Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Bommê

Bommê

Mmê o na le maikarabelo afe?

Dia 31:17, 21, 26, 27; Tit 2:4

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang

    • Ge 21:8-12​—Fa Sara a ne a lemoga gore Ishemaele o tshwenya mosimanyana wa gagwe e bong Isake, o ne a kopa Aborahame gore a sireletse mosimanyana wa gagwe

    • 1Dk 1:11-21​—Fa Adonija a ne a leka go itira kgosi mo sephiring, Bathe-sheba o ne a kopa Kgosi Dafide gore a tlhome Solomone go nna kgosi le gore a mo sireletse

Goreng re tshwanetse go ikobela bommaarona le go ba tlotla?

Ek 20:12; Dut 5:16; 27:16; Dia 1:8; 6:20-22; 23:22

Bona le 1Ti 5:9, 10

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • 1Pe 3:5, 6​—Moaposetoloi Petere o ne a tlhalosa gore Sara o ne a nna jaaka mmê wa barwadi ba le bantsi ka ntlha ya tumelo ya gagwe

    • Dia 31:1, 15, 21, 28​—Mmaagwe Kgosi Lemuele o ne a mo naya kgakololo e e molemo ka lenyalo le ka seabe sa botlhokwa sa mosadi yo o nyetsweng le sa ga mmê

    • 2Ti 1:5; 3:15​—Moaposetoloi Paulo o ne a akgola mmaagwe Timotheo e bong Yunise, ka gonne o ne a rutile morwawe Dikwalo go tloga fa a ne a le losea le fa gone monna wa gagwe e ne e se Mokeresete