Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Ikwatlhaya

Go Ikwatlhaya

Goreng batho botlhe ba tlhoka go ikwatlhaela maleo a ba a dirileng ba bo ba kopa Jehofa gore a ba itshwarele?

Bar 3:23; 5:12; 1Jo 1:8

Bona le Dit 26:20

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Luk 18:9-14​—Jesu o ne a dira setshwantsho se se bontshang gore re tshwanetse go ipolela maleo a re a dirileng re bo re kopa Modimo gore a re thuse

    • Bar 7:15-25​—Le fa gone Paulo e ne e le moaposetoloi yo o nang le tumelo e e nonofileng, o ne a utlwisiwa botlhoko ke gore o sa ntse a lwantsha dikeletso tsa go dira se se bosula

Jehofa o ikutlwa jang ka batho ba ba ikwatlhayang?

Esk 33:11; Bar 2:4; 2Pe 3:9

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Luk 15:1-10​—Jesu o ne a dira setshwantsho go bontsha gore Jehofa le baengele ba a itumela fa moleofi a ikwatlhaya

    • Luk 19:1-10​—Jesu o ne a itshwarela Sakaio fa a ne a bontsha gore o swabela go bo a ile a tseela batho madi ka dikgoka fa a phutha lekgetho

Re ka bontsha jang gore re ikwatlhaile go tswa pelong?

Kitso ya boammaaruri e thusa jang motho yo o ikwatlhaileng go tswa pelong?

Bar 12:2; Bak 3:9, 10; 2Ti 2:25

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Dit 17:29-31​—Moaposetoloi Paulo o ne a tlhalosetsa Baathena gore lebaka la go bo ba obamela medingwana ke gore ga ba na kitso, mme o ne a ba kgothaletsa gore ba ikwatlhaye

    • 1Ti 1:12-15​—Pele ga moaposetoloi Paulo a nna le kitso ya boammaaruri, o ne a dirile maleo a a masisi

Go ikwatlhaya go botlhokwa go le kana kang?

Ke eng se se re tlhatswang pelo gore fa re ikwatlhaya, Jehofa o tla re itshwarela le fa re leofa makgetlo a le mantsi?

Jehofa o dirisana jang le batho ba ba ipolelang maleo a bone ba bo ba fetola tsela e ba neng ba tshela ka yone?

Re itse jang gore go ikwatlhaya ga se kgang fela ya go bua o re o a ikwatlhaya kgotsa go nna le maikutlo a go swabela se o se dirileng?

2Dt 7:14; Dia 28:13; Esk 18:30, 31; 33:14-16; Mat 3:8; Dit 3:19; 26:20

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • 2Dt 33:1-6, 10-16​—Le fa gone Kgosi Manase a ile a dira dilo tse di bosula ka lobaka lo loleele, o ne a bontsha gore o ikwatlhaile go tswa pelong ka go nna boikokobetso, ka go rapela a sa kgaotse le ka go fetola ditsela tsa gagwe

    • Ps 32:1-6; 51:1-4, 17​—Kgosi Dafide o ne a utlwisiwa botlhoko thata ke go bo a leofetse Jehofa mme o ile a bontsha gore o ikwatlhaile ka go mmolelela maleo a gagwe a bo a mo a kopa gore a mo itshwarele

Fa batho ba ba re leofetsng ba ikwatlhaya, goreng re tshwanetse go ba itshwarela?