Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Tsofala; Batsofe

Go Tsofala; Batsofe

Go direga eng fa re tsofala?

Ps 71:9; 90:10

Bona le “Kgomotso​—Bangwe ga ba kgone go dira mo go oketsegileng jaaka ba batla ka gonne ba lwala kgotsa ba tsofetse

  • Pego ya Baebele e e ka go thusang:

    • Mor 12:1-8​—Kgosi Solomone o ne a dirisa puo ya poko go tlhalosa mathata a a bakiwang ke go tsofala, a a jaaka go sa bone sentle (“bahumagadi ba ba lebang kwa ntle ka difensetere ba fitlhela go le lefifi”) le go sa utlwe sentle mo ditsebeng (“bomorwadia pina botlhe ba utlwalela kwa tlase”)

A batsofe ba ka tswelela ba itumetse le fa ba na le mathata le makoa a a bakiwang ke go tsofala?

2Bk 4:16-18; Jak 1:2-4

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • 1Sa 12:2, 23​—Le fa moporofeti Samuele a ne a tsofetse, o ne a itse gore go botlhokwa thata gore a tswelele a rapelela batho ba ga Jehofa

    • 2Sa 19:31-39​—Kgosi Dafide o ne a lebogela matsapa a ga Barisilai a go mo ema nôkeng. E re ka Barisilai a ne a le boikokobetso, o ne a bolelela Kgosi Dafide gore a ka se kgone go tsamaya le ene kwa Jerusalema ka ntlha ya botsofe

    • Ps 71:9, 18​—Fa Kgosi Dafide a ne a tshogile a akanya gore Jehofa a ka se tlhole a mo dirisa ka gonne a tsofetse, o ne a mo kopa gore a se ka a mo latlha mme a mo fe maatla a gore a tswelele a mo direla

    • Luk 2:36-38​—Moporofeti Ana yo o neng a tsofetse e bile e le motlholagadi, o ne a segofadiwa ka gonne a ne a direla Modimo ka pelo yotlhe e bile a ikanyega

Jehofa o bontsha jang gore o tsaya batsofe ba le botlhokwa?

Ps 92:12-14; Dia 16:31; 20:29; Isa 46:4; Tit 2:2-5

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Ge 12:1-4​—Fa Aborahame a ne a na le dingwaga di le 75, Jehofa o ne a mo naya kabelo e e neng e mo tlhoka gore a tswe mo nageng ya gaabo mme a se tlhole a boela teng gape

    • Dan 10:11, 19; 12:13​—Moengele o ne a etela Daniele yo o neng a na le dingwaga di ka nna 90, mme o ne a mmolelela gore o botlhokwa thata mo go Jehofa le gore o tla segofadiwa ka gonne a ikanyega

    • Luk 1:5-13​—Jehofa o ne a segofatsa Sekarea le Elisabetha ka go dira kgakgamatso ya gore ba nne le ngwana yo o bidiwang Johane le fa ba ne ba tsofetse

    • Luk 2:25-35​—Jehofa o ne a naya monnamogolo yo o bidiwang Simeone tshiamelo ya go bona losea lo lo neng lo tla nna Mesia le ya go bua boporofeti bongwe ka ngwana yoo

    • Dit 7:23, 30-36​—Moporofeti Moshe o ne a na le dingwaga di le 80 fa Jehofa a ne a mo tlhoma go nna moeteledipele wa batho ba gagwe ba Iseraele

Re tshwanetse go tshwara batsofe jang?

Lef 19:32; 1Ti 5:1

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Ge 45:9-11; 47:12​—Josefa o ne a laela gore rraagwe e bong Jakobe a ye go tsewa a tle kwa go ene, mme o ne a mo tlhokomela go fitlha a swa

    • Ru 1:14-17; 2:2, 17, 18, 23​—Ruthe o ne a ema Naomi nôkeng ka se a neng a se bua le se a neng a se dira

    • Joh 19:26, 27​—Fa Jesu a ne a le mo koteng ya tlhokofatso, o ne a kopa Johane gore a tlhokomele mmaagwe yo o neng a setse a godile

Re ka dira eng go thusa batsofe mo phuthegong?