Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go sa Tshwarwe Sentle

Go sa Tshwarwe Sentle

Re ka ikutlwa jang fa e le gore ba bangwe ga ba a ka ba re tshwara sentle?

Ps 69:20; Dia 18:14; Mor 4:1-3; Mal 2:13-16; Bak 3:21

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • 2Sa 10:1-5​—Kgosi Dafide o ne a tlhomogela pelo masole a gagwe a a neng a tlontlolotswe ke baba ba bone

    • 2Sa 13:6-19​—Fa Amenone a sena go betelela Tamare le go mo tlontlolola, go tswa foo a bo a mo leleka, Tamare o ne a goa a lela a bo a gagoganya diaparo tsa gagwe

Ke eng se se bontshang gore Jehofa o tlhaloganya maemo a motho yo o neng a sa tshwarwe sentle, mme o tla dira eng ka seo?

Job 34:21, 22; Ps 37:8, 9; Isa 29:15, 19-21; Bar 12:17-21

Bona le Ps 63:6, 7

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • 1Sa 25:3, 14-17, 21, 32-38​—Nabale o ne a tlhapatsa Dafide mme o ne a batla a tsenya matshelo a ba lelapa la gagwe mo kotsing. Moragonyana Jehofa o ne a mo otlhaya mme a swa

    • Jer 20:1-6, 9, 11-13​—Kwa tshimologong, moporofeti Jeremia o ne a kgobegile marapo fa moperesiti Pashure a ne a mo itaya a bo a laela gore a tsenngwe mo dikoteng tsa go golega; Jehofa o ne a kgothatsa moporofeti yoo wa gagwe a bo a mo golola