Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Rarabolola Dikgotlhang

Go Rarabolola Dikgotlhang

Fa mongwe a re kgopisitse, goreng re tshwanetse go tila go galefa kgotsa go ipusolosetsa?

Dia 20:22; 24:29; Bar 12:17, 18; Jak 1:19, 20; 1Pe 3:8, 9

  • Dipego tsa Baebele tse di go thusang:

    • 1Sa 25:9-13, 23-35​—Fa Nabale a ne a tlhapatsa Dafide le banna ba gagwe a bo a gana go ba fa dijo, Dafide o ne a tseega maikutlo a bo a dira tshwetso ya go ya go bolaya Nabale le banna ba gagwe, le fa go ntse jalo Abigaile o ne a naya Dafide kgakololo e e neng ya mo thusa gore a tile go ipusolosetsa

    • Dia 24:17-20​—Jehofa o ne a tlhotlheletsa Kgosi Solomone go re tlhagisa gore ga re a tshwanela go itumela fa baba ba rona ba boga, mme re tshwanetse go tshepa gore Jehofa o tla otlhaya badirabosula

Fa Mokeresete a na le kgotlhang le yo mongwe, a o tshwanetse go tila go bua le motho yoo kgotsa go mo tshwarela sekgopi?

Lef 19:17, 18; 1Bk 13:4, 5; Bae 4:26

  • Pego ya Baebele e e ka go thusang:

    • Mat 5:23, 24​—Jesu o ne a tlhalosa gore re tshwanetse go dira sotlhe se re ka se kgonang go agisana le mokgaulengwe yo re mo kgopisitseng

Re tshwanetse go dira eng fa mongwe a re utlwisitse botlhoko?

Goreng re tshwanetse go itshwarela le batho ba ba re leofelang gangwe le gape fa ba ikwatlhaya go tswa pelong?

Fa e le gore modumedimmogo le rona o re diretse boleo jo bo masisi jo re ka se kgoneng go bo itlhokomolosa, ka sekai fa e le gore o re sentse leina kgotsa o re diretse boferefere, ke mang yo o tshwanetseng go bua le ene, mme ka ntlha ya eng?

Fa motho yo o re sentseng leina kgotsa yo o re diretseng boferefere a sa batle go ikwatlhaya, re tshwanetse go dira eng?