Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Rera Dikgang Tse di Molemo

Go Rera Dikgang Tse di Molemo

Goreng Bakeresete ba boammaaruri ba bolelela ba bangwe se ba se dumelang?

Jesu o ne a tsaya tiro ya go rera e le botlhokwa go le kana kang?

Luk 8:1; Joh 18:37

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Luk 4:42-44​—Jesu o ne a tlhalosa gore o ne a rometswe mo lefatsheng go tla go rera

    • Joh 4:31-34​—Jesu o ne a tshwantsha tiro ya gagwe ya go rera le dijo

A banna ba ba nang le maikarabelo mo phuthegong ke bone fela ba ba tshwanetseng go rera dikgang tse di molemo?

Ps 68:11; 148:12, 13; Dit 2:17, 18

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • 2Dk 5:1-4, 13, 14, 17​—Mosetsanyana wa Moiseraele o ne a bolelela mosadi wa ga Naamane ka moporofeti wa ga Jehofa e bong Elisha

    • Mat 21:15, 16​—Fa bana ba bannye ba ne ba baka Jesu kwa tempeleng, baperesiti ba bagolo le bakwadi ba ne ba kgopisega mme Jesu o ne a kgala banna bao

Balebedi ba na le seabe sefe mo go rereng dikgang tse di molemo le mo go ruteng ba bangwe?

Jehofa le Jesu ba re thusa jang gore re kgone go rera dikgang tse di molemo?

2Bk 4:7; Baf 4:13; 2Ti 4:17

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Dit 16:12, 22-24; 1Bt 2:1, 2​—Le fa gone moaposetoloi Paulo le ditsala tsa gagwe ba ne ba bogisiwa, Modimo o ne a ba thusa gore ba tswelele ba rera ba le pelokgale

    • 2Bk 12:7-9​—Le fa gone moaposetoloi Paulo a ne a na le “mmitlwa mo nameng,” o gongwe e neng e le mathata a botsogo, o ne a rera ka matlhagatlhaga ka gonne Jehofa o ne a mo naya maatla gore a tswelele ka tiro eo

Ke mang yo o dirang gore motho a tshwanelege go rera le phuthego, mme o dira seo jang?

1Bk 1:26-28; 2Bk 3:5; 4:13

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Joh 7:15​—Batho ba ne ba gakgamaditswe ke kitso e kgolo e Jesu a neng a na le yone mme gone a sa tsena dikolo tsa borabi

    • Dit 4:13​—Le fa gone baaposetoloi ba ga Jesu ba ne ba tsewa e le batho fela ba ba tlwaelegileng e bile ba sa rutega, ba ne ba sa tshabe go rera ba le pelokgale

Re itse jang gore Jehofa o batla gore re katise ba bangwe gore ba kgone go rera le go ruta?

Mar 1:17; Luk 8:1; Bae 4:11, 12

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Isa 50:4, 5​—Pele ga Jesu a tla mo lefatsheng, Jehofa o ne a mo katisa

    • Mat 10:5-7​—Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, o ne a katisa barutwa ba gagwe a le pelotelele gore ba tswelele ba rera dikgang tse di molemo

Re tshwanetse go leba jang kabelo e re e neilweng ya go rera dikgang tse di molemo?

Re ikutlwa jang fa re rera dikgang tse di molemo?

Ke dilo dife tse re buang ka tsone fa re rera dikgang tse di molemo?

Goreng Bakeresete ba senola dithuto tsa maaka?

2Bk 10:4, 5

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Mar 12:18-27​—Jesu o ne a dirisa mabaka a a tswang mo Dikwalong go bontsha Basadukae gore ba phoso go bo ba sa dumele gore baswi ba tla tsosiwa

    • Dit 17:16, 17, 29, 30​—Moaposetoloi Paulo o ne a ntsha mabaka a a utlwalang go bontsha Baathena gore go obamela medingwana go phoso

Tiro ya go rera e dirwa jang?

Ke eng fa re rera kwa mafelong a batho botlhe?

Ke eng fa re tlhoka go nna pelotelele le go sa ineele fa re rera?

Go nna le diphelelo dife fa motho a batla go itse mo go oketsegileng?

Goreng Mokeresete a tshwanetse go nna a ipaakanyeditse go rera nako nngwe le nngwe fa tshono e tlhaga?

1Bk 9:23; 1Ti 2:4; 1Pe 3:15

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Joh 4:6, 7, 13, 14​—Le fa gone Jesu a ne a lapile, o ile a rerela mosadi wa Mosamarea dikgang tse di molemo kwa sedibeng

    • Baf 1:12-14​—Le fa gone moaposetoloi Paulo a ne a tsentswe mo kgolegelong, o ne a dirisa ditshono tse a neng a di bona go rera le go kgothatsa ba bangwe

A re tshwanetse go lebelela gore mongwe le mongwe a reetse molaetsa wa rona?

Joh 10:25, 26; 15:18-20; Dit 28:23-28

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Jer 7:23-26​—Jehofa o ne a dirisa moporofeti Jeremia go tlhalosa gore batho ba gagwe ba ne ba gana go reetsa molaetsa wa gagwe gangwe le gape

    • Mat 13:10-16​—Jesu o ne a tlhalosa gore fela jaaka mo motlheng wa ga Isaia, batho ba le bantsi ba ne tla gana molaetsa o a neng a o rera

Ke eng fa re sa gakgamale fa batho ba sa batle go re reetsa?

Re itse jang gore bangwe kwa tshimologong ba tla reetsa mme moragonyana ba bo ba sa tswelele ka go ithuta?

Ke dikai dife tse di re thusang gore re se ka ra gakgamala fa bangwe ba le kgatlhanong le tiro ya rona ya go rera?

Re dira eng fa batho ba leka go re thibela go rera?

Goreng re ka tlhatswega pelo gore bangwe ba tla amogela dikgang tse di molemo?

Ke eng se Modimo a se lebeletseng mo bathong ba ba itseng dikgang tse di molemo?

Goreng re tshwanetse go rerela batho ba madumedi otlhe, ba ditso tsotlhe le ba ditšhaba tsotlhe?

A go phoso go rera ka malatsi otlhe a beke, go akaretsa le ka Sabata?

Ke dikai dife tse di bontshang gore re tshwanetse go rerela batho botlhe, tota le fa ba na le Baebele e bile ba na le bodumedi jwa bone?