a mo utlwele botlhoko, Jehofa o ne a mo itshwarela a bo a tlosa boleo jwa gagwe

    • Luk 10:29-37​—Jesu o ne a re thusa go tlhaloganya gore re ka nna kutlwelobotlhoko jang ka go dira sekai ka Mosamarea yo o neng a bontsha Mojuda mongwe bopelonomi le go mo akanyetsa

Goreng batho botlhe ba tlhoka go utlwelwa botlhoko?

Re itse jang gore Jehofa o kutlwelobotlhoko?

Ek 34:6; Neh 9:17; Ps 103:8; 2Bk 1:3

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Job 42:1, 2, 6-10; Jak 5:11​—Jehofa o ne a utlwela Jobe botlhoko a bo a mo ruta gore le ene a nne kutlwelobotlhoko

    • Luk 15:11-32​—Jesu o ne a bontsha gore Jehofa o kutlwelobotlhoko ka go dira setshwantsho sa rre yo o ileng a bontsha morwawe yo o neng a tlhanogile kutlwelobotlhoko fa a ne a ikwatlhaya

Goreng Jehofa a re utlwela botlhoko?

Setlhabelo sa ga Keresete se re thusa jang gore re kgone go itshwarelwa maleo?

Goreng re tshwanetse go kopa Jehofa gore a re utlwele botlhoko e bile re tshwanetse go lebogela kutlwebotlhoko ya gagwe ka metlha?

Luk 11:2-4; Bah 4:16

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Ps 51:1-4​—Kgosi Dafide o ne a utlwile botlhoko thata ka ntlha ya maleo a a neng a a dirile, mme o ne a nna boikokobetso a bo a kopa Jehofa gore a mo utlwele botlhoko

    • Luk 18:9-14​—Jesu o ne a dira setshwantsho seno go re thusa go tlhaloganya gore Jehofa o utlwela botlhoko batho ba ka boikokobetso ba amogelang gore ba dirile diphoso

Goreng batho ba ba dirileng maleo a a masisi le bone Jehofa a ka ba utlwela botlhoko?

Dut 4:29-31; Isa 55:7

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • 2Dt 33:9-13, 15​—Le fa gone Manase e ne e le kgosi e e bosula thata, o ne a ikwatlhaya a bo a kopa Modimo gore a mo utlwele botlhoko. O ne a nna kgosi gape mme a bontsha ka ditiro gore ruri o fetogile

    • Jon 3:4-10​—Baninife ba ne ba le bosula thata e bile ba bolaya batho ba le bantsi, le fa go ntse jalo ba ne ba ikwatlhaya mme Modimo a bo a ba itshwarela

Ke eng fa re tshwanetse go bolelela Jehofa maleo a re a dirileng re bo re fetola tsela e re tshelang ka yone fa e le gore re batla a re utlwela botlhoko?

Le fa gone Jehofa a re utlwetse botlhoko, re ka nna ra tshwanelwa ke go otlhaiwa le go lebana le ditlamorago tsa diphoso tse re di dirileng

Goreng re tshwanetse go utlwela ba bangwe botlhoko?

Fa re sa utlwele ba bangwe botlhoko, seo se ka ama botsala jwa rona le Jehofa jang?

Mat 9:13; 23:23; Jak 2:13

Bona le Dia 21:13

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Mat 18:23-35​—Jesu o ne a dira setshwantsho se se bontshang gore fa re sa utlwele ba bangwe botlhoko, Jehofa le ene ga a kitla a re utlwela botlhoko

    • Luk 10:29-37​—Setshwantsho seno se se itsegeng thata se bontsha gore Jesu le Jehofa ga ba itumedisiwe ke batho ba ba sa utlweleng ba bangwe botlhoko, mme ba itumedisiwa ke batho ba ba utlwelang ba bangwe botlhoko jaaka Mosamarea yo o molemo

Jehofa o dirisana jang le batho ba ba kutlwelobotlhoko?