Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Bogisiwa

Go Bogisiwa

Goreng Bakeresete ba ka lebelela gore ba tla bogisiwa?

Fa re bogisiwa, goreng re tshwanetse go kopa Jehofa gore a re nonotshe?

Ps 55:22; 2Bk 12:9, 10; 2Ti 4:16-18; Bah 13:6

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • 1Dk 19:1-18​—Fa moporofeti Elija a ne a bogisiwa, o ile a tshololela pelo ya gagwe kwa go Jehofa mme Jehofa o ne a mo kgothatsa a bo a mo gomotsa

    • Dit 7:9-15​—Fa Josefa a ne a bogisiwa ke bomogolowe, Jehofa o ne a tswelela a ikanyega mo go ene, a mo golola e bile o ne a mo dirisa gore a golole ba lelapa la gaabo

Re ka bogisiwa ka ditsela dife?

Go sotliwa ka mafoko

2Dt 36:16; Mat 5:11; Dit 19:9; 1Pe 4:4

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • 2Dk 18:17-35​—Rabeshake, yo e neng e le mmueledi wa kgosi ya Asiria, o ne a tlhapatsa Jehofa a bo a sotla batho ba Jerusalema

    • Luk 22:63-65; 23:35-37​—Babogisi ba ga Jesu ba ne ba mo tlhapatsa e bile ba mo ja ditshego fa a ne a sekisiwa le fa a ne a kokotetswe mo koteng ya tlhokofatso

Go ganediwa ke ba lelapa

Go tshwarwa le go isiwa fa pele ga balaodi

Go itewa

Go tlhaselwa ke ditlhopha tsa batho

Go bolawa

Bakeresete ba tshwanetse go dira eng fa ba bogisiwa?

Mat 5:44; Dit 16:25; 1Bk 4:12, 13; 1Pe 2:23

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Dit 7:57–8:1​—Fa Setefane a ne a bolawa ke setlhopha sa batho se go neng go na le Saulo wa Tareso mo go sone, o ne a kopa Jehofa gore a itshwarele batho bao

    • Dit 16:22-34​—Le fa gone moaposetoloi Paulo a ile a itewa a bo a tsenngwa mo dikoteng tsa go golega, o ne a bontsha modisa wa kgolegelo bopelontle, mme seo se ne sa felela ka gore monna yoo le ba lelapa la gagwe ba nne Bakeresete

Bakeresete bangwe ba bogologolo ba ne ba diragalelwa ke eng?

Re tshwanetse go ikutlwa jang fa re bogisiwa?

Tsholofelo e re nang le yone e re nonotsha jang fa re bogisiwa?

Goreng re sa tshwanela go letla batho ba ba re bogisang ba dira gore re tlhabiwe ke ditlhong, re tshoge kgotsa re kgobege marapo?

Ps 56:1-4; Dit 4:18-20; 2Ti 1:8, 12

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • 2Dt 32:1-22​—Fa Kgosi Senakeribe a ne a tlile go tlhasela Jerusalema ka masole a mantsintsi, Kgosi Hesekia yo o neng a ikanyega o ne a ikaega ka Jehofa, e bile o ile a nonotsha batho ba gagwe; mme Jehofa o ne a mo segofatsa thata

    • Bah 12:1-3​—Batho ba ba neng ba bogisa Jesu ba ile ba leka go mo tlhabisa ditlhong, mme ga a a ka a letla gore pogiso eo e mo kgobe marapo

Go bogisiwa go ka nna le diphelelo dife tse di molemo?

Fa re itshoka fa re bogisiwa, seo se itumedisa Jehofa e bile se tlotlomatsa leina la gagwe

1Pe 2:19, 20; 4:12-16

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Job 1:6-22; 2:1-10​—Le fa gone Jobe a ne a sa itse gore Satane ke ene a neng a dira gore a boge, o ile a tswelela a ikanyega mo go Jehofa, mme ka go dira jalo o ne a galaletsa Jehofa a bo a bontsha gore Satane o maaka

    • Dan 1:6, 7; 3:8-30​—E re ka Hanania, Mishaele le Asaria (Shaderake, Meshake le Abedenego) ba ne ba ikanyega, ba ne ba ikemiseditse go swa go na le go tlola molao wa ga Jehofa; ka ntlha ya seo, Kgosi Nebukadenesare yo o neng a sa obamele Jehofa, o ile a galaletsa Jehofa

Fa re bogisiwa, batho ba bangwe ba ka nna ba bulegelwa ke tshono ya go ithuta ka Jehofa

Luk 21:12, 13; Dit 8:1, 4

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Dit 11:19-21​—Bakeresete ba ba neng ba tshabetse kwa mafelong a mangwe ka gonne ba ne ba bogisiwa, ba ile ba anamisa dikgang tse di molemo kwa mafelong ao

    • Baf 1:12, 13​—Moaposetoloi Paulo o ne a itumelela gore batho ba le bantsi ba ile ba utlwa dikgang tse di molemo ka gonne a ne a tsentswe mo kgolegelong

Fa re itshoka fa re bogisiwa, re ka nonotsha badumedimmogo le rona

Ke bomang ba gantsi ba tlhotlheletsang batho gore ba bogise batlhanka ba ga Jehofa?

Jer 26:11; Mar 3:6; Joh 11:47, 48, 53; Dit 25:1-3

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Dit 19:24-29​—Batho bangwe ba kwa Efeso ba ba neng ba dira medingwana, ba ne ba akanya gore molaetsa o Bakeresete ba neng ba o rera, o ne o tla diga kgwebo ya bone, ka jalo ba ne ba bogisa Bakeresete

    • Bag 1:13, 14​—Pele ga Paulo (Saulo) a nna Mokeresete, o ne a rata tumelo ya Sejuda thata mme seo se ne se dira gore a bogise Bakeresete

Ke mang yo o dirang gore batlhanka ba ga Jehofa ba bogiswe?