Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Nna Kutlo

Go Nna Kutlo

Go nna kutlo go botlhokwa go le kana kang?

Ek 19:5; Dut 10:12, 13; Mor 12:13; Jak 1:22

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • 1Sa 15:17-23​—Moporofeti Samuele o ne a kgalemela Kgosi Saulo ka gonne a ne a sa ikobele Jehofa; go tswa Samuele o ne a gatelela gore go nna kutlo go botlhokwa thata

    • Bah 5:7-10​—Le fa gone Jesu a ne a ikobela Rraagwe ka metlha, o ne a ithuta go nna kutlo mo dilong tse di botlhoko tse batho ba bangwe ba neng ba mo dira tsone fa a ne a le mo lefatsheng

Mokeresete o tshwanetse go dira eng fa motho mongwe yo o nang le taolo a mo laela gore a se ka a ikobela Modimo?

Dit 5:29

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Dan 3:13-18​—Le fa gone Bahebera ba bararo ba ne ba itse gore ba ka nna ba bolawa, ba ne ba gana go obamela setshwantsho se Kgosi Nebukadenesare a neng a se dirile

    • Mat 22:15-22​—Jesu o ne a tlhalosa gore balatedi ba gagwe ba ikobela dipuso, ntle le fa dipuso tseo di ba laela gore ba se ka ba ikobela Jehofa Modimo

    • Dit 4:18-31​—Baaposetoloi ba ne ba tswelela ba rera ba le pelokgale, le fa gone balaodi ba ne ba ba laela gore ba emise go rera

Re tshwanetse go dira eng gore re tswelele re ikobela Jehofa?

Dut 6:1-5; Ps 112:1; 1Jo 5:2, 3

Bona le Ps 119:11, 112; Bar 6:17

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Esr 7:7-10​—Moperesiti yo o ikanyegang e bong Esera o ne a baakanya pelo ya gagwe gore a kgone go tlhomela batho ba bangwe sekao sa go ikobela Molao wa Modimo le gore a kgone go o ruta ba bangwe

    • Joh 14:31​—Jesu o ne a tlhalosa lebaka la go ba a ne a dira jaaka Rraagwe a mo laetse

Ke eng se se tshwanetseng go re tlhotlheletsa go ikobela Jehofa le Jesu?

Fa re le kutlo, re bontsha jang gore re na le tumelo?

Bar 1:5; 10:16, 17; Jak 2:20-23

Bona le Dut 9:23

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Ge 6:9-22; Bah 11:7​—Noa o ne a bontsha gore o na le tumelo ka go aga araka jaaka Jehofa a ne a mo laetse, mme “o ne a dira fela jalo”

    • Bah 11:8, 9, 17​—Aborahame o ne a bontsha gore o na le tumelo ka go ikobela taelo ya a Jehofa ya gore a fuduge kwa Ure le ya gore a ntshe morwawe setlhabelo

Jehofa o solofetsa gore o tla direla batho ba ba mo ikobelang eng?

Jer 7:23; Mat 7:21; 1Jo 3:22

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Lef 26:3-6​—Jehofa o solofetsa batho ba ba mo ikobelang gore o tla ba segofatsa le go ba tlhokomela

    • Dip 13:30, 31; 14:22-24​—E re ka Kalebe a ne a le kutlo, Jehofa o ne a mo segofatsa

Fa re se kutlo, re tla diragalelwa ke eng?

Bar 5:19; 2Bt 1:8, 9

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Ge 2:16, 17; 3:17-19​—E re ka Adame le Efa ba ile ba se ka ba ikobela Jehofa Modimo, ba ne ba latlhegelwa ke legae le lentle la Paradaise, mebele e e itekanetseng le botshelo jo bo sa khutleng

    • Dut 18:18, 19; Dit 3:12, 18, 22, 23​—Jehofa o ne a bolelela pele gore go ne go tla tla moporofeti yo o fetang Moshe le gore ba ba sa mo ikobeleng ba ne ba tla tlelwa ke ditlamorago tse di botlhoko

    • Jude 6, 7​—Baengele ba ba ileng ba tlhanoga le batho ba kwa Sodoma le Gomora, ba ne ba galefisa Jehofa ka gonne ba ne ba se kutlo

Ke eng fa re tshwanetse go ikobela Jesu Keresete?

Ge 49:10; Mat 28:18

  • Pego ya Baebele e e ka go thusang:

    • Joh 12:46-48; 14:24​—Jesu o ne a tlhalosa gore batho ba ba sa ikobeleng mafoko a gagwe ba tla atlholwa botlhoko

Goreng Bakeresete ba ikobela balebedi mo phuthegong?

Goreng kgaitsadi yo o nyetsweng a tshwanetse go ikobela monna wa gagwe?

Goreng bana ba ikobela batsadi ba bone?

Dia 23:22; Bae 6:1; Bak 3:20

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Ge 37:3, 4, 8, 11-13, 18​—Fa Josefa e ne e le lekawana, o ne a ikobela rraagwe mme a ya go tlhola bomogolowe le fa gone ba ne ba mo tlhoile

    • Luk 2:51​—Jesu o ne a tswelela a le kutlo mo go Josefa le Marea le fa gone a ne a se na boleo mme bone ba na le boleo

Ke eng fa go le botlhale go ikobela mothapi wa rona tota le fa re sa bonwe ke batho ba bangwe?

Goreng Bakeresete ba tlotla dipuso?