Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Balebedi

Balebedi

Bagolwane ba tshwanetse ba bo ba tshela go dumalana le melao efe e e mo Baebeleng?

Bagolwane ba tshwanetse go tlhoma sekao se se molemo ka ditsela dife tse dingwe?

Batlhanka ba bodiredi ba tshwanetse ba bo ba tshela go dumalana le melao efe e e mo Baebeleng?

Moya wa Modimo o na le seabe sefe fa go tlhomiwa balebedi?

Dit 20:28

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Dit 13:2-5; 14:23​—Paulo le Barenabase, ba e neng e le balebedi ba ba etang, ba ne ba tlhoma bagolwane mo diphuthegong tse di farologaneng; le gompieno balebedi ba potologo ba dira se se tshwanang. Ba rapelela moya o o boitshepo ba bo ba sekaseka se Baebele e se buang ka maikarabelo a balebedi

    • Tit 1:1, 5​—Tito o ne a tsamaya mo diphuthegong tse di farologaneng a tlhoma bagolwane

Phuthego ke ya ga mang, mme mong wa yone o duetse tlhwatlhwa e e kana kang gore e nne gone?

Goreng Baebele e tlhalosa bagolwane e re ke badiredi kgotsa batlhanka?

Goreng balebedi ba tshwanetse go nna boikokobetso?

Baf 1:1; 2:5-8; 1Bt 2:6-8; 1Pe 5:1-3, 5, 6

  • Pego ya Baebele e e ka go thusang:

    • Dit 20:17, 31-38​—Moaposetoloi Paulo o ne a gopotsa bagolwane ba phuthego ya Efeso se a neng a ba diretse sone, mme ba ne ba mo lebogela tsela e a neng a ba rata ka yone

Bagolwane ba tshwanetse go tsibogela jang kaelo ya “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale”?

Ke tsela efe e e molemo e bagolwane ba ka e latelang go ruta ba bangwe?

1Ti 4:12; 1Pe 5:2, 3

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Neh 5:14-16​—E re ka Mmusi Nehemia a ne a tlotla Jehofa fela thata, o ne a sa dirise taolo ya gagwe ka tsela e e sa tshwanelang mo bathong ba Modimo, e bile o ne sa ba pateletse go mo abela se ba neng ba tshwanetse go se mo abela

    • Joh 13:12-15​—Jesu o ne a ruta balatedi ba gagwe go nna boikokobetso ka go ba tlhomela sekao

Modisa wa Mokeresete a ka bontsha jang gore o kgatlhegela mongwe le mongwe mo phuthegong?

Bagolwane ba thusa jang batho ba ba tlhokang go baakanya botsala jwa bone le Jehofa?

Bagolwane ba na le maikarabelo afe fa ba ruta?

Goreng bagolwane ba tshwanetse go tlhomamisa gore ga go na tlhotlheletso e e bosula mo phuthegong?

Bagolwane ba katisa bomang?

2Ti 2:1, 2

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Mat 10:5-20​—Jesu o ile a katisa baaposetoloi ba gagwe ba ba 12 pele ga a ba roma gore ba ye go rera

    • Luk 10:1-11​—Jesu o ne a naya barutwa ba ba 70 ditaelo tse di utlwalang sentle pele ga a ba roma gore ba ye go rera

Ke eng se se ka thusang bagolwane gore ba kgone go diragatsa maikarabelo a bone a mantsi?

1Pe 5:1, 7

Bona le Dia 3:5, 6

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • 1Dk 3:9-12​—Kgosi Solomone o ne a rapela Jehofa gore a mo fe botlhale le temogo tse a neng a di tlhoka gore a kgone go atlhola batho ga ba Jehofa

    • 2Dt 19:4-7​—Kgosi Jehoshafate o ne a tlhoma baatlhodi mo metseng ya Juda a bo a ba gopotsa gore Jehofa o tla bo a na le bone fa ba ntse ba diragatsa maikarabelo ao a a botlhokwa

Maloko a phuthego a tshwanetse go dirisana le bagolwane jang?

1Bt 5:12, 13; 1Ti 5:17; Bah 13:7, 17

Bona le Bae 4:8, 11, 12

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Dit 20:37​—Bagolwane ba kwa Efeso ga ba a ka ba tshaba go bontsha moaposetoloi Paulo gore ba a mo rata

    • Dit 28:14-16​—Fa moaposetoloi Paulo a ne a ya kwa Roma, bakaulengwe ba ba tswang kwa motseng oo ba ne ba tsamaya dikilometara di ka nna 65 ba ya go mo kgatlhantsha kwa Marekisetsong a Apio gore ba mo kgothatse