Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Thapelo

Thapelo

Re itse jang gore Jehofa o reetsa dithapelo tsa rona e bile o a di araba?

Ps 65:2; 145:18; 1Jo 5:14

Bona le Ps 66:19; Dit 10:31; Bah 5:7

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • 1Dk 18:36-38​—Jehofa o ne a araba thapelo ya ga moporofeti Elija ka bonako fa a ne a rapela a le kwa Thabeng ya Karemele ka nako ya fa a ne a ganetsana le baporofeti ba ga Baale

    • Mat 7:7-11​—Jesu o ne a re kgothaletsa gore re rapele re sa kgaotse a bo a re netefaletsa gore Jehofa o reetsa dithapelo tsa rona ka gonne ke Rre yo o lorato

Bakeresete ba tshwanetse go rapela mang fela?

Re tshwanetse go rapela mo leineng la ga mang?

Jehofa o reetsa dithapelo tsa bomang?

Jehofa ga a reetse dithapelo tsa bomang?

Dia 15:29; 28:9; Isa 1:15; Mik 3:4; Jak 4:3; 1Pe 3:7

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Jos 24:9, 10​—Jehofa o ne a gana go reetsa Balaame ka gonne se a neng a se kopa se ne se sa dumalane le thato ya gagwe

    • Isa 1:15-17​—E re ka batho ba ga Jehofa e ne e le baitimokanyi e bile ba bolaya ba bangwe, o ne a sa reetse dithapelo tsa bone

Ke mafako afe a gantsi re a buang kwa bowelong jwa dithapelo tsa rona, mme ka ntlha ya eng?

A Baebele e a re re tshwanetse go nna ka tsela nngwe e e rileng ka metlha fa re rapela?

Dingwe tsa dilo tse batlhanka ba Modimo ba ka di rapelelang fa ba kopane mmogo go mo obamela, ke dife?

Dit 4:23, 24; 12:5

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • 1Dt 29:10-19​—Kgosi Dafide o ne a rapela fa pele ga batho ba Iseraele fa ba ne ba tlisitse dilo tse di neng di tla dirisiwa fa go agiwa tempele

    • Dit 1:12-14​—Baaposetoloi, bomonnawe Jesu, Marea mmaagwe Jesu le basadi ba bangwe ba ba ikanyegang, ba ne ba le mo ntlwaneng e e kwa godimo kwa Jerusalem ba rapela mmogo

Fa re rapela, ke eng fa re sa tshwanela go ikgantsha kgotsa go batla go kgatlha batho ba bangwe?

A re tshwanetse go rapela pele ga re ja?

Ke eng fa re tshwanetse go rapela Jehofa ka metlha?

Bar 12:12; Bae 6:18; 1Bt 5:17; 1Pe 4:7

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Dan 6:6-10​—Daniele o ile a tswelela a rapela Jehofa a bonwa ke mongwe le mongwe le fa gone seo se ne se ka dira gore a bolawe

    • Luk 18:1-8​—Jesu o ne a dira sekai sa moatlhodi yo o sa siamang yo kgabagare a ileng a thusa motlholagadi mongwe yo o neng a mo kopa a sa kgaotse gore a tlhomamise gore o direlwa tshiamiso. Sekai seo se bontsha gore Jehofa o tla reetsa dithapelo tsa rona fa re mo kopa re sa kgaotse

Ke dilo dife tse re tshwanetseng go di dira fa re batla gore Jehofa a utlwe dithapelo tsa rona fa re mo kopa gore a re itshwarele?

2Dt 7:13, 14

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • 2Dk 22:11-13, 18-20​—Jehofa o ne a utlwela Kgosi Josia botlhoko ka gonne a ile a nna boikokobetso a bo a leka go mo itumedisa

    • 2Dt 33:10-13​—Kgosi Manase o ne a ikokobetsa a bo a kopa Jehofa gore a mo itshwarele mme Jehofa o ne a mo itshwarela a bo a mo dira kgosi gape

Re tshwanetse go dira eng fa e le gore re batla Jehofa a re itshwarela?

Ke eng fa dithapelo tsa rona di tshwanetse go bontsha gore re batla go dira thato ya Modimo?

Goreng dithapelo tsa rona di tshwanetse go bontsha gore re tshepa Rraarona yo o kwa legodimong?

Ke dilo dife tse re ka di rapelelang?

Gore leina la Modimo le itshepisiwe

Gore Bogosi Jwa Modimo bo tle go busa lefatshe

Gore thato ya ga Jehofa e diragadiwe

Gore Jehofa a re fe dilo tse re di tlhokang

Gore Jehofa a re itshwarele maleo

Gore Jehofa a re thuse re se ka ra raelesega go dira bosula

Re ka leboga Jehofa

Re rapelela gore re itse se Modimo a se batlang, re se tlhaloganye le gore a re fe botlhale

Dia 2:3-6; Baf 1:9; Jak 1:5

Bona le Ps 119:34

  • Pego ya Baebele e e ka go thusang:

    • 1Dk 3:11, 12​—Kgosi Solomone o ne a kopa Jehofa gore a mo fe botlhale, mme Jehofa o ne a mo naya botlhale jo bogolo thata

Re ka kopa moya o o boitshepo

Re ka rapelela badumedimmogo le rona, go akaretsa le ba ba bogisiwang

Re ka baka Jehofa

Ps 86:12; Isa 25:1; Dan 2:23

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Luk 10:21​—Jesu o ne a rapela Jehofa phatlalatsa a mmaka ka gonne a dirile gore batho ba ba boikokobetso ba itse boammaaruri

    • Tsh 4:9-11​—Baengele ba ga Jehofa ba a mo tlotla e bile ba a mo galaletsa

Re ka rapela Jehofa gore a nolofatse dipelo tsa balaodi gore ba se ka ba re kgoreletsa go mo obamela le go rerela batho

A go siame gore re rapele fa re kolobediwa?

A go siame gore re rapelele batho ba botsala jwa bone le Jehofa bo koafetseng?

Goreng gantsi banna ba rapela ba sa rwala mo tlhogong, mme goreng basadi ka dinako tse dingwe ba rapela ba rwele mo tlhogong?

Fa re rapela, ke eng se Modimo a se tsayang se le botlhokwa thata, go rapela dithapelo tse di telele kgotsa go mo rapela go tswa pelong?

Dik 3:41; Mat 6:7

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • 1Dk 18:25-29, 36-39​—Fa moporofeti Elija a ne a ganetsana le baporofeti ba ga Baale, baporofeti bao ba ne ba rapela Baale gangwe le gape, mme o ne a se ka a ba araba

    • Dit 19:32-41​—Fa batho ba kwa Efeso ba ba dirang medingwana ba ne ba goa modimo wa bone wa mosadi e bong Aretemise ka lobaka lwa diura di le pedi, o ne a se ka a ba araba mme mokwaledi wa ditiragalo o ne a ba laela gore ba didimale